Petrina Haingura
| Petrina Haingura | |
|---|---|
| Mopalamente | |
| Assumed office 2005 | |
| Ka Ga Ena | |
| O tsetswe | Petrina Hamutenya Haingura 1959 Phukwi a le masome mabedi le bosupa Rundu, kwa kgaolong ya Kavango |
| Mokgatlho | SWAPO |
Petrina Namutenya Haingura (o o tshotsweng ka Phukwi a le masome mabedi le bosupa ngwaga wa 1959 kwa Rundu, kwa kgaolong ya Kavango) ke mopolotiki wa kwa Namibia. Haingura ke leloko la SWAPO, o na le setilo kwa palamenteng ya Namibia fa e sale ka 2005. O goletse mo lolwapeng lo lo emang nokeng SWAPO ebile lo sale lo dira jalo fa e sale ka 1980. Ka nako ya tlhopho ya gagwe mo palamenteng, Haingura o ne a tlhophiwa go nna mothusa tona wa botsogo le selegae. O tsere karolo gape mo khanseleng ya bomme ba phathi ya SWAPO.[1]
Haingura o na le setlankana sa booki go tswa kwa sekolong sa kalafi sa kereke ya lutere sa Onandjokwe ka 1980, a nna gape le diploma ya booki go tswa Oshakati Nursing College ka 1984, a dira diploma ya pelegi kwa Windhoek Nursing College ka 1985, dilpoma tse di fa godingwana tsa go rotloetsa botsogo go tswa kwa University of Namibia ka 1992, diploma ya botsogo jwa setshaba ko African and Medical Research Foundation kwa Nairobi, Kenya le masters tsa botsogo jwa setshaba kwa University of Liverpool.
Petrina Haingura ke motlholagadi wa mopolotiki o mongwe wa SWAPO le molweladitshwanelo Ambrosius Haingura. O tlhokafatse ka 2010.[2]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Petrina Haingura Archived 2011-06-11 at the Wayback Machine at Namibia Institute for Democracy
- ↑ Shiremo, Shampapi (19 November 2010). "Cde Ambrosius Haingura: A great campaigner for equality and freedom". New Era. Archived from the original on 31 March 2012. Retrieved 14 October 2025.