Philes Ongori
Philes Moora Ongori (o tshotswe ka kgwedi ya Phukwi e le lesome le boferabongwe (19) ka ngwaga wa 1986 kwa Chironge, Kiamokama, mo Kgaolong ya Kisii) ke motabogi wa sekgala se seleele wa kwa Kenya yo o gaisanang mo dikgaisanong tsa halofo ya marathone le marathone.
O simolotse tiro ya gagwe kwa Japane mme a gapa di-All-Japan Corporate titles di le mmalwa mo setlhopheng sa Hokuren. O ne a taboga dimetara di le 10 000 mo metshamekong ya kgwele ya dinao ya ngwaga wa 2007 World Championships in Athletics, mme o ne a itsege thata mo metshamekong ya halofo ya marathone ka ngwaga wa 2008 fa a ne a fenya Kagawa Marugame Half Marathon ka nako e e bonako go di gaisa tsotlhe mo ngwageng. Kwa IAAF World Half Marathon Championships ya ngwaga wa 2009 o ne a gapa sekgele sa selefera. Ongori o ne a fenya ka nako ya gagwe ya ntlha ya marathone kwa Rotterdam Marathon ka ngwaga wa 2011, a tlhoma nako ya 2:24:20 ya diura.
Tiro
[fetola | Fetola Motswedi]Philes Ongori o goletse mo motsaneng o le mongwe fela le motabogi yo mongwe yo mogolo wa mosadi wa sekgala se seleele e bong Margaret Okayo, yo o gapileng sekgele sa New York City Marathon gabedi. Ongori o ne a fudugela kwa Japane fa a ne a le mo dingwageng tsa bolesome mme a tsenela Sekolo se Segolo sa Yamanashi Gakuin. O ne a tsenela Hokuren Women's Running Club ka ngwaga wa 2005 mme a gapa dikgele di le tlhano tsa All-Japan corporate mo lebaleng la metshameko, mo sekgaleng sa dimetara di le 1500 go ya go di le 10 000.[1] O ne a nna karolo ya setlhopha sa Kenya sa Chiba Ekiden ka kgwedi ya Ngwanatsele ka ngwaga wa 2005 mme o ne a taboga lebelo le le kwa godimo mo legong la ntlha mme Kenya ya fenya lobelo. [2]O ne a simolola go taboga halofo ya marathone ka kgwedi ya Mopitlwe ka ngwaga wa 2006 mme a fenya mo tekong ya gagwe ya ntlha, a tsaya sereto sa Matsue Ladies Half Marathon. [3][4][5]Ongori o ne a tsaya maemo a boraro kwa Sapporo Half Marathon moragonyana mo ngwageng oo.[6]O ne a dira rekoto ya gagwe ya metsotso e le 31:18.85 mo metshamekong ya dimetara di le 10 000 ka kgwedi ya Lwetse kwa Oita.[7]
O ne a na le nako ya gagwe ya ntlha ya sub 1:10 mo half marathon kwa All-Japan Corporate Half Marathon ka ngwaga wa 2007, eo a neng a e fenya ka nako ya 1:09:50 diura.[8]O ne a tlhophiwa go tsenela lobelo lwa dimetara di le 10 000 kwa Dikgaisanyong tsa Lefatshe tsa ngwaga wa 2007 mme a fetsa e le wa borobedi. Ngwaga o o latelang o ne a fenya Kagawa Marugame Half Marathon; nako ya gagwe ya 1:07:57 e ne e le ya bobedi e e bofefo go gaisa e e kileng ya bonwa mo kgaisanong eno.[9] Nako eno e ne e le lebelo le le kwa godimo go gaisa le le kileng la tsamaya ke moatlelete mongwe le mongwe mo ngwageng oo.[10]O ne a solofetswe go dira sentle kwa All-Japan Corporate Half Marathon, mme e ne e le Yukiko Akaba yo o tsereng sereto fa Ongori a feditse lobelo ka boraro.[11]O ne a fitlha mo sekgaleng sa bobedi sa rekoto ya gagwe e e gaisang ya dimetara di le 10 000 kwa Hyogo Relays kwa Kobe, a feta Yoko Shibui.[12]
