Jump to content

Oratile nowe

Go tswa ko Wikipedia
Oratile Nowe
Personal information
NationalityBotswana
Born (2000-05-20) 20 May 2000 (age 25)
Sport
Sport (2000-05-20) 20 May 2000 (age 25)
Event(s)Middle distance running
Achievements and titles
Personal best(s)800m: 1:56.76 (Chorzów, 2025) Tempolete:AthAbbr
1000m: 2:40.87 (Pretoria, 2024) Tempolete:AthAbbr
1500m: 4:11.50 (Pretoria, 2025) Tempolete:AthAbbr

Oratile Nowe (yo o tshotsweng ka kgwedi ya Motsheganong ele masome a mabedi (20) ka ngwaga wa 2000) ke motabogi go tswa kwa Botswana. Ke mmampodi wa bosetšhaba makgetlho a le mantsi le motshodi wa rekoto ya bosetšhaba mo dimitara di le 800, dimitara di le 1000, le dimitara di le 1500.[1]

Nowe o godile a tshameka kgwele ya dinao pele a tsepamisa mogopolo mo mabelong, mme o ne a gaisana jaaka motabogi wa sekgala se seleele.[2] Ke leloko la Serowe Athletics Club.[3] O ne a nna wa bobedi mo lebelong la 5000 metres kwa Botswana Games ka 2015.[4]

Ka ngwaga wa 2019, o ne a gapa seetsele sa selefera kwa metshamekong ya 2019 African Games kwa Rabat mo kgaisanong ya basadi ya 4 × 400 metres relay.[5]

O ne a fenya 800m kwa Botswana Championships ka Motsheganong 2023 kwa Gaborone.[6] Ka kgwedi ya Phatwe 2023, o ne a tlhoma rekoto ya bosetšhaba ya nako ya 2:01.62 mo mmetareng ya 800 kwa Metshamekong ya Lefatshe ya Mabelo ya 2023 kwa Budapest.[7] O ne gape a le karolo ya setlhopha sa basadi sa Botswana sa 4x400m relay.[8]

O ne a taboga 2:01.62 gape go fetsa a le wa botlhano kwa Metshamekong ya Aforika ya 2023 kwa Accra ka kgwedi ya Mopitlo 2024.[9] Mo dikgaisanyong tseo gape o ne a gapa seetsele sa boronse mo kgaisanong ya basadi ya 4x400m relay.[10] Ka kgwedi ya Moranang 2024, o ne a taboga ka lebelo le le gaisang la 1:59.69 mo metareng ya 800 kwa Cape Town.[11] E ne e le lekgetlho la ntlha a le ka fa tlase ga metsotso e le mebedi mme a tlhoma rekoto e ntšha ya bosetšhaba.[12]

Ka kgwedi ya Motsheganong 2024, o ne a tlhophiwa jaaka Botswana Sportswoman of the Year.[13] O ne a gaisana mo metshamekong ya di-Olympic tsa Selemo tsa 2024 kwa Paris ka kgwedi ya Phatwe ka ngwaga wa 2024 mo kgaisanong ya dimetara di le 800.[14]

Ka Moranang a le lesome le bobedi 2025, o ne a tokafatsa rekoto ya gagwe ya bosetšhaba go ya go 1:58.96 kwa Gaborone.[15][16] O ne a taboga ka lebelo le le gaisang la gagwe la 1:58.47 mo metareng ya 800 kwa Kip Keino Classic kwa Nairobi ka kgwedi ya Motsheganong ele masome a mararo le bongwe (31)2025.[17] O ne a nna wa borataro mo metareng e le 800 ka kgwedi ya Seetebosigo 2025 kwa Stockholm kwa kgaisanong ya 2025 BAUHAUS-galan, karolo ya 2025 Diamond League.[18] O ne a tlhoma rekoto ya bosetšhaba ya 1:57.49 go wetsa mo maemong a bobedi mo metareng ya 800 kwa Golden Spike Ostrava ka kgwedi ya Seetebosigo ale masome a mabedi le bone(24).[19] O ne a tlhoma rekoto e ntšhwa ya bosetšhaba kwa 2025 Kamila Skolimowska Memorial, kwa Poland, ka go taboga ka 1:56.76 go fetsa e le wa boraro kwa morago ga Lilian Odira le Keely Hodgkinson mo dimetareng tse 800.[20] Ka Phatwe a le masome mabedi, o ne a nna wa botlhano ka 800 metres kwa 2025 Athletissima mo maemong a a metsi kwa Lausanne.[21]

