Okahandja
Okahandja ke toropo[1] e e nnang batho ba le dikete di le masome mane le botlhano, lekgolo, masome a matlhano le borobabongwe kwa kgaolong ya Otjozondjupa, kwa legareng la Namibia, ke yone toropokgolo mo kgaolong ya botlhophi ya Okahandja. E itsege jaaka toropo ya tshimo ya Namibia. E dikhilomithara di le masome a supa kwa bokone jwa Windhoek mo tseleng ya B1. E tlhamilwe ka dingwaga tsa 1800, ke ditlhopha tse pedi tsa mo gae, ebong BaHerero le BaNama.[2]
Ditso
[fetola | Fetola Motswedi]Mo puong ya Herero, Okahandja o raya lefelo le dinoka tse pedi di kopanelang mo go lone, dinoka tseo e le Okakango le Okamita.[3]
Moruti wa mo Jeremane, Heinrich Schmelen o nnile mo Yuropa wa ntlha go etela toropo eo ka 1827. [4]Ka ngwaga wa 1844, barongwa ba le babedi ba ne ba neelwa toropo eo ga sennela ruri, Heinrichn Kleinschmidt le Hugo Hahn. Kereke e simologile ka nako yone eo. Go ne ga tlhomiwa lefelo la sesole ele kakanyetso ya ga Theodor Leutwein ka 1894, ke letsatsi le le lemogiwang ele le toropo e simologileng ka lone.[5]
Palo ya batho ba Namibia ba ba botlhokwa mo ditsong ba bolokilwe kwa Okahandja, mo go bone go na le Maharero, Jan Jonker Afrikaner, Hosea Kutako le Clemens Kapuuo.
Itsholelo
[fetola | Fetola Motswedi]Palo ya batho ba ba nnang kwa Okahandja e gola ka bofefo. E ne e le dikete di le lesome le bone ka palobatho ya 2001, mme go akanyediwa fa e fetile dikete di le masome mabedi le bone ka 2012.[6][7]
Letamo la Von Bach le kwa ntle ga toropo e. Ke lone motswedi wa bontsi jwa metsi a a nowang kwa Windhoek. Mmaraka o o mo sebatleng o kgatlha bajanala, toropo e ke yone boremelelo jwa tsamaiso ya BaHerero.
Dipalamo
[fetola | Fetola Motswedi]
Seporo sa Okahandja, se se kwa tseleng ya Windhoek - Swakopmund, se agilwe ka ngwaga wa 1902 ka nako ya puso ya bokolone ya Germany kwa South West Africa. Gompieno se mo mafaratlhatlheng a TransNamib.[8]
Thuto
[fetola | Fetola Motswedi]
Ka ngwaga wa 1870, barongwa ba kereke ya Rhenish ba ne ba tlhoma sekolo sa ntlha. Sekolo sa Augustineum se ne sa bulwa gape kwa Okahandja ka Ngwanatsele a robabongwe ngwaga wa 1905; morago se ne sa fudusediwa kwa Windhoek. Gompieno Okahandja e na le dikolo tse dipotlana di le thataro le tse dikgolwane di le pedi. Sekolo sa Namwater Vocational se se kwa ntle ga toropo, ke sone fela sa ithutelo ditiro kwa Okahandja.
National Institute for Educational Development gompieno e kwa Okahandja. E tlhamilwe morago ga boipuso e le lefelo le thuto e tlhomiwang kwa go lone, le emelela tsamaiso ya pele ya tlhaolele.
