Phylia Nwamitwa II
Hosi Phylia Tinyiko Lwandlamuni Nwamitwa II, yo gape a itsegeng jaaka Tinyiko Nwamitwa-Shilubana, ke moeteledipele wa setso wa kgaolo ya Valoyi kwa Limpopo.[1][2]
Go nna tlhogo ya morafe
[fetola | Fetola Motswedi]O ne a tlhophiwa go nna tlhogo ya kgaolo ka 2002, morago ga go sa utlwane le ntsalae ka go salana morago ga gagwe mo setulong sa bogosi ka ntlha ya bong jwa gagwe jwa sesadi. Dikgotlhang di simolotse morago ga gore rraagwe, Hosi Fofoza Nwamitwa, a tlhokafale ka 1968 a sena moruaboswa wa monna.[3] Ka ntlha ya molao o o neng o lekanyetsa setilo sa bogosi mo banneng ba e neng e le bone fela ba ba neng ba ka nna leitibolo ka nako eo, malomaagwe e bong Richard o ne a nna mlatedi wa gagwe. Hosi Richard o ne a tlhokafala ka 2001, fa molao motheo wa Afrika Borwa wa 1994 o o tlhomamisang gore banna le basadi ba na le ditshwanelo tse di lekanang o ne o sa ntse o dira. Jaaka moruaboswa yo o tshwanetseng, Phylia Nwamitwa o ne a batla go busetsa tshwanelo ya gagwe ya go nna mo setulong sa bogosi. O ne a romelwa kwa kgotleng ke ntsalae yo o neng a sa itumela e bong Sidwell Nwamitwa, morwa wa ga Hosi Richard, yo o neng a re babusi ba segosi ga ba na tshwanelo ya go fetola ngwao ya batho ba Valoyi.[4][5][6]O ne a tlhomiwa jaaka mmusi wa setso morago ga go fenya kgetsi. Go ya ka tshwetso ya Kgotlatshekelo ya Molaotheo, Molaotheo wa Afrika Borwa wa 1994 o tlhomamisa seriti le maemo a basadi jaaka baagi ba ba sa tseweng ba le kwa tlase ga banna. Ke mmusi wa ntlha wa setso wa mosadi wa batho ba Batsonga,[7]le mosadi wa ntlha mo hisetoring ya morafe go tlhophiwa jaaka Hosi.[1]
Botshelo jwa gagwe jwa pele
[fetola | Fetola Motswedi]Phylia Nwamitwa ke ngwana wa ntlha le wa bofelo wa ga Kgosi wa pele, Fofoza Nwamitwa, le mosadi wa gagwe Nkosikazi Favazi Nwamanave. O ne a nyetswe ke Thompson Shilubane, leloko la lelapa la segosi la Nkuna/Shilubane. O ne a tlhokafala ka 1979. Ba na le bana ba le bane.[1]
Thuto le tiro
[fetola | Fetola Motswedi]O simolotse sekolo sa gagwe se sepotlana a le dingwaga di le supa, ka nako e basetsana ba neng ba sa letlelelwa go tsena sekolo. Morago ga go fetsa sekolo sa gagwe sa sekontari ka 1959, o ne a ikwadisa kwa kholetšhe ya ikatiso ya Lemana go ithutela go nna morutabana.[1] Fa a ntse a dira jaaka morutabana, o ne a bona dikirii ya Bachelor of Arts ya go ithuto batho kwa mmadikolo wa Afrika Borwa. Mo godimo ga moo, Phylia Nwamitwa o na le dikirii ya bongaka ya tlotlo ya molao go tswa kwa mmadikolo o o tshwanang.[7]
O ne a dira jaaka Motlhatlhobi wa Thuto go tloga ka 1989 go fitlha ka 1994. Ka dingwaga tsa bo1990, o ne a nna matlhagatlhaga mo dipolotiking mme a tlhophiwa jaaka leloko la Palamente ka thekete ya African National Congress (ANC) go tloga ka 1994 go fitlha ka 2009. Ga jaana ke mothusa modulasetulo wa Huvu ya Valoyinkulu, modulasetulo wa Mopani wa Ntlo ya Baeteledipele ba Setsos, mmogo le leloko la khuduthamaga ya Ntlo ya Baeteledipele ba Setso ya Limpopo .[1]
Go buelela
[fetola | Fetola Motswedi]Phylia Nwamitwa o ntse a tshwaragane le mekgatlho e e seng ya puso e e dirang ka thata ya basadi mo Aforika Borwa.[7] O beile kwa pele tlhabololo ya kgaolo ya gagwe ya magae, ko go tlhoka tiro le HIV-Aids di leng kwa godimo.[4]
Ke mongwe wa baeteledipele ba setso ba basadi ba le mmalwa ba boeteledipele jwa bone bo ithutiwang ka fa tlase ga lenaneo la mmadikolo wa Ghana le le bidiwang "Basadi le Botsayakarolo mo Dipolotiking mo Aforika: Patlisiso e e utwisisang ya Baemedi le Maikarabelo a Baeteledipele ba Basadi", e e tlamelwang ka matlole ke Andrew W. Setheo sa Mellon. Mo lenaneong le, go dirisiwa mekgwa e e farologaneng go batlisisa ka ga kemedi ya basadi mo setheong sa boeteledipele le tlhotlheletso ya bona mo ditshwanelong tsa basadi le boitekanelo mo Botswana, Ghana, Liberia le Aforika Borwa.[8][9]Babatlisisi ba ba eteletseng pele mo porojekeng eno, Peace A. Medie, Adriana A. E Biney, Amanda Coffie le Cori Wielenga, le bona ba gatisitse pampiri ya maikutlo e e nang le setlhogo se se reng "Baeteledipele ba setso ba basadi ba ka thusa go netefatsa gore molaetsa wa leroborobo o a utlwiwa" mo The Conversation news, e e buang ka gore baeteledipele ba setso ba basadi ba ka ruta batho ba ba leng ka fa tlase ga bone ka ga COVID-19.[10]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 3 4 5 "Hosi Nwamitwa living proof leadership is service – Mukurukuru Media". 22 November 2020. Retrieved 21-11-25
- ↑ "'A Hosi is truly born'". The Mail & Guardian. 4 September 2008. Retrieved 21-11-25
- ↑ "Shangaans' first woman chief". News24. Retrieved 21-11-25
- 1 2 "New tribal chief cracks South Africa's glass ceiling". The Irish Times. Retrieved 21-11-25
- ↑ Shilubana & Others v Nwamitwa 2009 (2) SA 66 (CC)
- ↑ Perumal, Devina N (3 May 2011). "Harmonising cultural and equality rights under customary law — some reflections on Shilubana & Others v Nwamitwa 2009 (2) SA 66 (CC)". Gender & Rurality. 24 (84): 101–110. doi:10.1080/10130950.2010.9676313. S2CID 141828180 – via Taylor and Francis Online.
- 1 2 3 "Profile of Hosi T.L.P Nwamitwa II". Valoyi Traditional Authority. 11 January 2012. Retrieved 21-11-25
- ↑ "Home". Women Traditional Leaders. Retrieved 21-11-25
- ↑ "Women Traditional Leaders". PEACE ADZO MEDIE. Retrieved 21-11-25
- ↑ Biney, Adriana; Coffie, Amanda; Wielenga, Cori; Medie, Peace A. (24 August 2020). "Women traditional leaders could help make sure the pandemic message is heard". The Conversation. Retrieved 21-11-25