Jump to content

Olly Mlamleli

Go tswa ko Wikipedia
Olly Mlamleli
Ratoropo wa Mmasepala wa Toropokgolo ya Mangaung.
In office
14 Phatwe 2020  18 Phatwe 2016
Pele Ga GagweThabo Manyoni
Morago Ga GagweLebohang Masoetsa (acting)
Mxolisi Siyonzana
MEC wa Free State wa Puso ya Tirisanommogo, Merero ya Setso le Mafelo a Batho
PremierAce Magashule
Pele Ga GagweMamiki Qabathe
Morago Ga GagweLimakatso Mahasa
Ka Ga Ena
Mosetshaba waMoaforika borwa
MokgatlhoAfrican National Congress
TiroMorutabana
mopolotiki

Sarah Matawana "Olly" Mlamleli (o tshotswe ka 1957) ke mopolotiki wa Aforika Borwa yo o dirileng jaaka ratoropo wa Mmasepala wa Toropokgolo ya Mangaung go simolola ka Phatwe 2016 go fitlha ka Phatwe 2020. Leloko la African National Congress, o ne a dira jaaka Leloko la Lekgotla la Khuduthamaga le Tirisanommogo ya Lephatla la Huffattle (MEC) ka Tlhakole 2012 go fitlha ka Phatwe 2016.[1] Ka 2020, Mlamleli o ne a tlosiwa mo setulong sa go nna Ratoropo wa Mangaung mme a tshwarwa ka ntlha ya konteraka e e neng e tsosa kganetsano ya asbestos e e neng e tswa mo nakong ya gagwe le MEC.[2]

Botshelo le tiro

[fetola | Fetola Motswedi]

Mlamleli o tshotswe ka 1957 kwa Viljoenskroon kwa Orange Free State Province. O ne a ithuta kwa Mphohadi College kwa a neng a bona dikirii ya borutabana ka ngwaga wa 1976. O ne a tswelela go dira jaaka morutabana mme morago a tlhomiwa go nna mogokgo wa sekolo. O ne a bona dikirii ya Bachelor of Arts, ya Bachelors mo Thutong le ya masetase mo thutong a tlhomile mogopolo mo dikaong tsa thuto tsa United States le Japane. Ka 1996, o ne a thapiwa jaaka motsamaisi mo Lephateng la Thuto la Foreisetata. O ne a tlhophiwa go nna mokaedi mo Kantorong ya Maemo a Basadi ka 2001. Tonakgolo Beatrice Marshoff o ne a mo tlhoma go nna mogokaganyi wa Dithuso tsa Mafaratlhatlha tsa Mmasepala.[3]

Tiro ya sepolotiki

[fetola | Fetola Motswedi]

Mlamleli o tlhophilwe go nna Leloko la Lekgotla la Peomolao la Porofense ya Foreisetata ka 2009.[4] Lekgotla la peomolao le mo tlhopha jaaka modulasetilo wa komiti ya taolo ya kompone, merero ya setso le bonno jwa batho. Ka 2012, tonakgolo Ace Magashule o ne a mo tlhoma go nna MEC wa photefolio eo, a latelela Mamiki Qabathe.[5]O ne a nna mo maemong ao morago ga ditlhophokakaretso tsa 2014.[6]

Mlamleli o dirile jaaka modulasetulo wa porofense ya Liki ya Basadi ya Lekgotla la Bosetšhaba la Aforika.O tlhalosiwa jaaka mongwe yo o tsamaelanang le mokwaledi-kakaretso wa ANC le tonakgolo ya maloba Magashule.[7]

Boratoropo

[fetola | Fetola Motswedi]

Mlamleli o ne a tlhophiwa jaaka ntlhopheng wa ratoropo wa ANC wa Mmasepala wa Toropokgolo ya Mangaung.[8] ANC e ne ya boloka bontsi jwa yone mo khanseleng mo ditlhophong tsa bommasepala tsa Phatwe 2016. Ka ntlha ya moo, o ne a tlhophiwa go nna ratoropo fa lekgotla le ne le kopana gape ka 18 Phatwe.[9]O ne a nna ratoropo wa ntlha wa mosadi wa toropo.[10]Moletlo wa go tlhomamisiwa ga gagwe o ne wa tshwarwa ka Lwetse.[11]Mlamleli o ne a tlhomiwa go nna modulasetulo wa porofense ya SALGA ka Ngwanatsele 2016.[12]

Ka nako ya fa a ne a le ratoropo, setheo sa go lekanya sa Moody's se ne sa isa maemo a mmasepala kwa B3 ka Phatwe 2019, ka go bolela gore tirelo ya mmasepala e ka nna ya phutlhama fa go sena tsereganyo ya ka bonako. [13] E ne ya fokodiwa gape go nna Caa1 ka Ferikgong 2020 ka ntlha ya matshwenyego a go tlhoka madi.[14]ANC ya kgaolo e ne ya kopa gore a tlosiwe,[15] le fa go ntse jalo popego ya porofense e ne ya mo sireletsa.[16]

