Jump to content

Paul Mashatile

Go tswa ko Wikipedia

 

Paulus Shipokosa Mashatile (o belegwe ka 21 Diphalane 1961) ke radipolotiki wa Aforika Borwa yo e leng Motlatsa-Moporesidente wa bo 9 wa Aforika Borwa. O ne a nna Motlatsa Moporesidente wa African National Congress (ANC) ka Sedimonthole 2022.[1] Pele a tlhophiwa mo maemong ao, e ne e le Treasurer-General wa ANC go tloga ka Sedimonthole wa 2017 le go dira jaaka Mokwaledi Kakaretso wa ANC go tloga ka Ferikgong wa 2022.

Paulus Shipokosa Mashatile e ne e le molweladitshwanelo tsa tlhaolele mo United Democratic Front, Mashatile e ne e le leloko la kabinete ya ntlha ya ga Moporesitente Jacob Zuma, a direla jaaka Tona ya Botsweretshi le Setso go tloga ka 2010 go fitlha ka 2014. Pele ga moo, o ne a nna tonakgolo ya porofense ya Gauteng ka bokhutshwane go tloga ka 2008 go fitlha ka 2090. moragonyana fa gare ga 2014 le 2018, o ne a nna le diphotefolio di le mmalwa tsa botona mo pusong ya porofense ya Gauteng . O santse a na le tlhotlheletso e e kgethegileng kwa Gauteng, porofense ya gaabo, kwa gape a neng a le Modulasetulo wa Porofense ya ANC magareng ga 2007 le 2017. Gape o ne a dira jaaka moporesidente wa namane o sa tshwere go simolola ka la bo 8 Phatwe fa Moporesitente Cyril Ramaphosa a ne a le kwa ntle ga naga. Ka ngwaga wa 2025 go bolelwa fa a ne a falola maiteko a go bolawa.

Ditshupiso

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. https://www.anc1912.org.za/