Palamente ya Botswana

Go tswa ko Wikipedia

Palamente ya Botswana e na le Tautona wa lefatshe le Khuduthamaga ya Botswana.[1] Go farologana le ditsamaiso tse dingwe tsa Palamente, Palamente e tlhopha tautona ka tlhamalalo (go na le go nna le tautona wa moletlo le Tonakgolo yo o nang le taolo ya mmatota jaaka tlhogo ya puso) ka paka e e beilweng ya dingwaga di le tlhano. Tautona o ka direla fela dipaka di le pedi fela tse di tletseng. Tautona ke tlhogo ya lefatshe le ya Puso mo tsamaisong ya merero ya palamente ya lefatshe la Botswana. Palamente ya Botswana ke taolo e kgolo ya molao.[2] Tautona wa pele wa Botswana ke Ian Khama, yo o tsereng maemo a botautona ka kgwedi ya Moranang e tlhola gangwe ka ngwaga wa 2008 mme a fenya paka e e tletseng ya dingwaga di le tlhano mo ditlhophong tsa Botswana, tse di neng tsa tshwarwa ka la kgwedi ya Phalane e tlhola malatsi a le lesome le borataro ka ngwaga wa 2009 mme a busetsa Botswana Democratic Party ya gagwe ka bontsi jwa ditilo di le masome a mararo le botlhano (35) (tsotlhe ka palo di le 45) mo ditilong di le 61 tsa Palamente.

Go na gape le setlhopha se se itsegeng jalo e le Ntlo ya Dikgosi tsa Botswana, se e leng setlhopha sa bagakolodi se se seng karolo ya Palamente.[3]

Botswana ke lengwe la mafatshe a mabedi fela mo Kgaolong ya Afrika (Le lengwe ke Mauritius) a a fitlheletseng ditshupo tse di phepa tsa ditlhopho tse di gololesegileng le tse di siameng fa e sale di bona boipuso, a tshwere ditlhopho di le lesome (10) fa e sale ka ngwaga wa 1966 go sena ditiragalo dipe tse di masisi tsa bonweenwee kana tshenyetso setshaba.[4]

Bona gape[fetola | Fetola Motswedi]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Constitution of the Democratic Republic of Botswana, 1966
  2. "Parliament of Botswana". Parliament of Botswana. 19 October 2022. Retrieved 19 October 2022.
  3. Proctor, J. H. (1968). "The House of Chiefs and the Political Development of Botswana". The Journal of Modern African Studies. 6 (1): 59–79. doi:10.1017/S0022278X00016670. ISSN 0022-278X. JSTOR 158677.
  4. US State Department

Dikarolo tse di kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]

https://web.archive.org/web/20221019183042/https://www.parliament.gov.bw/index.php/2012-02-13-15-06-33