Ka kgwedi ya Lwetse 2025, o ne a ya kwa sekamakgaolakgannyeng mo dikgaisanong tsa bomme tsa dimetara di le 800 kwa Metshamekong ya Lefatshe ya Athletics ya 2025 kwa Tokyo, Japan.[22]

  1. "Oratile Nowe". World Athletics. Retrieved 16 June 2024
  2. "Nowe qualifies for Olympics by ranking". Guardiansun.co.bw. May 22, 2024. Retrieved 19 Ngwanaatsele 2025.
  3. "NORTHERN ATHLETES IMPRESS IN FIRST COMPETITION OF YEAR". Daily News. 19 March 2019. Retrieved 19 Ngwanaatsele 2025.
  4. "YOUNG RUNNER PROVES METTLE". Daily News. 13 December 2015. Retrieved 19 Ngwanaatsele 2025.
  5. "African Games". World Athletics. 26 August 2019. Retrieved 19 Ngwanaatsele 2025.
  6. "Botswana Championships". World Athletics. 23 May 2023. Retrieved 19 Ngwanaatsele 2025.
  7. "ATHLETICS Nakaayi, Orogot Progress to Semi-Finals". Pulse Sports. 23 August 2023. Retrieved 19 Ngwanaatsele 2025.
  8. "Clear Prospects for Team Botswana at Budapest '23". Business Weekly. 17 August 2023. Retrieved 19 Ngwanaatsele 2025.
  9. Muyita, Joel (20 March 2024). "African Games 2023: Nakaayi bags silver in 800m final". kawowo. Retrieved 19 Ngwanaatsele 2025.
  10. "African Games". World Athletics. 18 March 2024. Retrieved 19 Ngwanaatsele 2025.
  11. "Charné Swart establishes herself as one of SA's best female 800m runners". up.ac.za. 1 May 2024. Retrieved 19 Ngwanaatsele 2025.
  12. Whitehead, Mosibodi (30 April 2024). "'What a classic race!' - Mphahlele and Tshite deliver another masterclass, while Nowe goes sub 2 minutes at Cape Milers". The Top Runner. Retrieved 19 Ngwanaatsele 2025.
  13. "Botswana's Finest Athletes to Shine at 43rd Annual Sports Awards this Weekend". The Gazette. 15 May 2024. Retrieved 19 Ngwanaatsele 2025.
  14. "Women's 800m Results - Paris Olympic Games 2024 Athletics". Watch Athletics. 5 August 2024. Retrieved 19 Ngwanaatsele 2025.
  15. "Tebogo, Simbine and Muhammad impress in Gaborone". World Athletics. 12 April 2025. Retrieved 19 Ngwanaatsele 2025.
  16. "Tebogo, Ndori and Nowe shine at FNB Botswana Golden Grand Prix 2025 – Athletics Africa". www.athletics.africa. Retrieved 19 Ngwanaatsele 2025.
  17. "Nene smashes 44-second barrier in Nairobi". World Athletics. 31 May 2025. Retrieved 19 Ngwanaatsele 2025.
  18. "Results - Stockholm Diamond League Bauhaus Galan 2025". Watch Athletics. 15 June 2025. Retrieved 19 Ngwanaatsele 2025.
  19. "Duplantis and Koech among meeting record-breakers in Ostrava". World Athletics. 24 June 2025. Retrieved 19 Ngwanaatsele 2025.
  20. "Results - Silesia Diamond League Kamila Skolimowska Memorial 2025". Watch Athletics. 16 August 2025. Retrieved 19 Ngwanaatsele 2025.
  21. "Results - Athletissima Lausanne Diamond League 2025". Watch Athletics. 20 August 2025. Retrieved 19 Ngwanaatsele 2025.
  22. "World Athletics Championships, Tokyo 2025". World Athletics. 21 Sep 2025. Retrieved 19 Ngwanaatsele 2025.