Peter Segopotso Mabeo
Peter Segopotso Mabeo | |
|---|---|
| Tsalo | 1971 (dingwaga di le masome matlhano le metso e meraro kgotsa e mene Gaborone, Botswana |
| Ke mo | Motswana |
| Tiro | Motlhami wa Fenitshara, mogwebi |
| Dingwaga tsa a le mo tirong | 1997 go tsena gompieno |
| O itsegi ka | Motlhami wa Mabeo Studio |
Notable work | Dikgobokanyo tsa Fendi "Kompa", setilo sa Maduo, kobotlo ya Chichira |
| O fetheletse | ICFF Editors ka 2006, 2008 le 2010 |
| Maranyane | https://mabeostudio.com/ |
Peter Segopotso Mabeo (o tshotswe ka ngwaga wa 1971 mo Gaborone ,botswana) ke mmetli o o ithutileng tiro eo ebile e le mosimolodi wa Mabeo Furniture le Mabeo Studio. O itsege ka go tswakanya magokaganyane a petlo a ditso tsa Botswana le a mašha, a dira gore go nne le nyalano gareng ga babetli ba mo gae le ba mafatshefatshe, le go dira tse di ipelelwang kwa ditshupong tsa mafatshe jaaka Fendi le ICFF.[1][2][3]
Botshelo jwa a le mmotlana le motheo wa sekao
[fetola | Fetola Motswedi]O ithutetse tsa go dira, a simolola tiro ya gagwe mo Botswana, kwa a neng a tlhama madirelo a magokanyane a sešha le a setso. Mabeo o simolotse go bereka le ba tiro ya diatla ka ngwaga wa 1997, a dira fenitšhara e a e itiretseng ya logong, go loga ditlatlana le go loga matsela.[2][4][5]
Ka ngwaga wa 2006, o ne a tlhama Mabeo Furniture mo Gaborone go tlhomamisa tiro ya gagwe ya botlhami le go amanya boswa jwa botlhami jwa Botswana le jwa sešha.[1][2][6]
Methale ya botlhami le perekisano le ba bangwe
[fetola | Fetola Motswedi]Mabeo o gatelela go itshegetsa, botlhami, setso le bosetšhaba mo tirong ya gagwe.[6] Tiro ya gagwe e tswakanya methale ya setso ya botlhami le methale ya sešha, se se dira gore bontle jwa Botswana bo kgone go supiwa mo go tseneletseng.[7][8]
O berekile le batlhami ba maemo jaaka Patricia Urquiola, Patty Johnson, Claesson Koivisto Rune, Garth Roberts, Luca Nichetto le Studio Noi, a baka dipuisano tsa ditso tse difarologaneng ka botlhami.[3][4][7]
Go itsewe mo lefatsheng ka bophara le dietsele
[fetola | Fetola Motswedi]Mabeo o supile tiro ya gagwe mo ditshupong tse dikgolo jaaka tsa beke ya ditshupo ya Milan, ICFF (New York), le kwa moletlong wa botlhami wa Lontone. Lefelo la gagwe la pereko le ne la fenya seetsele sa motlhami o o gaisitseng ka ngwaga wa 2006 le 2008 sa ICFF, le sa fenishara e e gaisitseng ka ngwaga wa 2010.[2][3][6]
Ditiro le dikamano tsa botlhokwa
[fetola | Fetola Motswedi]- Dikgobokanyo tsa Fendi tsa Kompa tsa ngwaga wa 2022, di diretswe Design Miami, di akaretsa dilwana di le lesome tse di dirilweng mo Botswana, go na le tlaleletso ya babetli, ba ba bopang, ba ba logang ditlatlana le ba ba berekang ka tshipi. Dilwana tse di lemogilweng thata di akaretsa setilo sa Maduo, setilo sa Foro le kobotlo ya Chichira.[9]
- Ka ngwaga wa 2021, o ne a bereka le Vincent Van Duysen a dirisa logong lwa Panga panga le methale ya go betla go tlotlomatsa botlhami jwa mo gae.
- O berekile mo ditirong tsa selegae jaaka go direla Orange Babies fenitšhara kwa ditshupong tsa FNB kwa joburg, a tlhomamisa maikaelelo a gagwe a go dira tsa selegae.[10]
Boswa le ponelopele
[fetola | Fetola Motswedi]Mabeo o supa ponelopele ya botlhami e e sa supeng katlego e le ya dipoelo tsa madi fela, mme ele go bereka mmogo, go supa ditso le go nna le itsholelo e e itshetletseng ya botlhami.[7] O ntse o itlamile go godisa bokgoni jwa Botswana jwa botlhami le go amana e ba bangwe mo lefatsheng ka bophara.[6][8]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 "Peter MABEO". INT Design. Retrieved 22 September 2025.
- 1 2 3 4 "Peter Mabeo Online Shop | Shop Furniture at Pamono". pamono.es (in Spanish). Retrieved 22 September 2025.
- 1 2 3 wellmadeafrica (2011-06-01). "Design: Mabeo Furniture Inspired by Botswana's Culture and Craftwork". atelier 55 - The Curators of Contemporary African Design, Craft, Decor, Homeware & Interiors. Retrieved 22 September 2025
- 1 2 "ChicAfrican | Peter Mabeo – designer and master craftsman". chic-african.com. Retrieved 22 September 2025,
- ↑ "In Botswana to Find Etsha Baskets—Pamono Stories". pamono.eu. Retrieved 22 September 2025.
- 1 2 3 4 "Gaborone-based Peter Mabeo is gaining respect on the global design stage". Design Indaba. Retrieved 22 September 2025.
- 1 2 3 Gaddis, Anicée (2018-08-06). "TRUE Africa | A Design Life with Peter Mabeo". TRUE Africa. Retrieved 22 September 2025
- 1 2 "Designer Peter Mabeo is making his mark by slowing things down – YourBotswana". Retrieved 22 September 2025.
- ↑ Martin, Hannah (2022-02-11). "Fendi Collaborates with Designer Peter Mabeo on an Artful Furniture Collection". Architectural Digest. Retrieved 22 September 2025
- ↑ "Peter Mabeo Design Collab at the FNB JoburgArtFair". Visi. 2017-09-04. Retrieved 22 September 2025.