E ne e le mo kgaisanong ya Ras Al Khaimah Half Marathon mme a tokafatsa nako ya gagwe go nna 1:07:50 go tsaya maemo a boraro. [13]Ka Motsheganong o ne a fenya Sotokoto Safari Half Marathon kwa Kenya, a fenya Helena Kiprop mo tseleng.[14] Kwa Kenya Track and Field Championships o ne a le wa boraro mo 10,000 m, a setse Linet Masai le Lineth Chepkurui.[15]Dipontsho tsa gagwe di ne tsa dira gore a tlhophiwe go tsenela dikgaisano tsa IAAF World Half Marathon Championships tsa ngwaga wa 2009 mme le fa Mary Keitany a ne a tswelela go fenya, Ongori o ne a fenya Aberu Kebede mo kgaisanong ya go fetsa lebelo go bona sekgele sa selefera. Se se ne sa thusa Kenya go gapa sekgele sa setlhopha sa basadi kwa kgaisanong eo.[16]
Abu Dhabi Half Marathon e ne e le kgaisano ya gagwe e kgolo ka ngwaga wa 2010 mme o ne a le mofenyi wa bobedi morago ga molekane wa gagwe Keitany.[17]Ka kgwedi ya Mopitlwe wa ngwaga o o latelang Ongori o ne a taboga kwa Paris Half Marathon, mme gape o ne a le wa bobedi morago ga mo-Kenya, mo nakong eno e le Peninah Arusei.[18] Ongori o ne a simolola go taboga marathone ka kgwedi ya Moranang ka ngwaga wa 2011 kwa Rotterdam Marathon mme o ne a feta Hilda Kibet yo o nang le maitemogelo mo dikgatong tsa bofelo go fenya lobelo ka lobelo lwa nako ya ntlha ya go taboga lwa diura di le 2:24:20.[19] O ne a le mofenyi wa ntlha wa kwa Kenya kwa World 10K Bangalore, a tsaya maemo a botlhano morago ga basadi ba kwa Ethiopia. [20] O ne a fenya Berlin Half Marathon ka kgwedi ya Moranang ka ngwaga wa 2012, a fenya Helah Kiprop ka motsotswana o le mongwe kwa moleng,[21]a bo a fenya Yangzhou Jianzhen International Half Marathon kwa bokhutlong jwa kgwedi.[22]O ne a le wa bobedi kwa Sotokoto Safari Half Marathon ka kgwedi ya Seetebosigo, mme o ne a fosa nako e e setseng ya setlha.[23]
O simolotse ngwaga wa 2013 ka go nna mofenyi wa bobedi kwa Berlin Half Marathon le Prague Marathon. O ne a le wa botlhano kwa Yokohama Women's Marathon.[24]
Morwarragwe Peter Isaboke Mogere le ene e ne e le motabogi. Ka kgwedi ya Mopitlwe e le lesome le boferabongwe(19) ka ngwaga wa 2010 o ne a wa mme a tlhokafala morago ga go fetsa lebelo la dimetara di le 5000 kwa Ruring'u Stadium, kwa Nyeri. [25]
Diphitlhelelo
[fetola | Fetola Motswedi]- 8th 2007 World Championships, 10,000m
- 2009 Ras Al Khaimah Half Marathon
- 2009 World Half Marathon Championships (1st in team race)
- 2011 Rotterdam Marathon
Ditiragalo tse di di gaisang tsotlhe
[fetola | Fetola Motswedi]- 800 metres – 2:05.56 min (2004)
- 1500 metres – 4:11.86 min (2004)
- 3000 metres – 8:47.88 min (2007)
- 5000 metres – 14:50.15 min (2007)
- 10,000 metres – 31:18.85 min (2006)
- Half marathon – 1:07:38 hrs (2009)
- Marathon – 2:24:20 (2011)
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Ongori triumphs in marathon debut. The Daily Yomiuri (12 April 2011). Retrieved 16 April 2011
- ↑ Nakamura, Ken (23 November 2005). "Kenyan men win in Chiba with World's fastest ever time". IAAF. Retrieved 2 May 2016
- ↑ Nakamura, Ken (21 March 2006). "Phyles wins Matsue Half Marathon". IAAF. Retrieved 2 May 2016
- ↑ Larner, Brett (31 March 2011). Women's Half Marathon[permanent dead link]. Association of Road Racing Statisticians. Retrieved 16 April 2011.
