Odibo
Odibo ke motse o o kwa bokone jwa Namibia gaufi le molelwane wa Angola o o itsegeng ka thomo ya one ya Anglican ya St. Mary. Ke motse wa kgaolo ya botlhophi ya Oshikango kwa kgaolong ya Ohangwena. Odibo gape ke ofisikgolo ya kereke ya Anglican ya Namibia.[1]
Motse wa Odibo o kwa godimo ga sediba se segolo se se kwa tlase ga lefatshe. Go thubega ga dikago tsa mmu le matlapa go bakiwa ke se. Kgosana ya motse ke Charles Namoloh, o eleng tona wa tsa kgaolo, matlo le tlhabololo.[2]
Ditso
[fetola | Fetola Motswedi]Thomo ya St Mary kwa Odibo e tlhamilwe ka Phatwe ngwaga wa 1924 ke George Tobias, Nelson Fogarty le moruti White wa Anglican o a neng a na le tiro ya go tlhoma bodiredi jwa Ovamboland.[3] Setlhare se ba neng ba kampile kwa gos one pele ga ba simolola tiro gompieno se itsege jaaka setlhare sa Tobias.[3] Bodiredi bo ne bo na le kereke, sepatela le sekolo, sekolo se segolwane le sekolo sa boruti.
Sekolo sa St Mary se berekile go fitlhelela ka 1979 fa se tswalwa ke batsamaisa puso ba kolone ba Aforika Borwa.[4] Batho ba maemo ba akaretsa molweladitshwanelo James Kauluma,[5] leloko la khansele Michael Hishikushitja,[6] moeteledipele wa People's Liberation Army of Namibia Peter Mweshihange,[7] mopalamente wa Ovamboland Peter Kalangula[8] le tona wa tsa mafatshe a sele Netumbo Nandi-Ndaitwah, ba tsene sekolo se.[9]
Ka nako ya ntwa ya boipuso ya Namibia, sekolo sa boruti se ne sa thuntshiwa ka 1981 ke sesole sa Aforika Borwa.[10]
Thuto
[fetola | Fetola Motswedi]Go na le dikolo di le pedi mo motseng o, sa St. Mary;s Odibo High School, le sa Odibo Combined School.[11] Go na gape le lefelo la botaki la kereke ya Lutere, le le tlhamilweng ke mongwe wa bataki ba Namibia o o itsegeng thata[12] John Muafangelo, ka dingwaga tsa 1970.[13]
Batho
[fetola | Fetola Motswedi]Barwa le bana ba basetsana ba motse o ba akaretsa:
- Hidipo Hamutenya, moeteledipele wa pele wa kganetso[14]
- Charles Namoloh, tona wa tsa tshireletso[15]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Archdeaconry of Odibo". Anglican Church of Southern Africa. Archived from the original on 8 January 2014. Retrieved 06 October 2025.
- ↑ Shivute, Oswald (8 January 2014). "Land cracks shock Odibo villagers". The Namibian. p. 3. Archived from the original on 06 October 2025.
- 1 2 "Inventory: AB934 – George Wolfe Robert Tobias Papers 1882–1970". University of the Witwatersrand. Retrieved 06 October 2025
- ↑ Shiremo, Shampapi (4 November 2011). "Michael Hishikushitja: An effective and eloquent Parliamentarian of the National Council (1953–2001)". New Era. Archived from the original on 27 May 2012.
- ↑ James Kauluma: A warrior for justice (1933 to 2007) New Era, 12 February 2010
- ↑ Shiremo, Shampapi (4 November 2011). "Michael Hishikushitja: An effective and eloquent Parliamentarian of the National Council (1953–2001)". New Era. Archived from the original on 27 May 2012.
- ↑ Sasman, Catherine (2 October 2009). "Peter Mweshihange: Man of all seasons (1931 to 1998)". New Era. Archived from the original on 31 March 2012.
- ↑ "Laaste eer by Kalangula se graf" [Last Honour at Kalangula's Grave]. Die Republikein. 3 March 2008. Archived from the original on 3 March 2016. Retrieved 06 October 2025
- ↑ Hopwood, Graham. "Who's Who, entry for Netumbo Nandi-Ndaitwah". Namibia Institute for Democracy. Archived from the original on 11 June 2011. Retrieved 06 October 2025.
- ↑ Hovey, Gail (1982). Namibia's stolen wealth (PDF). The Africa Fund. p. 13. Archived from the original (PDF) on 30 November 2011.
- ↑ "Ohangwena Schools". Association of Regional Councils in the Republic of Namibia. Archived from the original on 8 January 2014. Retrieved 06 October 2025.
- ↑ Clewing, Ulrich. "Uneasy memories". culturebase.net. Archived from the original on 8 January 2014. Retrieved 06 October 2025.
- ↑ "John Ndevasia Muafangejo (1943–1987)". lifewithart.com. Retrieved 16 October 2025.
- ↑ Hopwood, Graham. "Who's Who, entry for Hamutenya, Hidipo – Swapo". Guide to Namibian Politics. Namibia Institute of Democracy (NID). Archived from the original on 20 December 2012. Retrieved 06 October 2025.
- ↑ Hopwood, Graham. Guide to Namibian Politics, 2007 edition. Namibia Institute for Democracy, Windhoek, 2007 Archived 22 July 2011 at the Wayback Machine