Jump to content

Nyokabi Kenyatta

Go tswa ko Wikipedia
Nyokabi Kenyatta
TsaloPhatwe a le masome mabedi le bobedi ngwaga wa 1963
LetsoKenyan
Alma materNorthwestern University
TiroMogwebi
O itsegi kaPandora papers, Mopelotlhomogi
Batsadi(s)Jomo Kenyatta Ngina Kenyatta

Anna Nyokabi Muthama Kenyatta (o o tshotsweng ka Phatwe a le masome mabedi le bobedi ngwaga wa 1963)[1] ke mogwebi le motho o o ratang batho wa kwa Kenya, ke ngwana wa ga tautona wa ntlha wa kenya Jomo Kenyatta, o a neng a eteletse pele lefatshe la Kenya mo ntweng ya boipuso kgatlhanong le Britain, morago a etelela pele lefatshe go tswa kwa 1964 go tsena 1978.[2][3] Ka 2004, go ya ka Kenya Business Directory, o tlhamile Manda Orchids, tshimo e e itebagantseng le go lema dithunya, e e kwa legare la Kenya kwa dithabeng ts Mt. Kenya.[4][5] Ka Ngwanatsele 2014, o ne a tlhama ebile e santse e el mogogi wa Kenyatta Trust, lekgotla le le sa direng dipoelo le le kwadisitsweng kwa Kenya, le ba ba le jang dikatso e leng baithuti ba ba tswang kwa malwapeng a a sa itsholelang.[6][7]

Lolwapa le thuto

[fetola | Fetola Motswedi]

Anna Nyokabi Muthama Kenyatta o tsholetswe kwa Nairobi, Kenya, o tsene sekolo kwa Northwestern University.[8][9] Ke mongwe wa maloko a lolwapa lwa Kenyatta ba ba kwadilweng mo pampiring ya Pandora. Mo pegong, go bolelwa fa ene le mmaagwe, bomonnawe le kgaitsadie Uhuru Kenyatta, ba na le khumo ya dingwaga di le amsome mane e e seng mo pontsheng ka makgotla le dikompone tse di dirisang makgetho a batho di akaretsa Panama, e e nang le dithoto tsa didikadike di le masome a mararo a di dolara, go ya ka dipego tse di bonweng ke babegadinkgang ba lekgotla la mafatshefatshe la dipatlisiso, tse di anameng le babegadikgang le makgotla a bobegadikgang a le makgolo a marataro lefatshe ka bophara.[10]

  1. Nyokabi Kenyatta Joins Uhuru's Campaigns August 21, 2018
  2. Kenyatta: Kenya's First President|publisher=African History
  3. Jamhuri Magazine: First Lady Team Biographies December 3, 2018
  4. [1] Mandaorchids.com] February 26, 2019
  5. Jamhuri Magazine: First Lady Team Biographies December 3, 2018
  6. The Kenyatta Trust 26 February 2019
  7. President's Sister Nyokabi Muthama 11 November 2016
  8. http://jamhurimagazine.com/index.php/mobile/kenya/4679-president-kenyatta-congratulates-first-lady-margaret-after-london-marathon-finish.html [de
  9. The Big, the smaLL and the hidden: Inside the Kenyatta Family Line 06 November 2016
  10. [2] Archived January 5, 2024, at the Wayback Machine