Jump to content

Pauline Dempers

Go tswa ko Wikipedia

Pauline Frannzisca Dempers (o o tshotsweng ka Moranang a le masome mabedi le borobabobedi ngwaga wa 1962 kwa Aranos, kwa kgaolong ya Hardap) ke molweladitshwanelo le mopolotiki wa kwa Namibia. Ka 1996, Dempers o ne a nna moeteledi pele wa Breaking the Wall of Silence (BWS), setlhopha se se buelelang ditshwanelo tsa ba ba neng ba tshwerwe ke SWAPO ka nako ya ntwa ya boipuso. Dempers o ne a le leloko la Congress of Democrats.

Tsa pereko

[fetola | Fetola Motswedi]

Dempers e ne e le molweladitshwanelo o o kgatlhanong le puso ya tlhaolele kwa borwa jwa Namibia pele ga a tshaba ka 1983 go nna leloko la SWAPO. O ne a tshwarwa ke SWAPO ka 1986 fa a nna kwa kampeng ya batshabi gaufi le Lubango kwa borwa jwa Angola. Ga mmogo le makgolo a batho ba Namibia ba ba neng ba tshabile, Dempers o ne a supiwa ka monwana gore o fetogetse lekgotla la kgololesego, le go tseela bagateledi ditlhola. Ba ne ba bogisiwa ba bo ba bewa kwa meleteng ya Lubango mo dingwageng tsa bofelo tsa ntwa ya boipuso jwa Namibia.[1] O ne a gololwa ka Mopitlo 1989 a busediwa kwa Namibia morago ga dipaakanyo tsa boipuso bo bo nnileng ka Mopitlo 1990.[2]

Dempers o ne a nna moeteledipele wa Breaking the Wall of Silence (BWS) ka 1999, dingwaga di le tharo morago ga e tlhamiwa.[2] BWS ke lekgotla le le ikemetseng le le reeletsweng ka buka ya ga Siegfried Groth ya Namibia, The Wall of Silence e e senotseng bosetlhogo jwa kwa Lubango.[3] Ka nako eo o ne a dule mo SWAPO a le leloko la phathi ya kganetso ya Congress of Democrats (CoD). Ka 2007, Dempers e ne e le bontlha jwa makubukubu a a neng a tsoga e le leloko la komiti ya legare ya CoD. Ene le maloko a mangwe a komiti ba ne ba kobiwa ke lekgamu la phathi le le neng le eteletswe pele ke Ben Ulenga. O ne a nna leloko la lekgamu le le neng le eteletswe pele ke Ignatius Shixwameni, ba tlhama komiti ya nakwana.[4]

Ka Mopitlo 2008, tsala le o a neng a tshwerwe le ene ebong Kalla Gertze o ne a tlhokafala ka ntlha ya khupelo.[5] Fa a bua kwa phitlhong ya gagwe, Dempers o ne a kopa maloko a palamente go bulela dipuisano ka batshwarwa ba Lubango.[6]

  1. Lister 2021, pp. 178–179.
  2. 1 2 Pauline Dempers Archived 11 June 2011 at the Wayback Machine Namibia Institute for Democracy, 2008 ^ Lister 2021, p. 315.
  3. Weidlich, Brigitte (13 August 2007). "Rival CoD groups expel each other". The Namibian.
  4. Weidlich, Brigitte (13 August 2007). "Rival CoD groups expel each other". The Namibian.
  5. CoD's Gertze Dies New Era, 14 March 2008
  6. Weidlich, Brigitte (20 March 2008). "Tributes flow for MP Gertze". The Namibian. Archived from the original on 30 January 2022. Retrieved 23 October 2025.