Peter Katjavivi
| Peter Katjavivi | |
|---|---|
Katjavivi ka 2017 | |
| Molaola dipuisano tsa palamente | |
| In office Mopitlo a le masome mabedi le bongwe ngwaga wa 2015 – Mopitlo a le masome mabedi le motso ngwaga wa 2025 | |
| President | Hage Geingob |
| Pele Ga Gagwe | Theo-Ben Gurirab |
| Mothusa mogokgo wa University of Namibia | |
| In office 1992–2003 | |
| President | Nangolo Mbumba |
| Morago Ga Gagwe | Lazarus Hangula |
| Mogokgo wa Namibia University of Science and Technology | |
| Assumed office Phalane 2016 | |
| Deputy | Tjama Tjivikua |
| Ka Ga Ena | |
| O tsetswe | Motsheganong a le lesome le bobedi ngwaga wa 1941 Okahandja, South West Africa |
| Mosetshaba wa | Namibian |
| Mokgatlho | SWAPO |
| Mo/Bakapelo | Jane Katjavivi |
| Bana | Ba le batlhano ba akaretsa Perivi Katjavivi |
| Tiro | Mopolotiki |
| Tiro | Morutuntshi |
Peter Hitjitevi Katjavivi (o o tshotsweng ka Motsheganong a le lesome le bobedi ngwaga wa 1941) ke mopolotiki wa kwa Namibia o o berekileng e le motsamaisa dipuisano tsa palamente ya Namibia go tswa ka Mopitlo 2015 go tsena Mopitlo 2025. E ne gape e le mogokgo wa sekolo se segolwane sa ithutelo ditiro sa Namibia University of Science and Technology go tswa ka 1992 go tsena 2003, a nna moemedi wa Namibia kwa European Union ka 2003 go tsena 2006, moemedi wa Namibia kwa Germany go tswa ka 2006 go tsena 2008, le mookamedi wa komiti ya dithulaganyo tsa lefatshe go tswa ka 2008 go tsena 2010.[1][2]
Botshelo le pereko
[fetola | Fetola Motswedi]Peter Katjavivi o tsholetswe kwa Okahandja a tsena sekolo se sebotlana kwa Windhoek, a ya go tsena sekolo se segolwane sa Augustineum kwa Okahandja ka 1960 go tsena 1961, le sekolo se segolwane sa puso sa Umuahia kwa Nigeria go tswa ka 1963 go tsena 1966.Ka 1966/67 o ne a simolola go ithuta ka tsa ditso,molao le sepolotiki kwa University of Dar es Salaam kwa Tanzania. Katjavivi o ne a nna leloko la SWAPO ka dingwaga tsa 1986) e le tlhogo ya diofisi tsa SWAPO kwa London. Ka 1986, o ne a aloga ka DPhil kwa St Anthony's College kwa Oxford.
Ka 1989 e ne e le leloko la palamente ya Namibia. Go tswa ka 1992 go tsena 2003, o ne a le mothusa mogokgo wa University of Namibia, se a nnileng le seabe se setona mo motheong wa sone. Katjavivi e ne e le leloko la makgotla a thuto, ngwao le dipatlisiso a le mmalwa. O berekile e le tautona wa lekgotlana la dipatlisiso tsa melao ya itsholelo ya Namibia go simolola ka 1990,fa a le modulasetilo wa khansele ya digopotso tsa lefatshe go tswa ka 1992 go tsena 2000, le e le leloko la khansele ya UNESCO go tswa ka 1993 go tsena 1997. Go tswa ka 2003 go tsena 2006, e ne e le moemedi wa European Union kwa Brussels, go tswa ka 2006 go tsena 2008, a nna moemedi kwa Germany. O ne a thapiwa go nna mookamedi wa komiti ya dithulaganyo tsa lefatshe ka Moranang a le malatsi a robabobedi ngwaga wa 2008.[3]
Morago ga ditlhopho tsa Ngwanatsele 2009 tsa palamente, tautona Hifikepunye Pohamba o ne a thapa Katjavivi go nna mongwe wa maloko a marataro a a sa tlhopheng a palamente, a a itlhophetsweng ke tautona mo sebakeng se se simologileng ka Mopitlo 2010.[4] Selo se se ne sa mo dira moeteledipele wa SWAPO kwa palamenteng. O ne a nna leloko la palamente mo ditlhophong tsa Ngwanatsele 2014 tsa bopalamente,a emetse SWAPO.[5] Fa palamente e simolola dipuisano tsa yone ka Mopitlo a le malatsi a a masome mabedi ngwaga wa 2015,Katjavivi o ne a tlhomamisiwa e le motsamaisa dipuisano tsa palamente, a tlhatlhama Theo-Ben Gurirab.[6][7] Ka 2016 o ne a tlhomiwa mogokgo wa sekolo se segolwane sa ithutelo ditiro sa Namibia University of Science and Technology (NUST).[8]
Botshelo jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Katjavivi o ne a nyetse mosadi wa kwa Britain,Jane Katjavivi, ba na le bana ba le batlhano. O bua diteme tse dingwe tse tlhano ntle le ya gaabo ga Herero.
Dietsele
[fetola | Fetola Motswedi]Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Search". www.unmultimedia.org. Retrieved 2025-10-17
- ↑ "The intellectual liberation struggle hero: Professor Peter Katjavivi (1941 … )". New Era Newspaper Namibia. 2014-06-20. Retrieved 2025-10-17
- ↑ Christof Maletsky, "Pohamba reshuffles Cabinet", The Namibian, 9 April 2008.
- ↑ Bridgitte Weidlich, "Sixty seven new MPs sworn in", The Namibian, 23 March 2010.
- ↑ "So, who is going to parliament?" Archived 2015-07-29 at the Wayback Machine, New Era, 2 December 2014.
- ↑ "Katjavivi is now Speaker of the National Assembly" Archived 2018-11-16 at the Wayback Machine, NAMPA, 20 March 2015.
- ↑ Shinovene Immanuel, "Katjavivi vows to keep MPs in line" Archived 2023-03-21 at the Wayback Machine, The Namibian, 23 March 2015.
- ↑ "Katjavivi appointed NUST chancellor". New Era. 18 October 2016.