Jump to content

Ofentse Bakwadi

Go tswa ko Wikipedia

 Ofentse Bakwadi motshameki wa karate wa Botswana. O ne a emela Botswana kwa Metshamekong ya Aforika ya ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le borobabongwe (2019) mme a gapa nngwe ya dimetale tsa boronse mo kgaisanong ya banna ya kata. [1]Gape o ne a gapa mongwe wa dimetlele tsa boronse mo kgaisanong ya setlhopha sa banna sa kata.[1]

Ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le borobabobedi (2018), o ne a gaisana mo kgaisanong ya kata ya banna kwa World Karate Championships e e neng e tshwaretswe kwa Madrid, Spain. [2]

Ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le borobabongwe (2019), o ne gape a gaisana kwa African Beach Games e e neng e tshwaretswe kwa Sal, Cape Verde koo a neng a gapa mongwe wa dimetlele tsa boronse mo kgaisanong ya banna ya kata. [3]Gape o ne a gapa sekgele sa selefera mo kgaisanong ya banna ya kata. [4]Kwa ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le borobabongwe (2019 )African Karate Championships e e neng e tshwaretswe kwa Gaborone, Botswana, o ne a gapa mongwe wa dimetlele tsa boronse mo kgaisanong ya banna ya kata. Mo go one ngwaga oo, o ne gape a gaisana mo kgaisanong ya kata ya banna ka bongwe kwa Metshamekong ya Lefatshe ya ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le borobabongwe (2019)e e neng e tshwaretswe kwa Doha, Qatar mme a se ka a gapa sekgele. [5]

  1. 1 2 "Karate Results" (PDF). 2019 African Games. Archived (PDF) from the original on 26 April 2020. Retrieved 26 April 2020
  2. "Results Book" (PDF). 2018 World Karate Championships. Archived (PDF) from the original on 26 November 2020. Retrieved 30 December 2020
  3. Pavitt, Michael (14 June 2019). "Morocco earn karate titles as African Beach Games begin in Cape Verde". InsideTheGames.biz. Retrieved 26 April 2020
  4. Etchells, Daniel (12 July 2019). "Morocco win all four kata gold medals as African Karate Championships begin". InsideTheGames.biz. Retrieved 26 April 2020.
  5. Karate Results Book" (PDF). 2019 World Beach Games. Archived (PDF) from the original on 1 June 2020. Retrieved 1 June 2020