Jump to content

Paulus Kapia

Go tswa ko Wikipedia

Paulus Kapia (o o tshotsweng ka Lwetse a le lesome le borobabobedi ngwaga wa 1967 kwa Ehafo, kwa kgaolong ya Oshana) ke mopolotiki wa kwa Namibia. Ke leloko la SWAPO, Kapia o tlhophilwe e le lantlha mo palamenteng ka 2005. O ne a tlhophiwa go nna moemedimogolo wa komiti ya legare ya SWAPO a bereka ka nakwana e le mothusa tona wa dipalamo le ditlhaeletsanyo mme a patelediwa go ithola marapo ka Phatwe 2005 morago ga gore a tlhagelele mo tshekong ya tshenyetso setšhaba.[1] Morago ga gore SWAPO e seegele kwa thoko ditiro tsa gagwe tsotlhe tsa phathi eo morago ga tiragalo e, Kapia o ne a latlhegelwa gape ke setilo sa gagwe sa bopalamente le sa komiti ya legare. Le fa go ntse jalo, o ne a busediwa mo tirong ya gagwe ya lekgotla la banana la SWAPO ka 2016.[2]

Kapia e ne e le leloko la lekgamu la sesole la SWAPO fa a tshabile la People's Liberation Army of Namibia (PLAN) e le morutunsthi wa sepolotiki. Go tswa ka 1992 go tsena 1998, Kapia e ne e le mokhanselara wa kgaolo ya botlhophi ya Okatjali kwa Oshana. Ka ngwaga wa 1997, o ne a tlhophiwa go etelela pele lekgotla la banana la SWAPO.[3]

Kapia o ne a seka a bonwa molato wa tshenyetso setšhaba ka ditshekatsheko tsa phathi a tswelela le ditiro tsa aggwe kwa palamenteng Le fa go ntse jalo, ga a ise ke a tlhatlogele kwa maemong a a kwa godimo gape, ka ngwaga wa 2013 o ne a santse a nna kwa morago.[4]

  1. "Paulus Kapia Resigns". The Namibian. 25 August 2005. Archived from the original on 12 August 2014. Retrieved 16 October 2025.
  2. Amupadhi, Tangeni (6 February 2006). "Kapia back on the Swapo Party payroll". The Namibian.
  3. Paulus Kapia Namibia Institute for Democracy, 2007
  4. Ndimbira, Diana (18 July 2013).Windhoek Observer. "What went wrong?".