Jump to content

Pelonomi Venson-Moitoi

Go tswa ko Wikipedia
Pelonomi Venson-Moitoi

Pelonomi Venson-Moitoi ke Motswana, mokwaladikgang gape le ke lepolotiki la pathi ya Botswana Democratic Party. O ne a tlhophiwa mo khuduthamageng ya sechaba ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a robabongwe le borobabongwe (1999) e le mongwe wa leloko le le kgetlhegileng go tlhophiwa gape a tlhophiwa mo ditlhophong tsa ngwaga wa dikete tse pedi le bone (2004).[1] Venson-Moitoi e ne e le tona wa mebereko, dipagamo le ditlhaeletsanyo go tsweng ka ngwaga wa dkete ts pedi le bongwe (2001) go ya kwa go wa dikete tse pedi le bobedi (2002) gape le tona wa dipapadi, madirelo, diphologolo le bojanala go tsweng ka ngwaga wa dikete tse pedi le bobedi(2002) go ya kwa go dikete tse pedi le bone(2004).[2][3] O ne a tlhomiwa go nna tona wa ditlhaeletsanyo le maranyane kwa khuduthamageng ka ngwaga wa dikete tse pedi le bone(2004).[4][5] Mo khudutlhamageng ya ngwaga wa dikete tse pedi le borobabongwe (2009), Venson-Moitoi o ne a tlhomiwa go nna tona wa ditlhaeletsanyo,maranyane le kakanyo. O ne a tla ka metlhale ya go tlhabolola itsholelo ya lefatshe ka tiriso ya Maranyane a ICT. Ebile o ne a akaretsa tiriso ya maranyane mo dithung tsa baithuto,mo e le nngwe tsela ya go tlhabolola maduo a bone.

Mme Venson o direla kwa lephateng la thuto e le tona wa lone.O ikemiseditse go thusa baithuti le barutabana ka tsotlhe dithuso tse ba ka di tlhokang. Pelonomi Venson-Moitoi o ne a tswa ka leano la go thusa baithuti ba dikolo tsa ithutelo tiro ka go ba duelela madi gore ba tsene dikolo kwa mafatsheng a sele, se e le tsele ya gore ba atswe maranyane le kitso tsa mafatshe a sele mme e re morago ba bowa ba kgone go tla go thusa lefatshe mo go tlhabologeng.

Venson o diretse lefatshe la Botswana ka lobaka le le leele. Ke ka moo a nang le tirisanyo mmogo le maloko a palamente.Bopelotele jwa gagwe mo tirong bo thusa lefatshe go tswelela le tlhabologa. Botswerere jwa gagwe bo ka nna jwa felela bo dirile gore a felele a tlhophilwe go nna mothusa tautona wa lefatshe la Botswana.

  1. "Parley elects special MPs". Botswana Press Agency (BOPA). Retrieved 2007-12-07. Tempolete:Dead link
  2. "Venson is new minister of works". Botswana Press Agency (BOPA). Retrieved 2007-12-07. Tempolete:Dead link
  3. "Mogae reshuffles cabinet". Botswana Press Agency (BOPA). Retrieved 2007-12-07. Tempolete:Dead link
  4. "Mogae appoints cabinet -Ten new faces - Five women". Botswana Press Agency (BOPA). Retrieved 2007-12-07. Tempolete:Dead link
  5. "Mogae appoints cabinet -Ten new faces - Five women". Botswana Press Agency (BOPA). Archived from the original on 10 February 2005. Retrieved 7 December 2007.

Dikgoge tsa kwa ntle

[fetola | Fetola Motswedi]