- ↑ Nakamura, Ken (6 July 2006). "'On the road to Debrecen' – Noguchi versus Ndereba in Sapporo". IAAF. Retrieved 2 May 2016.
- ↑ Nakamura, Ken (9 July 2006). "Noguchi wins in Sapporo as Ndereba's challenge never materializes". IAAF. Archived from the original on 25 August 2012. Retrieved 16 April 2011.
- ↑ Ongori, Philes. IAAF. Retrieved 16 April 2011
- ↑ Nakamura, Ken (11 March 2007). "Maeda & Philes win Japanese Corp Half Marathon Champs". IAAF. Retrieved 2 May 2016
- ↑ Nakamura, Ken (3 February 2008). "Philes blasts to 1:07:57, as Kenyans dominate at Marugame Half Marathon". IAAF. Archived from the original on 5 October 2012. Retrieved 16 April 2011
- ↑ Half Marathon 2008. IAAF (9 September 2010). Retrieved 16 April 2011
- ↑ Nakamura, Ken (16 March 2008). "Akaba, Gebretsadik take All-Japan Corporate Half Marathon titles". IAAF. Retrieved 2 May 2016
- ↑ Nakamura, Ken (28 April 2008). "10,000m world leads for Ndambiri and Ongori in Kobe". IAAF. Retrieved 2 May 2016
- ↑ Minshull, Phil (20 February 2009). "Makau produces second fastest time ever, Tune clocks national record at RAK Half Marathon – updated". IAAF. Retrieved 2 May 2016
- ↑ Mutuota, Mutwiri (25 May 2009). Marathon winners’ parade[permanent dead link]. The Standard. Retrieved on 16 April 2011. [dead link]
- ↑ Makori, Elias (27 July 2009). "Masai makes Tergat's flight delay worth the while – Kenyan Champs, Day 2". IAAF. Retrieved 2 May 2016
- ↑ Turner, Chris (11 October 2009). "Frustration turns to delight for Keitany – WOMEN's RACE REPORT – World Half Marathon, Birmingham". IAAF. Retrieved 2 May 2016.
- ↑ Zorzi, Alberto (8 January 2010). "Fast wins for Keitany and Regassa in Abu Dhabi Half". IAAF. Retrieved 2 May 2016
- ↑ 19th Paris Half Marathon: Kibet and Arusei leaders Archived 21 March 2012 at the Wayback Machine. Star Africa (8 March 2011). Retrieved 16 April 2011
- ↑ van Hemert, Wim (10 April 2011). "Chebet impresses with 2:05:27 victory in Rotterdam". IAAF. Retrieved 2 May 201
- ↑ Krishnan, Ram. Murali (5 June 2011). "Limo and Tune prevail in Bangalore 10Km". IAAF. Retrieved 2 May 2016.
- ↑ Martin, David (1 April 2012). "Koech and Ongori prevail in heated battles in Berlin Half". IAAF. Retrieved 2 May 2016.
- ↑ Jalava, Mirko (30 April 2012). "Abshero and Ongori take Half Marathon victories in Yangzhou". IAAF. Retrieved 2 May 2016
- ↑ Philes Ongori. Tilastopaja. Retrieved 13 May 2013. Archived 30 December 2013 at the Wayback Machine
- ↑ Marantz, Ken (17 November 2013). "Fourth Japanese Marathon victory for Mayorova in Yokohama". IAAF. Retrieved 29 November 2013
- ↑ Daily Nation, 20 March 2010: Athlete dies after Ruring’u heat Retrieved 21 March 2010