Jump to content

Pedro Lima (actor)

Go tswa ko Wikipedia

Pedro Manuel Barata de Macedo Lima (20 Moranang 1971 (20 Seetebosigo 2020) e ne e le motshameki wa thelebishene wa Mo-Portugal le Mo-Angola, yo o neng a tlhagelela mo ditelenovelas kwa Portugal. Gape e ne e le moatleletiki wa diolimpiki wa go thuma.[1] [2]

Motshameko wa go thuma

[fetola | Fetola Motswedi]

O ne a emela Angola ka 1988 le 1992 kwa Diolimpiking tsa Selemo.

Lima o ne a nna le seabe mo dikgaisanong di le mmalwa tsa go thuma mme ga a ise a ko a tsenele dikgaisano tsa kwa pele. Ka 1988, o ne a kgaolwa mo kgaisanong ya banna ya 50 m freestyle, a fetsa a le 62 mo kgaisanong ya banna ya 100 m freestyle, a le 42 mo kgaisanong ya banna ya 100 m butterfly. Ka 1992, Lima o ne a fetsa e le wa bo43 mo metshamekong ya banna ya 50 m freestyle le wa bo53 mo metshamekong ya banna ya 100 m butterfly. Lima o ne gape a gapa gouta le boronse kwa All-Africa Games ka 1991, o ne a gapa gouta mo metshamekong ya banna ya 50 m freestyle le boronse mo metshamekong ya banna ya 100 m butterfly. [3]

Ka 2018, Lima o ne a tshwere direkoto tse pedi tsa bosetšhaba tsa Angola, rekoto ya 50 m freestyle e e beilweng ka 1991 All-Africa Games ya metsotswana e le 23.98 le rekoto ya 100 m backstroke ya metsotswana e le 59.30

Motshameki wa difilimi

[fetola | Fetola Motswedi]

Fa a sena go lalediwa go tsamaisa lenaneo la thelebišene le le buang ka dibaesekopo le le bidiwang Magacine, o ne a nna le seabe mo diterameng tsa thelebišene tsa Sepotokisi tse di jaaka O Último Beijo, Ninguém como Tu, Fala-me de Amor, Ilha dos Amores le A Outra. Gape o ne a tshameka mo filiming ya 2009 ya Second Life.

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Lima e ne e le molekane wa ga Anna Westerlund, yo a neng a na le bana ba le bane. Gape o ne a na le ngwana wa mosimane yo o godileng go tswa mo kamanong ya gagwe ya pele le Patricia Piloto[4]

Leso la gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka 20 Seetebosigo 2020, setopo sa ga Lima se ne sa fitlhelwa kwa Abano Beach [pt] kwa Cascais, mo go se se neng se lebega e le go ipolaya. Go begwa gore o ne a romelela ditsala tsa gagwe tse pedi melaetsa ya go ba laela pelenyana mo letsatsing leno.[5]

  1. "Profile at Sports-Reference". Archived from the original on 18 April 2020. Retrieved 5 February 2015.
  2. "Pedro Lima com os filhos: "Gostamos muito de ter momentos em família"" (in Portuguese). 26 October 2014. Retrieved 5 February 2015
  3. Swimming medalist at the 1991 All Africa Games
  4. ESTA SEMANA NA CARAS: PEDRO LIMA E ANNA WESTERLUND ESTÃO JUNTOS HÁ 18 ANOS Caras. 26 December 2018
  5. "Morreu o actor Pedro Lima" (in Portuguese). Público. 20 June 2020. Retrieved 20 June 2020