Pele sekolo sa se Jeremane sa Regierungsschule Okahandja se ne se le mo toropong e.[9]
Dikolo kwa Okahandja
[fetola | Fetola Motswedi]Okahandha Secondary School[10]
Polotiki
[fetola | Fetola Motswedi]Toropo ya Okahandja e mo taolong ya khansele ya mmasepala e e nang le kemedi ya batho ba supa.[11]
Mo ditlhophong tsa 2010 kwa Okahandja, SWAPO e ne ya fenya ka 62% ya tlhopho. Diphathi tse dingwe tse tlhano tse di neng di batla tlhopho go ne go na le Rally for Democracy and Progress (RDP) e e amogetseng 13% wa tlhopgo, e salwa morago ke United Democratic Front (UDF 8%), United People's Movement (UPM 7%), National Unity Democratic Organization (NUDO 6%) le Democratic Turnhalle Alliance (DTA 2%).[12] Ditlhopho tse di ne tsa fenngwa ke SWAPO gape e e neng ya iponela ditilo di le tlhano le ditalama di le dikete pedi, makgolo a matlhano, masome a supa le bobedi. Setilo se le sengwe se ne sa ya kwa DTA le UDF ka ditalama di le makgolo a mabedi, masome a mararo le borataro le makgolo a mabedi, lesome le boraro ka go tlhomagana ga tsone.[13]
SWAPO e ne ya fenya ditlhopho tsa 2020 gape mme ya latlhegelwa ke bontsi mo khanseleng. E ne ya bona ditalama di le sekete, makgolo a robabobedi, masome a marataro le botlhano, ya iponela ditilo tse tharo. Independent Patriots for Change ( e e tlhamilweng ka Phatwe 2020 e e iponetse ditalama di le makgolo a marataro,masome a matlhano le bone, Okahandjo Rate Payers Association yone ya bone tse di makgolo a matlhano. masome a supa le bone, Landless People's Movement e e tlhamilweng ka 2016 ya bona di le makgolo a mararo. masome a supa le bosula fa UDF e bone di le makgolo a mabedi le masome a robabongwe. Tsotlhe di ne tsa iponela setilo se le sengwe, phathi nngwe le nngwe.[14]
Metshameko
[fetola | Fetola Motswedi]Kwa Okahandjo go na le metshameko e e latelang: kgwele ya dinao, bolotloa, thenase, mabelo a dipitse, mebino, mabelo...
Setlhopha sa Okahandja FC se mo diphadisanong tsa sejana sa lefatshe ka 2023.[15] Setlhopha sa kgwele se segologolo mo toropong eo ke sa Spoilers Sports Club se se tlhamilweng ka 1963 se okametswe ke Ou Boss Reinhardt Maletzky. Ka dingwaga tsa 1970, Srtlhopha sa Okahandja Club se ne se fenya diphadisanyo di le mmalwa.
Fa godimo ga foo, Liverpool Okahandja e ne ya fenya sejana sa NFA ka 1992 ld Namibia Premier Legae Champions ka 2002. Ditlhopha tse dingwe tsa mo gae di karetsa Magic Tigers. Battle Boys. Teenagers le Golden Arrows.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Local Authorities". Association of Local Authorities in Namibia (ALAN). Archived from the original on 10 June 2013. Retrieved 06 October 2025.
- ↑ "Okahandja, a town in Namibia". The Cardboard Box. Retrieved 06 October 2025.
- ↑ "Otjozondjupa Regional Council". Archived from the original on 2021-11-01. Retrieved 2025-10-06.
- ↑ Dierks, Klaus. "Biographies of Namibian Personalities, R-Z". Retrieved 06 October 2025.
- ↑ Okahandja History Okahandja.net, last accessed on 06 October 2025
- ↑ Republic of Namibia 2001 Population and Housing Census (Basic Analysis with Highlights ed.). Windhoek: Central Bureau of Statistics, National Planning Commission. July 2003. p. 21. ISBN 0-86976-614-7.
- ↑ Paulus, Paulus (24 September 2012). "Windhoek entombed in debt". New Era. allafrica.com.
- ↑ Dierks, Klaus. "The Development of the Namibian Railway Network. The Rail History Until the 1990s". www.klausdierks.com. Retrieved 6 October 2025.
- ↑ "Deutscher Bundestag 4. Wahlperiode Drucksache IV/3672" (Archived 2016-03-12 at the Wayback Machine). Bundestag (West Germany). 23 June 1965. Retrieved on 06 October 2025. p. 32/51.
- ↑ Namibian, The (2015-07-14). "The Debate Corner … Goodbye, Okahandja Secondary School". The Namibian. Retrieved 06 October 2025
- ↑ "Know Your Local Authority". Election Watch. No. 3. Institute for Public Policy Research. 2015. p. 4.
- ↑ Local Authority Election Results for Okahandja Archived 2011-07-17 at the Wayback Machine
- ↑ "Local elections results". Electoral Commission of Namibia. 28 November 2015. p. 6. Archived from the original on 10 December 2015.
- ↑ "2020 Local Authority Elections Results and Allocation of Seats" (PDF). Electoral Commission of Namibia. 29 November 2020. p. 16. Archived from the original (PDF) on 24 January 2021. Retrieved 06 October 2025.
- ↑ Wells, Chelva (14 November 2022). "We want to make it difficult for whoever visits Okahandja: Gariseb". NAMPA PR. Retrieved 06 October 2025.