Jump to content

Peter Naholo

Go tswa ko Wikipedia

Peter Naholo ke mopolotiki wa kwa Namibia, o pele a neng a le mo makgotleng a pereko. Naholo e ne e le molwantwa wa phathi ya People's Liberation Army of Namibia (PLAN), lotlhakore lwa sesole la SWAPO. Ka ngwaga wa 2009, o ne a le mo maemong a borataro a palamente ya phathi e e neng e sa tswa go tlhamiwa ya Rally for Democracy and Pogress, a bona setilo mo palamenteng. Ka Lwetse a le lesome le bone ngwaga wa 2010, Naholo le ba bangwe ba robabobedi ba diphathi tsa kganetso ba ne ba tlhomamisiwa morago ga go sa tsenelele palamente ka go ne go sa tsamaisiwe sentle ka ditlhopho tsa 2009.[1] Ka Phalane a le lesome le borobabongwe 2010, Naholo o ne a bua mafoko a gagwe a ntlha e le mopalamente, mo mafokong ao, Naholo o ne a supa gore maloko mangwe a SWAPO a ikhumisitse ka puso fa e sale ka boipuso pele ga a tlhaselwa a bo a kopiwa go boela mafoko a gagwe ka morago ke motsamaisa dipuisano tsa palamente Theo-Ben Gurirab. Morago mo palamenteng yone eo, maloko a SWAPO a le mmalwa a ne a supa Naholo ka monwana le maloko a mangwe a RDP go bo ba ikhumisitse fa ba le mo pusong e le maloko a SWAPO.[2]

Makgotla a babereki

[fetola | Fetola Motswedi]

Naholo e ne e le mokwaledi mogolo wa lekgotla la babereki ba meepo kwa Namibia go tswa ka 1993 go tsena 2001.[3]

  1. Full house Archived 2012-03-31 at the Wayback Machine The Namibian, 15 September 2010
  2. Swapo threatens a walkout in NA Archived 2010-10-23 at the Wayback Machine The Namibian, 20 October 2010
  3. Naholo on War Path New Era, 24 January 2006