Jump to content

Pitse ya naga ya dipoa

Go tswa ko Wikipedia
Lekaelagongwe[1]


Pitse ya naga ya kwa mabaleng ( Equus quagga, e e kileng ya bo e le Equus burchellii ) ke mofuta o o tlwaelegileng thata wa pitse ya naga . Motseletsele wa yona o kgaogane, fela o akaretsa bontsi jwa borwa le botlhaba jwa Aforika kwa borwa jwa Sahara . Mefuta e potlana e le thataro kgotsa e le supa e lemogilwe, go akaretsa le quagga e go neng go akanngwa gore ke mofuta o o farologaneng. Dipatlisiso tsa sešweng di tshegetsa dipharologano mo dipalopalong tsa dipitse tsa naga e le phetogo e e diragalang ka bonya mo diponagalong go na le mefutapotlana.

Dipitse tsa naga tsa kwa mabaleng di magareng ka bogolo magareng ga pitse ya naga e kgolo ya Grévy le pitse ya naga ya dithaba e nnye mme di na le go nna le meradi e e sephara go feta tse pedi tse . Pharologano e kgolo mo thulaganyong ya meradi ya letlalo e teng magareng ga di-pharologanong le batho ka bongwe. Lefelo la bonno la dipitse tsa naga tsa kwa mabaleng ka kakaretso, mme e seng fela, ke mafelo a bojang a a senang ditlhare le dikgwa tsa savanna, tsa boboatsatsi le tsa bothitho. Ka kakaretso di tila sekaka, dikgwa tse di kitlaneng tsa pula le mafelo a a metsi a sennela ruri. Dipitse tsa naga tsa kwa mabaleng di jewa ke ditau le diphiri tse di marontho, dikwena tsa Nile le, ka selekanyo se sennye, nkwe, mangau le dintša tsa naga tsa Aforika.

Dipitse tsa naga tsa kwa mabaleng ke mofuta o o nang le loago thata, di bopa ditlhopa tsa tse di namagadi tse di laolwang ke nngwe ya pitse tse di tona , dipitse tse di namagadi di le mmalwa le bana ba tsona ba bošeng; ditlhopha tse di tona tse di iseng di nne le di namagadi le tsone di a bopega. Ditlhopha di ka nna tsa kopana go bopa metlhape. Diphologolo di nna di disitse diphologolo tse di jang ditshedi tse dingwe; di bogola kgotsa di tlhotlhora fa di bona sebatana se se jang ditshedi tse dingwe mme dipitsi tse di namagadi tse di laolwang ke nngwe ya tse di tona e tlhasela dibatana tse di jang ditshedi tse dingwe go sireletsa di namagadi tsa yone.

Pitse ya naga ya kwa mabaleng e santse e tlwaelesegile mo mafelong a a sireletsang diphologolo, mme e tshosediwa ke ditiro tsa batho, jaaka go tsoma nama le letlalo la yona, ga mmogo le kgaisano le leruo le go tsenelela ka go lema mo bontsing jwa bonno jwa yona. Tatlhegelo ya mabala a bojang a a bulegileng ka ntlha ya go tsenelela ga dimela tsa logong e oketsa bodiphatsa jwa go ja diphologolo tse dingwe mme ka jalo le bonno. [2]Dipitse tsa naga tsa kwa mabaleng di kwadilwe jaaka tse di gaufi le go tshosediwa ke IUCN go tloga ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le borataro. Palo ya mefuta e tlhomame mme ga e mo kotsing ya go nyelela, le fa palo ya tsone mo dinageng di le dintsi e fokotsegile thata.[3]

Thulaganyo ya ditshedi

[fetola | Fetola Motswedi]

Pitse ya naga ya kwa mabaleng e ne ya tlhaolwa semmuso ke moithutadiphologolo wa lefatshe la Britain e bong John Edward Gray ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabobedi le masome a mabedi le bone ele Equus burchellii. Morago ga gore quagga, e e tlhalosiwang ke Pieter Boddaert ka ngwaga wa 1785, e fitlhetswe e le mofuta o le mongwe mo ngwagakgolong wa masome a mabedi le bongwe , pitse ya naga ya kwa mabaleng e ne ya bewa gape jaaka Equus quagga ka ntlha ya molawana wa go nna kwa pele.[4]Dipitse tsa naga tsa kwa mabaleng le dipitse tsa naga tsa dithaba ka tlwaelo di ne di bewa mo mofuteng o monnye wa Hippotigris, go farologana le pitse ya naga ya ga Grévy, e e neng e tsewa e le yona fela mofuta wa mofutapotlana wa Dolichohippus;[5] le fa go ntse jalo, bosupi jwa bošeng ( ngwaga wa 2013) jwa bosupi jwa losika lwa ditshedi bo fitlhela gore dipitse tsa naga tsa dipitse tsa naga tsa kwa mabaleng di gaufi thata le dipitse tsa naga tsa Grévy go na le dipitse tsa dithaba.[6]Groves le Bell (ngwaga wa 2004) ba baya mefuta yotlhe e meraro mo mofuteng o monnye wa Hippotigris,[7] mme dipitse tsa naga di lebega e le losika lwa mofuta o le mongwe.[6] Mo mafelong a dipitse tsa naga tsa kwa mabaleng tse di nnang le mo lefelong le le lengwe le dipitse tsa naga tsa Grévy, go di fitlhela mo metlhapeng e le mengwe ga go a tlwaelesega[8], mme go nna le dipopego tsa mefuta tse di kgonang go tsala tse di diragalang.[9]

