Perivi Katjavivi
Perivivi John Katjavivi ke modira ditshwantsho tsa motshikhinyego wa lotso lwa Namibia le Britain.[1][2] O dirile difilimi di le mmalwa tse di rategang thata di akaretsa Eembwiti, The Unseen le Film Festival Film. Kwa ntleng ga go okamela, ke motlhami, mokwadi, modiragatsi, morulaganyi le o o berekisang sekapa ditshwantsho.[3] Perivi o na le BA ya Cinema go tswa kwa Columbia College kwa Los Angeles, le MA ya African Cinema kwa UCT.[4]
Botshelo jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Katjavivi o tsholetswe kwa Oxford, England, o na le batsalwa le ene ba le batlhano. Rraagwe ebong Peter Katjivivi ke mopolotiki wa kwa Namibia, gape e le moemedi wa mafatshe a sele, gompieno ke motsamaisa dipuisano tsa palamente ya Namibia, mmaagwe ke Jane Katjavivi.[5]
Katjavivi o goletse kwa Windhoek, toropokgolo ya Namibia. O ithutetse filimi kwa Columbia College kwa Los Angeles kwa a alogileng ka BA. O na le MA mo African Cinema go tswa ka Yunibesiti ya Kapa.[6]
Tsa Pereko
[fetola | Fetola Motswedi]Ka ngwaga wa 2016, Katjavivi o ne dira filimi ya gagwe ya ntlha The Unseen. Filimi e e ne ya supiwa kwa meletlong e le mmalwa e akaretsa Busan, kwa Durban. E ne ya fenya setsele sa filimi e e gaisitseng kwa Innsbruck kwa Austria. Ka 2019, o ne a tlhama filimi e khutshwane ya Film Festival Film e e neng e kaelwa ke Mpumelelelo Mcata. Filimi e ne ya supiwa mo lefatsheng ka bophara kwa Berlinale ka Tlhakole 2019.[1]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 "Perivi Katjavivi". British Film Institute. Retrieved 17 October 2025.
- ↑ "Perivi John Katjavivi: Director, Screenwriter". berlinale. Retrieved 17 October 2025
- ↑ "Perivi Katjavivi: filmmaker and writer". Africasacountry. Retrieved 17 October 2025.
- ↑ "Perivi Katjavivi". MLASA. Retrieved 2025-10-17.
- ↑ "The intellectual liberation struggle hero: Professor Peter Katjavivi (1941 … )". New Era Newspaper Namibia. 2014-06-20. Retrieved 2025-10-17
- ↑ "Perivi Katjavivi". British Film Institute. Retrieved 17 October 2025.