Jump to content

Olebile Gaborone

Go tswa ko Wikipedia

Olebile Marakadu Gaborone (o belegwe ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a mane le bosupa (1947) ke radipolotiki wa Motswana yo o neng a dira jaaka Mokomišenara yo Mogolo wa Botswana kwa Mozambique go tloga ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le borataro go fitlha ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le borobabobedi(2016-2018), mme a direla pele mo Palamenteng ya Botswana a emela Tlokweng jaaka karolo ya Botswana National Front (2004-2009) le Botswana Democratic Party (2010-2014). Gaborone o ne gape a direla jaaka Mothusa Tona ya Puso ya Selegae le Tlhabololo ya Metsemagae go tloga ka kgwedi ya Tlhakole ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le boraro ( 2013) go fitlha ka kgwedi ya Phalane ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le bone ( 2014). [1]Gaborone o ne a aloga ka dikirii ya Bachelor of Arts mo Humanities kwa sekolong se setona sa Botswana, Lesotho le Swaziland, le dikirii ya Master in Education kwa Yunibesithing ya Manchester.

Pele ga tiro ya gagwe ya sepolotiki, Gaborone o ne a dira jaaka Mookamedi-Mogolo wa Botswana Telecommunications Corporation, jaaka motsamaisi-mogolo wa Longman Botswana, le jaaka motlhatlheledi le mokwadisi wa akhaonto ya sekolong se setona sa Botswana. [2]

  1. "MPs question the appointment of Olebile Gaborone to senior civil service position". Sunday Standard. March 26, 2015. Retrieved February 9, 2023.
  2. MR. OLEBILE MARAKADU GABORONE APPOINTED HIGH COMMISSIONER TO THE REPUBLIC OF MOZAMBIQUE". Facebook. BWgovernment. Retrieved February 9, 2023.