Jump to content

Pamela Sunstrum

Go tswa ko Wikipedia
Pamela Sunstrum

Pamela Phatsimo Sunstrum ke motaki wa ditshwantsho. Tiro ya gagwe e akaretsa go tshwantsha, go penta, go tsenya dilo le go dira ditshwantsho tse di tshelang. Tiro ya gagwe e ile ya bontshiwa mo dipontshong di le dintsi, go akaretsa le The Curve Space kwa The Barbican, kwa Hague, le kwa Setheong sa Botsweretshi jo bo Bontle sa Bozar.

Bayokerafi

[fetola | Fetola Motswedi]

Sunstrum o tshotswe ka ngwaga wa 1980 kwa Mochudi, Botswana, mme o feditse nako ya gagwe ya bongwana mo dikgaolong tse di farologaneng tsa Afrika le borwa botlhaba jwa Asia. O ile kwa United States ka 1998 mme a amogela BA ka maemo a kwa Godimo go tswa kwa Yunibesithing ya North Carolina kwa Chapel Hill mo Dithutong tsa Boditšhabatšhaba ka tlhoafalo mo Ditsong tsa Dinaga le Ditšhabatšhaba ka 2004. Sunstrum o amogetse MFA ya gagwe go tswa kwa Sekolong sa Botaki sa Mt. Royal kwa Kholetšheng ya Botaki ya Setheo sa Maryland ka 2007.[1]Moragonyana o ne a nna kwa Baltimore Maryland e le motaki yo o nnang kwa Selekaneng sa Botlhami sa Baltimore, fa gape a ne a ruta kwa Kholetšheng ya Botaki ya Setheo sa Maryland. Ga jaanong jaana o kwa Johannesburg, Aforikaborwa fa a ntse a bontsha mo dipontshong tsa motho ka bongwe le tsa setlhopha go ralala lefatshe.[2]Sunstrum o ne a tlhomiwa go nna mothusaporofesa mo Lephateng la Botaki jo bo Bonwang le Hisitori ya Botaki jwa Yunibesithi ya York ka 2017.[3] Fa Sunstrum a sena go rola tiro ya go ruta ka 2020,o ne a nna ebile a bereka kwa The Hague, kwa Netherlands. Ga jaana o emetswe ke Galeri ya Goodman le Galeri Lelong &Co. NYC Sunstrum o tlhalosa tiro ya gagwe jaaka seabe sa gagwe mo go tlhatlogeng ga mantswe a lefatshe lotlhe a a sa dumalaneng le bokoloniale, tlhaolele, polao ya semorafe, le mefuta e mengwe yotlhe ya kgatelelo le tiriso e e sa siamang ya batho le ya ikholoji e e tlhodilweng ke makgolokgolo a dingwaga a bopelotshetlha le bonweenwee jwa bokapitale.

Mokgwa wa go itshetsa le tswelelopele

[fetola | Fetola Motswedi]

Dipontsho tsa fa ale nosi

[fetola | Fetola Motswedi]
  • 2024 It will end in tears, The Curve Space, The Barbican, London, UK
  • 2024 The Gods and The Underdogs, KM21, The Hague, The Netherlands
  • 2023 You'll be sorry, Goodman Gallery, Johannesburg, South Africa
  • 2023 The Pavillion, London Mithraeum, Bloomberg Space, London, UK
  • 2022 I have withheld much more than I have written, Galerie Lelong & Co., New York, NY USA
  • 2011 Panthea, Goodman Gallery, East Hamptons, NY, USA
  • 2020 Battlecry, Goodman Gallery, London, UK
  • 2019 Diorama, Tiwani Contemporary, London UK
  • 2019 All my seven faces, Contemporary Arts Center, Cincinnati, OH, USA
  • 2018 There are mechanisms in place, Michaelis School of Fine Art, University of Cape Town, South Africa
  • 2016 OMPHALOS, Interlochen Center for the Arts, Interlochen, MI, USA
  • 2016 POLYHEDRA, Tiwani Contemporary, London, UK
  • 2015 BEACON, Visual Arts Network of South Africa, Johannesburg, South Africa
  • 2013 ab initio, Davidson College, Davidson, NC, USA
  • 2010 pamelaphatsimosunstrum, Conduit Gallery, Dallas, TX, USA
  • 2009 audax/viator, Arlington Arts Center, Arlington, VA, USA
  • 2009 see you again, Marcia Wood Gallery, Atlanta, GA, USA

Dipontsho tsa Setlhopha

[fetola | Fetola Motswedi]
  • 2023 uMoya: The Sacred Return of Lost Things, Liverpool Biennial, Liverpool, UK
  • 2022 How rest the brave?, Nest, The Hague, The Netherlands
  • 2021 Greater Toronto Art 2021 (GTA21), Museum of Contemporary Art Toronto, Canada
  • 2020 Did you evern think there would come a time? Goodman Gallery, Cape Town, South Africa
  • 2020 Witness: Afro Perspectives from the Jorge M. Peréz Collection, Miami, FL, USA
  • 2020 Born in Flames: Feminist Futures, Bronx Museum, NY, USA
  • 2020 UBUNTU Five Rooms from the Harry David Art Collection, National Museum of Contemporary Art, Athens
  • 2019 History is His Story, Nest, The Hague, The Netherlands

Bibliokerafi

[fetola | Fetola Motswedi]
  • 13/03/16 at 03:51 Am by Admin, Admin. “Pamela Phatsimo Sunstrum.” AFRICANAH.ORG. Tiwani Contemporary, 12 Mar. 2016. Web. 19 Apr. 2017.[2]
  • ”Pamela Phatsimo Sunstrum.” 30 Artworks, Bio & Shows on Artsy. Artsy, n.d. Web. 19 Apr. 2017.[4]
  • ”PAMElA PHATSIMO SUNSTRUM.” Marcia Wood Gallery. Marcia Wood Gallery, 2016. Web. 19 Apr. 2017.[5]
  • Haden, Alexis, and Ezra Claymore. “Artist Pamela Phatsimo Sunstrum Explodes on London’s Art Scene.” The South African. The South African, 29 Mar. 2015. Web. 19 Apr. 2017.[6]
  • ”Pamela Phatsimo Sunstrum.” Pamela Phatsimo Sunstrum Biography – Pamela Phatsimo Sunstrum on Artnet. N.p., n.d. Web. 19 Apr. 2017.[1]
  1. 1 2 "Pamela Phatsimo Sunstrum Biography – Pamela Phatsimo Sunstrum on artnet". www.artnet.com. Retrieved 27 April 2017
  2. 1 2 "Pamela Phatsimo Sunstrum - AFRICANAH.ORG". AFRICANAH.ORG. 13 March 2016. Retrieved 27 April 2017
  3. "York University - School of the Arts, Media, Performance & Design". ampd.yorku.ca. Archived from the original on 16 April 2018. Retrieved 15 April 2018
  4. "Pamela Phatsimo Sunstrum - 30 Artworks, Bio & Shows on Artsy". www.artsy.net. Retrieved 27 April 2017.
  5. "PAMElA PHATSIMO SUNSTRUM". Marcia Wood Gallery. Archived from the original on 28 April 2017. Retrieved 27 April 2017
  6. Pietzsch, Mareike (27 March 2015). "Artist Pamela Phatsimo Sunstrum explodes on London's art scene". The South African. Retrieved 27 April 2017