Nyangana
Nyangana | |
|---|---|
| Lua error in Module:Location_map at line 522: Unable to find the specified location map definition: "Module:Location map/data/Namibia" does not exist. | |
| Coordinates: 18°00′S 20°41′E / 18.000°S 20.683°ECoordinates: 18°00′S 20°41′E / 18.000°S 20.683°E | |
| Lefatshe | |
| Dikgaolo tsa Namibia | Botlhaba jwa Kavango |
| Time zone | UTC+2 (SAST) |
Nyangana ke motse o o kwa kgaolong ya botlhophi ya Ndiyona kwa botlhaba jwa Kavango kwa kgaolong ya bokone botlhaba jwa Namibia, o dikhilomithara di le lekgolo kwa botlhaba jwa Rundu. Bodiredi jwa Roma kwa Nyangana bo mo motseng o.[1]
Ditso
[fetola | Fetola Motswedi]Motse o o reeletswe ka Nyangana kgosi ya morafe wa Gciriku.[2]
Barongwa ba Roma ba tlhamile bodiredi jwa Nyangana ka 1919, morago ga gore ba patelediwe go tswa kwa bodireding jwa Andara ka 1908, e le maduo a go thunya ga tlhobolo ka phoso. Kgosi Libebe o ne a shakgaletse barongwa ba koo.[2]
Nyangana o tlhamilwe e le maemelo a bodiredi ke Joseph Gotthardt ka thomo ya bosula ya Roma kwa Kavango. Maeto a pele a marataro a ne a seka a atlega. Nyangana e ne ya nna lefelo la botshabelo la ma Roma kwa Kavango. Andara o ne a tlhamiwa, ka 1913, ke Gotthardt.[2] Gottharst morago o ne a nna moruti wa South West Africa.
Nyangana gompieno
[fetola | Fetola Motswedi]Mo motseng o, go na le sekolo se se kopaneng se le sengwe fela le sepatela se se ikemetseng sa Roma.Sepatela se se tlhamilwe ka 1936 ke makgarejwana a kwa Tutzing, e ne e le sone fela sepatela mo kgaolong yotlhe ya Kavango.[1]
Motse o o na lefelo la itloso bodutu le la banana.Tikologo e na le dikgwa tsa mesu.
Batho ba tlhwatlhwa
[fetola | Fetola Motswedi]- John Mutorwa, tona wa temothuo, metsi le dikgwa wa Namibia fa e sale 2010.[3]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 "Vicariate of Rundu". Roman Catholic Church. Retrieved 21 October 2025
- 1 2 3 Peltola, Matti (1958). Sata vuotta suomalaista lähetystyötä 1859–1959. II: Suomen Lähetysseuran Afrikan työn historia [‘One Hundred Years of Finnish Missionary Work 1859–1959. II: The History of FMS’s Missionary Work in Africa’]. Helsinki: The Finnish Missionary Society. pp. 216–218.
- ↑ John Mutorwa at Namibia Institute for Democracy Archived February 17, 2012, at the Wayback Machine