Jump to content

Open Cultural Center

Go tswa ko Wikipedia

Setheo sa Setso se se Bulegileng (OCC) ke mokgatlho o e seng wa puso (NGO) o o dirang go akaretsa batshabi. Mokgatlho ono o tsamaisiwa thata ke baithaopi mme o dira kwa Gerika ka go rulaganya diporojeke tsa setso le tsa thuto. Ofisi ya bone e kgolo e kwa Barcelona, ​​kwa Spain.

OCC e tlhagile ka tirisanommogo ya baithaopi ba ba ikemetseng ba ba neng ba kopana kwa dikampong tsa batshabi kwa Gerika ka 2016.[1] Baithaopi bano ba ne ba tlhoma Lefelo la Setso la Idomeni (ICC) la ntlha kwa kampeng ya batshabi ya Bagerika kwa Idomeni. Jaanong baithaopi bano ba ne ba fudugela kwa dikampeng tsa batshabi kwa Sounio le kwa Cherso go ya go tlhabolola porojeke ya bone go ya pele. Le fa go ntse jalo, tshireletso ya sesole e ne e sa letle batho ba ba ikemetseng go tsena mo dikampong,[3] ka jalo ba ne ba bopa ‘Disenthara tsa Setso’ gaufi le dikampa tsa batshabi kwa go neng go tlhomilwe mogopolo mo go neeleng bana thuto, mme moragonyana gape ba neela bagolo dithuto tsa puo.[2]Ke ka nako eno fa ba ne ba tlhoma ofisi e kgolo kwa Barcelona, ​​kwa Spain, ka gonne basimolodi ba bagolo e ne e le Ba-Catalan.[3]Fa kampa ya Cherso e ne e tswalwa mariga, mme batshabi ba ne ba fudusediwa kwa matlong ka nakwana, mokgatlho ono o ne wa swetsa ka gore o bule Lefelo la Setso gaufi le kampa ya Polykastro, kwa Bokone jwa Gerika. Lefelo leno le sa ntse le butswe.[4][5]

Gerika

Fa kwa tshimologong go ne go tlhomilwe mogopolo thata mo go neeleng thuto ya bana le ditlelase tsa puo go bagolo gore go thusiwe ka go kopanya, mafelo ano gape a ne a simolola go rulaganya ditiro tsa boitlosobodutu tse di jaaka mmino, go thala ditshwantsho le metshameko.[6] [7]Maikaelelo a magolo a ditiro tseno e ne e le go imolola batho ba ba nnang mo dikampeng tsa batshabi kgatelelo ya mogopolo.[8]

Spain

Kwa Spain, OCC e tlhomile mogopolo mo tirong ya go fitlhelela batho, go tlhama kitso le diporojeke tsa kananyo ya setso kwa Spain. Diporojeke tse di dirwa go tswa mo ponong ya botaki, thuto le puo.[9]

Diporojeke

[fetola | Fetola Motswedi]

'Tsala ya me'

Nngwe ya diporojeke tsa OCC ke 'My Friend', buka e e nang le ditshwantsho le bosupi jwa bana ba ba mo dikampeng tsa batshabi.

Sekolo sa batshabi

Porojeke eno kwa Spain e akaretsa dithutano tse di tshwanelang dingwaga tse di farologaneng, mme tse di tlhalosang tshimologo ya ntwa kwa Siria.

Dipontsho tsa botsweretshi

OCC e rulagantse dipontsho di le mmalwa tsa botaki, jaaka dipontsho tsa botaki tse di dirilweng ke bana ba batshabi, le dipontsho tsa dinepe tse di bontshang botshelo jwa letsatsi le letsatsi mo kampeng ya batshabi kwa Gerika.

  1. Montero, Rosa (2017-04-09). "Columna | Secar un charco de lágrimas". El País (in Spanish). ISSN 1134-6582. Retrieved 2018-11-28.
  2. Montero, Rosa (2017-04-09). "Columna | Secar un charco de lágrimas". El País (in Spanish). ISSN 1134-6582. Retrieved 2018-11-28.
  3. "Campos de sonrisas en la Grecia de los refugiados". La Vanguardia. Retrieved 2018-11-28.
  4. Montero, Rosa (2017-04-09). "Columna | Secar un charco de lágrimas". El País (in Spanish). ISSN 1134-6582. Retrieved 2018-11-28.
  5. "Campos de sonrisas en la Grecia de los refugiados". La Vanguardia. Retrieved 2018-11-28.
  6. Montero, Rosa (2017-04-09). "Columna | Secar un charco de lágrimas". El País (in Spanish). ISSN 1134-6582. Retrieved 2018-11-28.
  7. "Campos de sonrisas en la Grecia de los refugiados". La Vanguardia. Retrieved 2018-11-28.
  8. Montero, Rosa (2017-04-09). "Columna | Secar un charco de lágrimas". El País (in Spanish). ISSN 1134-6582. Retrieved 2018-11-28.
  9. "Campos de sonrisas en la Grecia de los refugiados". La Vanguardia. Retrieved 2018-11-28.