Pampiri ya dikgang ya Windhoek Observer
| Setshwantsho:Windhoek Observer front page.jpg | |
| Type | Pampiri ya malatsi otlhe ya maranyane |
|---|---|
| Owner(s) | Paragon Investment Holding |
| Editor | Kuvee Kangueehi |
| Circulation | Dikete di le masome mane le botlhano ka 2009 |
| Website | www.observer.com.na |

Pampiri ya Windhoek Observer ke pampiri ya dikgang ya bere le beke ka Sabata ya puo ya Sekgoa, e e gatisiwang kwa Namibia ke kompone ya Paragon Investment Holding. Ke pampiri ya dikgang e kgologolo thata mo lefatsheng leo ebile e le tona.[1] Ka ngwaga wa 2009 e ne e anamisa dipampiri di le dikete di le masome mane le botlhano.[2]
Pampiri ya Windhoek Observer e tlhamilwe ka 1978 ke Hannes Smith le Gwen Lister.[3] Lister e ne e le morulaganyi wa sepolotiki a batla go fa SWAPO serala sa go bontsha batho, ba akaretsa basweu gore ga se ditsuolodi le matshosetsi a batsamaisi ba puso ya bokolone ba ba dirang gore ba lebege e le bone.[4]
Pampiri e e ne ya ilediwa ka Motsheganong 1984 morago ga gore Lister a tsee loeto go ya kwa Zambia go bega ka dipuisano tsa boipuso jwa Namibia. Le ntswa kiletso e ne ya boelwa morago morago ga go ikuela mo lekgotleng la Pretoria la kgatiso, baeteledipele ba Observer ba ne ba mo isa kwa tlase, se sa baka go ithola marapo ga ga Lister le go tsamaya ga babereki ba Observer. Ngwaga o o latelang Lister o ne a simolola pampiri ya dikgang e e ikemetseng ya The Namibian.[3]
Smith o ne a etelela pele Windhoek Observer a le nosi, a ipitsa mmegi mogolo. Morwadie, Yanna Erasmus, o ne a tloga a bereka le ene.[1] Smith o ne a sa obamele babusi ba SWAPO kgotsa ba Aforika Borwa.[2]
Morago ga go tlhokafala ga ga Smith ka 2008, Erasmus o ne a mo tlhatlhama jaaka morulaganyi.[5] Ngwaga o o latelang, pampiri e ne ya rekisediwa Paragon Investment Holding, Kuvee Kangueehi a thapiwa e le mokwadi mogolo.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 "Founder of Windhoek Observer, Hannes Smith, dies at 75". afrik.com. 5 August 2008. Retrieved 15 October 2025
- 1 2 Rothe, Andreas (2010). Media System and News Selections in Namibia. LIT Verlag. p. 36. ISBN 9783643111944. Retrieved 15 October 2025
- 1 2 "Gwen Lister, Namibia". International Press Institute. Archived from the original on 5 November 2016. Retrieved 15 October 2025.
- ↑ Baumann, Jessica (19 January 2012). "Gwen Lister Shepherded Newspaper through Tumultuous Times, Promotes Media Progress in Namibia". International Women's Media Foundation. Archived from the original on 30 August 2012. Retrieved 15 October 2025.
- ↑ Menges, Werner (3 February 2009). "New editor and owner for Windhoek Observer". The Namibian. Retrieved 15 October 2025.