Oshosheni Hiveluah
Oshosheni Hiveluah | |
|---|---|
| Tsalo | 22 October 1981 Luanda, Angola |
| Leso | 10 October 2019 |
| Letso | Namibian |
| Alma mater | Namibia University of Science and Technology |
| Tiro | writer, producer, and director. |
| O itsegi ka | Tjitji the Himba Girl and 100 Bucks |
| Batsadi(s) | Ulitala Monnica Nameuja and Tuli Hiveluah |
Oshosheni Hiveluah (Phalane a le masome mabedi le bobedi 1981- Phalane a le lesome ka 2019)[1] e ne e le mokwadi, motlhami le motsamaisi wa kwa Namibia.[2] O itsege thata ka difilimi tsa Tjitji the Himba Girl le 100 Bucks.
Botshelo le dithutego
[fetola | Fetola Motswedi]Oshosheni o belegetswe kwa Luanda, Angola, ka Phalane a le masome mabedi le bobedi ka 1981 ke Ulitala Monnica Nameuja le Tuli Hiveluah mme o ne a romelwa kwa Jeremane, GDR ya maloba, fa a ne a le dingwaga di le tharo. Lelapa la gagwe le ne la boela kwa Namibia morago ga boipuso.[ Oshosheni o feditse dithuto tsa gagwe tsa sekolo se segolwane kwa Deutsche Höhere Privatschule kwa Namibia. O tsene kwa CityVarsity Multi Media School kwa Cape Town. Oshosheni o ne gape a ithuta go dira difilimi tse di gatetseng pele tsa thelebišene ka fa tlase ga Fulbright Alumni kwa Namibia University of Science and Technology.
Tiro
[fetola | Fetola Motswedi]Oshosheni o simolotse tiro ya gagwe ka filimi ya gagwe ya ntlha ya moithuti ya Tulila's Fate e e neng ya gapa sekgele sa go tlhopha babogedi kwa Wild Cinema Film Festival ka 2004. O tlhomile Shooting Stars Agency ka 2010 le khampani ya Windhoek/Harare e e bidiwang Digital Afros. O ne gape a eteletse pele NGO e e bidiwang Emoona Cultural Foundation. [3]
Oshosheni co-wrote 100 Bucks le Onesmus Shimfaweni.[ 7] Filimi e bua thata ka madi a a kana ka R100 a a fetang ka batho ba ba farologaneng mo setšhabeng. [ 8] Ka 2011, Oshosheni o amogetse Focus Features Africa First program Prize for 100 Bucks. [ 9] 100 Bucks e ne ya gapa gape le 2012 Namibian Theatre and Film Audience Choice, Best Director, Best Production Design, Best Screenplay and Best Film awards.[ 100 Bucks e ne ya bontshiwa kwa London ke mokgatlho o o sa direng poelo wa AfricAvenir Windhoek[1] mmogo le kwa New York ka 2012 kwa African Diaspora International Film Festival (ADIFF).[2] [11]
Ka 2015, o ne a kwalwa mo gare ga Media Institute of Southern Africa basadi ba le lesome ba ba kwa godimo go lebelelwa mo media. 12]
Tjitji the Himba Girl o itsege ka go roba mekgwa e e sa siamang kgatlhanong le basadi. 13] E ne ya gapa dikgele tsa cinematography le narrative film kwa Namibia Theatre le Film awards ka 2014.[ 14] E ne ya newa tlotlo e e kgethegileng kwa Bangalore Short Film Festival kwa Bangalore, India ka 2015.[ Tjitji the Himba Girl e ne gape e le filimi e khutshwane ya semmuso kwa Africa International Film Festival ka 2015.[ 15]
Oshosheni e ne e le leloko la ba ba atlholang kwa Namibia Theatre and Film Awards ya 2019.[1] 16] O gopolwa ka dipontsho tsa botaki jaaka The Evoking Origin[17] le difilimi tsa Omeva le Cries at Night.[ 15]
Loso
[fetola | Fetola Motswedi]Fa a ne a tlhokafala, o ne a dira mo porojekeng e e bidiwang The Village Tap.
Hiveluah o tlhokafetse kwa Rhino Park Hospital ka Diphalane 2019 morago ga go lwa le bolwetse dingwaga di le mmalwa. [16]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi][1] Solomons, Jonathan (2019-10-11). "Namibia: Film Industry Mourns Hiveluah". allAfrica.com. Retrieved 2020-06-30.
[2] Ejikeme, Anene (2011-07-31). Culture and Customs of Namibia. ABC-CLIO. ISBN 978-0-313-35891-3.
[3] Namibian, The. "Remembering Oshosheni". The Namibian. Retrieved 2020-06-30.
[4] Staff Reporter (2019-10-14). "Oshosheni had a great eye for scouting talent- Huebschle". New Live. Retrieved 2020-06-30.
[5] "Arts guru, Spoken Word founder dies". www.namibianewsdigest.com. Archived from the original on 2020-06-27. Retrieved 2020-07-01.
[6] "Tjitji – The Himba Girl". Informanté. 2019-03-01. Archived from the original on 2020-06-27. Retrieved 2020-06-30.
[7] Sarala, Krishnamurthy; Helen, Vale (2018-04-30). Writing Namibia: Literature in Transition. University of Namibia Press. ISBN 978-99916-42-33-8.
[8] Nelmes, Jill; Selbo, Jule (2015-09-29). Women Screenwriters: An International Guide. Springer. ISBN 978-1-137-31237-2.
[9] savage, Sophia (2011-10-06). "Focus Features' Africa First Program Announces Winners of $10,000 Grants". IndieWire. Retrieved 2020-07-01.
[10] Marketing, Intouch Interactive. "Namibian short films to be screened in UK - Art And Entertainment - Namibian Sun". www.namibiansun.com. Retrieved 2020-07-01.
[11] "ADIFF 2012 - 'Spotlight On Namibia' Features A Great-Looking Lineup Of Short Films You Should See". shadowandact.com. Retrieved 2020-07-01.
[12] Namibian, The. "Bringing Namibian Film to Life". The Namibian. Retrieved 2020-07-01.
[13] Marketing, Intouch Interactive. "Women in film - Art And Entertainment - Namibian Sun". www.namibiansun.com. Retrieved 2020-06-30.
[14] "Best Namibian film and theatre productions awarded | Namibia Economist". Retrieved 2020-07-01.
[15] "Five most acclaimed female filmmakers from Africa you should know - Page 5 of 6". Face2Face Africa. 2018-08-11. Retrieved 2020-07-01.
[16] "Filmmaker Oshosheni Hivelua has died". NBC. Archived from the original on 2020-06-27. Retrieved 2020-06-30.
[17] "Film industry loses passionate storyteller | unWrap". Retrieved 2020-07-01.
- ↑ Solomons, Jonathan (2019-10-11). "Namibia: Film Industry Mourns Hiveluah". allAfrica.com. Retrieved 22 Ngwanaatsele 2025.
- ↑ Ejikeme, Anene (2011-07-31). Culture and Customs of Namibia. ABC-CLIO. ISBN 978-0-313-35891-3.