Oteng Oteng
Oteng Oteng (o tshotswe ka kgwedi ya Ferikgong e thola borobongwe ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a robabongwe(1990) ke motshameki wa mabokose wa Botswana yo o neng a tsenela metshameko ya Olimpiki wa ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le bobedi (2012). [1]O tsholetswe kwa Mookane.
Kwa Metshamekong ya Commonwealth ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome (2010) kwa Delhi o ne a fenngwa ke Benson Gicharu Njangiru kwa makgaolakgannyeng mme a gapa boronse.
Kwa All-Africa Games ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le bongwe (2011) o ne a fenya kgaisano ya pusetso le serwalo sa Flyweight mme ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le bongwe (2011) World Amateur Boxing Championships o ne a latlhegelwa ke ntwa ya gagwe ya bobedi go fenngwa ke Misha Aloyan.
O ne gape a fenya kgaisano ya ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le bobedi (2012) ya African Boxing Olympic Qualification Tournament.
Kwa Metshamekong ya Diolimpiki ya Selemo ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le bobedi (2012), Oteng o ne a fenngwa ke Puerto Rican Jeyvier Cintrón mo motshamekong wa ntlha ka maduo a 14-12.[2]
Kwa Metshamekong ya ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le bone (2014) ya Commonwealth, o ne a fenngwa ke Reece McFadden ka 0-3 mo makgaolakgannyeng a banna a flyweight.[3]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Oteng Oteng Bio, Stats, and Results". Olympics at Sports-Reference.com. Archived from the original on 18 April 2020. Retrieved 30 December 2018
- ↑ Jeyvier Cintrón adelanta a octavos de final en los 52 kg". Primera Hora. 30 July 2012. Archived from the original on 1 August 2012. Retrieved 30 July 2012.
- ↑ Glasgow 2014 - Oteng Oteng Profile". g2014results.thecgf.com. Archived from the original on 30 December 2018. Retrieved 30 December 2018.