Penehupifo Pohamba
| Penehupifo Pohamba | |
|---|---|
Pohamba ka 2014 | |
| wa bobedi Mohumagadi wa Namibia | |
| In office Mopitlo a le masome mabedi le motso ngwaga wa 2005 – Mopitlo a le masome mabedi le motso ngwaga wa 2015 | |
| President | Hifikepunye Pohamba |
| Morago Ga Gagwe | Monica Geingos |
| Pele Ga Gagwe | Kovambo Nujoma |
| Ka Ga Ena | |
| O tsetswe | 1948, Seetebosigo a le lesome le borataro Okatale |
| Mokgatlho | SWAPO |
| Mo/Bakapelo | Malakias Shiluwa Hifikepunye Pohamba |
| Bana | ba le batlhano |
Penehupifo "Penny" Pohamba (o o tshotsweng ka Seetebosigo a le lesome le borataro ngwaga wa 1948) ke mooki wa kwa Namibia gape ke mopolotiki o e neng e le mohumagadi wa ga tautona wa bobedi wa Namibia fa monna wa gagwe Hifikepunye Pohamba, e ne e le tautona wa Namibia ka 2005 go tsena 2015.
Botshelo jwa a le mmotlana
[fetola | Fetola Motswedi]Pohamba o tsholetswe kwa Okatale kwa kgaolong ya Ohangwena, mo kgaolong ya botlhophi ya Oshikango gaufi le molelwane wa Angola. Pohamba o tsene sekolo se sebotlana le se segolwane kwa Odibo le Jeremiah Nambinga le Joel Kaapanda. E ne e le morutabana kwa St George's Diocesan School kwa Windhoek.
Tiro ya sepolotiki
[fetola | Fetola Motswedi]Pohamba ke leloko la SWAPO. O ne a nyalwa ke Malakias Shiluws kwa Odibo ka 1969, ba na le ngwana wa mosimane a le mongwe fela, Waldheim Shiluwa(o o tshotsweng ka 1971). Ka 1976, o ne a tswa kwa Namibia a feta ka Angola a ya Zambia. Morago ga dikgwedi di se kae kwa Zambia, Pohamba o ne a romelwa kwa Tanzania go ithutela kalafi. O ne a amogela le katiso ya sesole a bereka kwa dikampeng tse batshabi ba Namibia ba neng ba nna kwa go tsone. Morago o ne a romelwa Jamaica sebaka sa dingwaga tse thari go ithutela pelegiso. Monna wa gagwe (Malakias) o ne a bolawa ke go thunya ga moepo, ka nako eo ba na le ngwana wa mosetsana, Ndelitungapo Shiluwa (o o tshotsweng ka 1973). O ne a busediwa kwa Angola go diragatsa boitsenape jwa gagwe jwa kalafi mo bathong ba kwa ga bone.
Ka Phatwe 1981, Pohamba o ne a romelwa kwa botlhaba jwa Germany go ithutela sepolotikk kwa sekolong se se neng se beetswe batho ba Namibia. Ka 1983, o ne a boela Angola, kwa a neng a nyalwa ke tautona wa kamoso Hifikepunye Pohamba, ba nna le bana ba le bararo, Tulongeni(leina le le rayang a re berekeng) (o o tshotsweng ka 1986), Kaupumhote (le le rayang gore mo lefatsheng le, ga o ka le wa fetsa batho ba ba sa siamang) a tshotswe ka 1988) le Ndapanda (le le rayang gore ke a leboga) (a tshotswe ka 1991), morago ga boipuso.
Mo maemong a gagwe a bohumagadi, Pohamba o ne a buelela go tlhabololwa ga basadi go ba letla go nna le seabe se se bonalang mo setshabeng le go lwela go fedisa dikgoka le tlhoko tshiamo kgatlhanong le basadi. O tsere karolo gape mo go emeng nokeng tlhokomelo ya bomme ba ba itsholofetseng le bana, le mo ntweng kgatlhanong le HIV/AIDS. Ka Phukwi 2006, Penehupifo Pohamba o ne a tlhophiwa go nna mothusa tautona wa lekgotla la Southern African Development Committee (SADC). Ke mmelegisi morago ga go katisiwa kwa Tanzania le Jamaica. O berekile e le mmelegisi le mooki o o kwadisitsweng. Ke moema nokeng sepatela sa Lady Pohamba se se ikemetseng.[1]
Ka letsatsi la bagaka la 2014 o ne a fiwa tlotla ya o o gaisitseng ya maemo a ntlha.[2]
Botshelo jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Boora Pohamba ke beng ba masimo a Guinaspoh a masome mane le motso gaufi le Otavi.[3] Ke mme wa bana ba le batlhano, ba le babedi ke basimane ba le bararo ke basetsana.[4]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Marketing, Intouch Interactive. "Lady Pohamba Private Hospital". lpph.com.na. Retrieved 2025-10-20.
- ↑ "Namibians honoured by President". New Era. 28 August 2014. Archived from the original on 29 June 2018. Retrieved 20 October 2025
- ↑ Albertz, Ellen (29 November 2021). "Pensioners evicted from Pohamba's farm". The Namibian.
- ↑ "Penehupifo Pohamba – Center for Economic & Leadership Development". Archived from the original on March 28, 2016. Retrieved 2025-10-20