Obakeng Kamberuka
Obakeng Kamberuka (o tshotswe ka kgwedi ya Lwetse e le borobabobedi ka ngwaga wa dikete tse pedi leboraro(2003) ke motshameki wa lebelo go tswa Botswana. O ne a nna mmampodi wa bosetšhaba wa Botswana ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le borataro( 2026) mme o ne a gapa sekgele sa selefera mo metareng e le makgolo a mane kwa Dikgaisanyong tsa Aforika tsa ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le borataro (2026).Ngwaga oo, o ne a nna mmamoratwa wa Botswana mo metshamekong ya 200 metres. [1]
Ditso
[fetola | Fetola Motswedi]Ka kgwedi ya Phatwe ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le boraro (2023), o ne a taboga jaaka karolo ya setlhopha sa Botswana sa relay kwa Metshamekong ya Lefatshe ya Metshameko ya Maatla ya ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le boraro (2023) kwa Budapest, Hungary.[2][3]
Ka kgwedi ya Mopitlwe ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le bone (2024),o ne a gapa dimetlele tsa selefera mo metshamekong ya 4 × 400 m relay,[4][5]le dimetlele tsa boronse mo metshamekong ya basadi ya 4 × 400 m relay kwa Metshamekong ya Aforika ya 2023 kwa Accra, Ghana.[6] O ne a taboga jaaka karolo ya Botswana Mixed 4 × 400 m relay team kwa 2024 World Relays Championships kwa Nassau, Bahamas[7]. O ne a gapa dimetlele tsa boronse mo metshamekong ya 4 × 400 m ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le bone (2024) kwa Douala, Cameroon. [8]
Ka kgwedi ya Moranang ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le borataro (2026),o ne a taboga mo metsotswaneng e le 50.97 go fenya sekgele sa dimetara di le makgolo a mane kwa Botswana Championships ya 2026.[9][10]Ka kgwedi ya Motsheganong ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le borataro (2026), o ne a emela Botswana kwa 2026 World Athletics Relays kwa Gaborone, Botswana, mme e ne e le karolo ya setlhopha se se kopaneng sa 4 × 400 m relay se se tlhomileng rekoto e ntšhwa ya bosetšhaba ya 3:13.51.[11][12]O ne gape a taboga mo kgaisanong ya basadi ya 4 × 400 metres relay kwa dikgaisanyong tsa bommampodi. [13] Moragonyana mo kgweding eo, o ne a gapa sekgele sa selefera mo metareng e le 400 kwa Metshamekong ya Aforika ya 2026 kwa Accra. [14][15]Mo kgweding e e latelang, o ne a tlhoma rekoto ya bosetšhaba ya Botswana mo dimetareng tse makgolo a mabedi ka metsotswana e le 22.79 kwa Gaborone.[16]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Obakeng Kamberuka". World Athletics. Retrieved 15 May 2026.
- ↑ World Athletics Championships, Budapest 2023". World Athletics. 27 August 2023. Retrieved 15 May 2026.
- ↑ Kolantsho, Calistus (August 12, 2023). "Moroko makes surprise return to relay team". mmegi.bw. Retrieved 15 May 2026.
- ↑ "African Games". World Athletics. 18 March 2024. Retrieved 16 June 2024
- ↑ Mlilo, Portia (31 March 2024). "Relay rockets". thevoicebw. Retrieved 15 May 2026.
- ↑ "African Games". World Athletics. 18 March 2024. Retrieved 16 June 2024.
- ↑ Mixed 4x400m Results - World Athletics Relays Championships 2024". Watch Athletics. 5 May 2024. Retrieved 12 May 2024.
- ↑ Mixed relay team wins bronze". dailynews.gov.bw. Retrieved 15 May 2026
- ↑ Kolantsho, Calistus (April 13, 2026). "Coach hopeful of a strong women's relay team". mmegi.bw. Retrieved 15 May 2026.
- ↑ Botswana Championships". World Athletics. 3 April 2026. Retrieved 15 May 2026.
- ↑ Omogbeja, Yomi (May 3, 2026). "Day 2 – Debswana World Athletics Relays Gaborone 26". Athletics.Africa.
- ↑ https://worldathletics.org/competitions/world-athletics-relays/gaborone26/results/mixed/4x400-metres-relay/world-ch-qualifying-round-2/startlist
- ↑ World Athletics Relays". World Athletics. 3 May 2026. Retrieved 20 May 2026.
- ↑ Historic firsts define opening days of African Championships in Accra". World Athletics. Retrieved 15 May 2026.
- ↑ African Athletics Championships 2026: Lee Eppie leads Botswana charge as Day 3 delivers first medals for hosts Ghana". Olympics.com. 14 May 2026. Retrieved 15 May 2026.
- ↑ The Village Power Shot". World Athletics. 27 June 2026. Retrieved 28 July 2026.