Puso ya porofense e beile mmasepala ka fa tlase ga tsamaiso ka Sedimonthole 2019.[17]Mlamleli o ne a falotse patlo maikutlo a mabedi a go tlhoka tshepo.[18] Ka di Phatwe e tlhola malatsi a le supa ka 2020, go ne ga tshwarwa ya boraro, e mo go yone makoko a kganetso a neng a bolela fa a tlositswe.[19]Go ne ga nna le tiego ya ntlha ka ntlha ya go tlhaela ga quorum.[20]Sebui Mxolisi Ashford o ne a itsise ka di Phatwe e tlhola malatsi a le lesome le bone gore makhanselara a le masome a mararo le bongwe a ne a tlhopha go batla maikutlo,ba le masome a mabedi le borobabobedi ba ne ba le kgatlhanong, fa ba le borobabongwe ba ne ba senya ditlhopho tsa bona, ka jalo ba tlosa Mlamleli jaaka ratoropo. Lebohang Masoetsa jaanong ke ratoropo yo o dirang tiro ya gagwe go fitlha khansele e kopana go tlhopha boeteledipele jo boša.[21]

Go latofadiwa ka tlolomolao le go tshwarwa

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka di 30 Lwetse 2020, maloko a lephatla la sepodisi sa Hawks mo Aforika Borwa a ne a tshwara Mlamleli ka ditatofatso tsa bosenyi tse di bakilweng ke konteraka e e neng e tsosa kganetsano ya asbestos e e neng ya dirwa ka nako ya fa a ne a le le MEC mme a tshwarwa kwa bokopanong bsa mapodisi sa Bainsvlei.[2]Basekisiwa ba bangwe ba ga Mlameli le bone ba ne ba tla tshwarwa.[22] Batho botlhe ba le supa ba ba latofaditsweng mo kgetsing ya bonweenwee jwa asbestos, go akaretsa le Mlamleli, ba ne ba newa sebaka sa bo emela tshekiso kwa ntle ga kgolegelo.[23]

  1. Setana, Teboho (5 October 2016). "Young Mahasa is new face in cabinet". News24 (Express). Retrieved 22-11-2025
  2. 1 2 Tandwa, Lizeka (30 September 2020). "Free State asbestos case: Ousted Mangaung mayor among those arrested, ANC to have urgent meeting". News 24. Retrieved 22-11-21
  3. Ndaba, Baldwin (7 August 2016). "No sleepless nights over victory". IOL. Retrieved 22-11-25
  4. "Free State MPLs elected April 22". Politicsweb (IEC). 30 April 2009. Retrieved 22-11-25
  5. "DA: Free State cabinet reshuffle 'political'". IOL. 22 February 2012. Retrieved 22-11-25
  6. "New faces in Free State executive". IOL. Bloemfontein. 29 May 2014. Retrieved 22-11-25
  7. Naki, Eric (27 February 2017). "Magashule finally has a real challenger to the throne". The Citizen. Retrieved 19 June 2020. Mlamleli is an ANC Women's League provincial chairperson and Magashule's staunch supporter.
  8. Molatlhwa, Olebogeng (4 July 2016). "Thabo Manyoni surprised by his axing". TimesLIVE. Retrieved 22-11-25
  9. "Two former mayors sworn in during Mangaung council meeting". Bloemfontein Courant. 18 August 2016. Retrieved 22-11-25
  10. "Mlamleli ready to lead Mangaung". OFM. 20 June 2020. Retrieved 22-11-25
  11. "Olly Mlamleli officia [sic] inaugurated". Bloemfontein Courant. 23 September 2016. Retrieved 22-11-25
  12. "Mlamleli new Free State Salga Provincial Chairperson". Bloemfontein Courant. 17 November 2016. Retrieved 22-11-25
  13. Nqola, Robinson (11 August 2019). "Mangaung to take 'radical action' following Moody's downgrade". EWN. Retrieved 22-11-25
  14. "Moody's downgrades Mangaung Municipality even further". Fin24. 28 January 2020. Retrieved 22-11-25
  15. Choane, Pulane (31 July 2019). "ANC Mangaung unhappy with Mlamleli's leadership". OFM. Retrieved 22-11-25
  16. "Olly stays put, says FS ANC". Bloemfontein Courant. 2 August 2019. Retrieved 22-11-25
  17. Pijoos, Iavan (20 December 2019). "Mangaung metro placed under administration". SowetanLIVE. Retrieved22-11-25
  18. "Mangaung mayor Olly Mlamleli survives second motion of no confidence". The Citizen. 11 March 2020. Retrieved 22-11-25
  19. McCain, Nicole (8 August 2020). "Mangaung mayor ousted in motion of no confidence". News24. Retrieved 22-11-25
  20. Ntshidi, Edwin (10 August 2020). "Is Mlamleli in or out as Mangaung mayor? Speaker says too early to tell". EWN. Johannesburg. Retrieved 22-11-25
  21. Nkuyane, Lucky (14 August 2020). "Mlamleli officially out, interim mayor appointed". OFM. Retrieved 22-11-25
  22. "More than 100 people have now been arrested in SA's recent corruption blitz – here's the list". Business Insider South Africa. 11 November 2020. Retrieved 22-11-25
  23. Meyer, Dan (2 October 2020). "Just in: Seven Free State asbestos project accused granted bail". The South African. Retrieved 22-11-25