Ontlametse Mochware
Ontlametse Regina Mochware (o o tshotsweng ka Seetebosigo a le masome mabedi le motso ngwaga wa 1960) ke mopolotiki wa kwa Aforika Borwa o o berekileng mo khanseleng ya Bokone Bophirima e le tona wa ngwao, botaki le ditso go tswa ka Motsheganong 2016 go tsena Motsheganong 2019. O ne a emetse palamente ya Bokone Bophirima go tswa ka Firikgong 2016 go tsena Motsheganong 2019.
Ke morutabana wa pele le mogokgo wa sekolo, Mochware e ne e le mmatoropo wa mmasepla wa Kagisano go tswa ka 2006 go tsena 2014. O en a ithola marapo a mmatoropo ka Motsheganong 2014 gore a tlhomamisiwe mo ofising ya palamente le khansele ya Bokone Bophirima ya ga Supra Mahumapelo. Le fa go ntse jalo, o ne a seka a emela ditlhopho tsa 2014, se se raya gore go thapiwa ga gagwe go ne go sa itshetlela go ya ka molao wa Aforika Borwa. O ne a ithola marapo mo maemong a gagwe a masha moragonyana fela a sena go tlhomamisiwa, morago a ya go bereka e le mogakolodi wa sepolotiki wa ga Mahumapelo go fitlhelela ka Firikgong 2016, fa a ne a tsena mo palamenteng semmuso.
Botshelo jwa a le mmotlanna le pereko
[fetola | Fetola Motswedi]Mochware o tshotswe ka Seetebosigo a le masome mabedi le motso nwgaga wa 1960 kwa motseng wa Gamanyai gaufi le Ganyesa kwa e leng kgaolo ya Bokone Bophirima gompieno. [1]O na le dithuto tsa degree ya borutabana le bookamedi jwa dikgwebo[1]. O simolotse go bereka e le morutabana ka ngwaga wa 1980 a nna mogokgo ka 1997. Go tswa ka 2000, o berekile ka nakwana e le mokhanselara wa kwa Bokone Bophirima, a emetse ANC.[1]
Ka 2005, Mochware o ne a ithola marapo mo tirong ya gagwe ya bogokgo go bereka mo polotiking. Ngwaga o o latelang, o ne a tlhophiwa go nna mmatoropo wa Kagisano; o berekile mo ofising eo dingwaga di robabobedi; go tswa ka 2006 go tsena 2014.[1] Ka nako ya gagwe e le mamtoropo, o ne a tlhatloga maemo mo ANC le mo lekgotleng la bomme la ANC mo kgaolong.[1]