Philip Matante
Philip Parcel Goanwe Matante ( o tshotswe ka kgwedi ya Sedimonthole e le masome a mabedi le botlhano ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le lesome le bobedi (1912) a bo a tlhokafala ka kgwedi ya Phalane e le masome a mabedi le botlhano ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a supa le borobabongwe (1979) e ne e le rrabatho wa Motswana e bile e le mosimolodi wa mokgatlho wa sepolotiki wa Botswana People's Party . E ne e le moeteledipele wa kganetso mo Palamenteng ya Botswana go tloga fa e tlhongwa ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a marataro le botlhano (1965 )go fitlha a tlhokafala ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a supa le borobabongwe (1979).
Botshelo jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Philip Parcel Goanwe Matante o tshotswe ka ngwaga wa sekete , makgolo a robabongwe le masome a mabedi le bongwe(1921) [1]. O tlhalositse fa rraagwe e ne e le Goanwe Matante wa Serowe. O ne a direla ba African Auxiliary Pioneer Corps mo Ntweng ya Lefatshe ya bobedi, e mo go yone a neng a le mongwe wa batho ba se kae fela mo sesoleng sa Borithane go tshwara maemo a sejente ntleng ga botlotlegi jo bo kwa godimo. Matante o ne a fudugela kwa Francistown ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a matlhano le bosupa (1957), kwa a neng e le mookamedi wa lebentlele gape e le Tona. O ne a nna mongwe wa basimolodi ba babedi ba Mokgatlho wa Setso wa Tatitown ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a matlhano le borobabongwe (1959).
Mmogo le KT Motsete le Motsamai Mpho, Matante o ne a simolola mokgatlho wa sepolotiki wa Bechuanaland People's Party, le morago le neng la bidiwa Botswana People's Party (BPP) . Ka mokgatlho o, o ne a nna kgatlhanong le Bosireletsi jwa Borithane mo kgaolong, a bo tlhalosa e le jwa kgetlhololo ka letso le mmala mme e bile a amanya ditsamaiso tsa jone le mathata a batho. Matante o ne a supa fa go tshwarwa ga baganetsi ba sepolotiki e le bosupi jwa gore Botswana o ne a fetogile go nna wa puso ya sepodisi, le fa kganetso e ne e tshosetsa gore e tlaa tsena mo tirisodikgokeng ya sepolotiki . O ne gape a nganga ka gore United Kingdom ga e kgone go sireletsa lefatshe la Botswana mo matshosetsing a mafatshe a sele. Ka ntlha ya mabaka a, ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a marataro le bobedi (1962) o ne a batla boipuso gone foo fela, e seng go feta tshimologo ya ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a marataro le borato (1963). Fa se se sa diragale, o ne a swetsa ka gore "Borisireletsi ga bo kitla bo kgona go bona boipuso ka tsela epe fela fa e se ya phetogo ya dikgoka", mme go bolelwa fa a ile a aga sesole se sennye sa digogela-tlhoko go diragatsa seo.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ mokopakgosi, brian t mokopakgosibrian t (2011-01-01), "Matante, Philip" (in en), Dictionary of African Biography (Oxford University Press), doi:10.1093/acref/9780195382075.001.0001/acref-9780195382075-e-1295, ISBN 978-0-19-538207-5, https://www.oxfordreference.com/display/10.1093/acref/9780195382075.001.0001/acref-9780195382075-e-1295, retrieved 2024-11-01