Pasa ya Botswana

Go tswa ko Wikipedia

Pasa ya Botswana e fiwa banni ba Botswana fa ba etela mafatshe a sele.

Pasa e e dirisang maranyane[fetola | Fetola Motswedi]

Batswana ka kakaretso ba kopilwe go dira teseleto ya mosepele e ntsha ya pasa ya e-passport.Se se builwe ke modiri mo lephateng la mosepele le boagedi Rre Metlha Otsogile jaaka a ne a buisa diphuthego mo metseng ya Ramokgwebana le Jackalas No.2 bosheng.Rre Otsogile a re Batswana ke batho ba ba bonya fa ba rotloediwa go inaakanya le dilo tsa sesha mme e re ka motsotso wa bofelo batho e bo ele gone ba tabogang lepotlapotla.O boletse fa teseletso eo e le botlhokwa fela thata mo go bao ba tsayang mesepele go ya mafatsheng a sele kgapetsakgapetsa, mme a re fa motho a sa tswe mo lefatsheng leno gangwe le gape, ga go tlhokafale gore o ka dira teseletso eo.A re batho ba go nna jalo, ba ka kopa teseletso ya nakwana e duelelwang P12 fela, mme e tsaya dikgwedi tse tlharo e le mo tirsong.Rre Otsogile o boletse fa e-passport e duelelwa P260 a tlatsa a re e tsaya lobaka la dingwaga tse lesome go ntshafadiwa.O ne a re e tsaya selekano se sesa feteng malatsi a lesome le bone morago ga kopo.Rre Otsogile o ne a rotloetsa gore bao ba tshotseng dipasa tse disha, ba di tlhokomele fela thata, e seng jalo motho a tla lefisiwa P1000 fa e latlhegile. O ne a bolelela morafe gore tiriso ya teseletso mosepele e kgologolo e tla emisiwa ngwaga o tlang o ya fifing.O ne a bolelela fa bao ba neng dirile dikopo tsa pasa batla busetswa madi a bone, mme fela fa ba tshotse sesupo.Go tswa lephateng le le itibagantseng le ditiragalo tse di kwadisiwang, Rre Paul Magazine o ne a kopa Batswana go nna le ditlankana tsa matsalo.Rre Magazine a re mo metlheng eno ya ditlhabologo, go tlaatla gore sepe se se dirwang se bo se dirwa go na le sesupo sa matsalo, a tlatsa a re ba nnile le gore bangwe ba basa tshwanelang ba bo ba filwe karata ya Omang.A re seo se dirisitswe ke gore bangwe, bogolo jang ba ba bapileng le mololwane ba bolela fa batho bao e le bana ba bone ntswa go sa nna jalo.Rre Magazine o ne a kopa batho go nna le boammaruri a tlatsa a re go thusa motswakwa go nna le Omang go borai mme fa ope a ka lemogiwa o tla tseelwa dikgato tse di lebaneng.Rre Magazione o ne a bolela fa ofisi ya bone e sa itibaganya le go kwadisetsa Omang fela jaaka bangwe ba akanya, mme ba kwadisa matsalo, manyalo, le dintsho, a tlatsa a re le ditlankana di tswewa kwa go bone.Mme Mpho Phatsimo, molomaganyi wa dikgang tsa bomme o ne a bolele morafe fa ba itibagantse le lehuma le le mo basading e le baeteledipele ba malwapa.Mme Phatsimo a re ka jalo ba rutuntsha ba bo ba katisa bo mme go ema ba lwantsha lehuma le gore ba nne le boikarabelo mo sechabeng.O ne a kopa bo mme gore ba ikopanye e nne setlhopa go dira projeke ba bo ba ya go kopa dithuso tsa madi mo lephateng la bone.Go tswa lephateng la Pereko le selegae, Mme Dimpoetse Keolefhile o ne a kopa setshaba go tswelela ka go ikwadisetsa go batla mebereko kwa lephateng la pereko.

Botlhokwa jwa pasa[fetola | Fetola Motswedi]

Batho ga ba patelediwe go nna le pasa e ntsha. Mafoko a a builwe ke tona ya pereko le selegae, Rre Peter Siele, a tlhalosa gore pasa e ntsha ga e patelediwe jaaka karata ya O mang. O ne a tlhalosa jalo a buisa phuthego kwa Tatisiding mo boseng.Tona Siele o ne a tlhalosa le gore puso e simolotse tiriso a pasa e ntsha e se na go lemoga gore e kgologolo e setse e kgona go dirisiwa ke manweenwee, ka jalo go tlhokega e e ka se keng e utswege motlhofo, bogolo jang ke batswakwa.O ne a tlhalosa le gore Batswana bangwe ba setse ba simolotse mokgwa wa go rekisetsa Batswakwa dipasa tsa bone ba bo ba re di latlhegile. O ne a supa le gore mafatshe a mangwe jaaka la Britain, a ne a tlhagisitse la Botswana gore le fetole sebopego sa dipasa gore Batswana ba se ka ba batliwa di-visa fa ba ya teng, jaaka batho ba mafatshe a mangwe. E rile fa a bua ka ditlhwatlhwa tsa go dira pasa e ntsha, tona Siele o ne a supa fa madi a P260.00 a le kwa tlase ga a mafatshe a mangwe a kgaolo ya SADC.O ne a gakolola gore batho ba ba sa tloleng melelwane thata, ba ka dirisa dipampiri tsa nakwana tsa, tse le tsone di kgonang go balwa ke metshine fa ba etela kwa mafatsheng a a bapileng le la Botswana.Tona Siele o ne a supa gore bontsi jwa Batswana bo ikopetse dipasa tse di tswang ka bofefo le tse di diegang, se se supang gore ba ka kgona go duelela dipasa tse disa. Tona o ne a supa gore Batswana ga ba na bothata jwa go duelela dipasa tse disa, a supa le gore ba kgona go reka megala ya letheka e e lopang madi a mantsi.Mo dikgannyeng tse dingwe, tona o ne a bolelela banni ba Tatisiding ka molao wa lephata la gagwe wa go kwadisa matsalo, boagedi, pereko, manyalo, diswaete le ka mathata a ba lebaganeng le one ka go di kwadisa.O ne a tlhagisa setshaba gore se emise go thusa batho ba e seng Batswana go ikwadisetsa go fiwa dikarata tsa O mang ka go sa bolelele dikgosi boammaaruri. O ne a supa le gore go setse go na le manyalo a a seng ka fa molaong, a tlhagisa ba ba dirang molato oo go emisa go dira jalo. Tona o ne a tlatsa ka gore batho ba ba supang fa ba latlhegetswe ke dikarata tsa O mang, ba tlaa lopiwa P100 go di emisetsa.Mookamedi wa kwadiso ya matsalo le O mang, Mme Neo Lepang, o ne a tlhalosa gore kgaolo ya Francistown e na le dipalo tse di kwa godimo tsa dikgetse tse go tserweng dikarata tsa O mang mo batswakweng. O ne a supa gore go na le dikgetse di le 50 tsa go nna jal

o ka tsibogela[fetola | Fetola Motswedi]

  • Palo ya Dipasa

Batho ba ba nang le dipasa ba ba etela Thailand, United Kingdom, Canada ba sa tlhoke go siamisetswa teseletso ya Visa. Visa e tla bo e fiwa fa motho a tsena mo mafatsheng a a balolotsweng fa motho atsena mo go lone.

Dikgoge tse dingwe[fetola | Fetola Motswedi]

Botswana

Dipadi tse dingwe.[fetola | Fetola Motswedi]

Tempolete:Passport-stub

Tempolete:Passports