Mofuta yo mmotlana

[fetola | Fetola Motswedi]

Mo patlisisong ya bone ya ngwaga wa dikete tse pedi le bone ya dipharologano tsa tlhogo le tsa matlhare fa gare ga sekao, Groves le Bell ba ne ba bona tshegetso ya go kgaoganya pitse ya naga ya kwa mabaleng go nna mefutapotlana e merataro.

Ka dinako tse dingwe go lemogwa mofutapotlana wa bosupa.[10]

Go ne go akanngwa gore pitse ya naga ya ga Burchell e ne e tsomiwa go fitlha e nyelela. Le fa go ntse jalo, Groves le Bell ba ne ba swetsa ka gore "pitse ya naga ya Burchell e e sa tlholeng e le teng ke kgopolo e e sa ikaegang ka bosupi bope". Thuto e e kelotlhoko ya dipalopalo tsa ntlha tsa dipitse tsa naga kwa Zululand le Eswatini le matlalo a a tserweng mo dipolaseng tsa diphologolo kwa Zululand le Natal e senotse gore karolo e e rileng e nnye e bontsha go tshwana le se jaanong se tsewang jaaka burchellii e e tlwaelegileng. Dibaka tsa mofuta tsa mefutapotlana ya Equus quagga burchellii le Equus quagga antiquorum di gaufi thata mo eleng gore bobedi bo tota bo ke bongwe hela , ka jalo, e kgolo ya maina a mabedi a e tshwanetse go tlapele go feta e nnye . Ba ne ba akantsha gore leina le le siameng la mofutapotlana e tshwanetse go nna burchellii, e seng antiquorum.[7]

Thutopatlisiso ya tsa bosika ya ngwaga wa dikete tse pedi le botlhano e netefaditse gore quagga ke mofuta o le mongwe le pitse ya naga ya kwa mabaleng. E bontshitse gore quagga e ne e na le mefutafuta e mennye ya tsa bosika le gore e ne e fapoga go tswa mo mefuteng e mengwe ya dipitse tsa naga tsa kwa mabaleng dingwaga di le dikete tse lekgolo le masome a mabedi go ya kwa kwa diketeng tse makgolo a mabedi le borobabongwe tse di fetileng, ka nako ya Pleistocene le, gongwe, nako ya bobedi go tswa ko bofelong ya fa dikgapetla tsa kapoko di ne di atogile thata. Mokgwa wa yona o o tlhaolegileng wa kobo o ka tswa o fetogile ka bonako ka ntlha ya go itlhaola ga thutafatshe le/kgotsa go tlwaela tikologo e e omileng. Mo godimo ga moo, mefuta e potlana ya dipitse tsa naga tsa kwa mabaleng e na le go nna le meradi e mennye fa e ntse e nna kwa borwa, mme quagga e ne e le yone e e neng e tshela kwa borwa go gaisa tsotlhe.[11]

Setshwantsho sa kamano ya losika lwa ditshedi se se nolofaditsweng se se fa tlase se ikaegile ka tshekatsheko ya ngwaga wa dikete tse pedi le botlhano (mefuta mengwe e ne ele ya ditlhopa tsa matshwao a boswa a DNA tse di abelanwang mme ka jalo di ne di ka se kgone go farologanngwa):[11]

Thutopatlisiso ya DNA ya ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le borobabobedi(2018) ga e a fitlhela bosupi bope jwa popego ya mefutapotlana mo dipitseng tsa naga tsa kwa mabaleng mme, boemong jwa seo, e lemogile tsweletso ya boswa jwa ditshedi go tswa bokone go ya borwa. Dipalopalo tsa dipitse tsa naga tsa segompieno tsa kwa mabaleng di lebega di simolotse kwa Borwa jwa Aforika dingwaga di ka nna dikete di le makgolo a mararo le masome a supa tse di fetileng ka dipitse tsa naga tsa dipoa kwa Uganda, palo e e kwa bokone thata, e le yone e e tlhaolegileng thata.[12]

Tlhaloso ya mmele

[fetola | Fetola Motswedi]
Pontsho ya marapo kwa mabolokelong a ditso tsa tlhago a Thuto ya diphologolo a Kunming, kwa Kunming, Yunnan, China

Pitse ya naga ya kwa nabaleng e eme ka bogodimo jwa selekanyo sa boleele jwa lekgolo le masome a mabedi le bosupa go ya kwa lekgolong le masome a mane (masome a matlhano go ya kwa masomeng a matlhano le botlhano a boleele jwa di intshi) ka selekanyo sa boleele jwa tlhogo-mmele jwa sa di sentimetara tsa makgolo a mabedi le lesome le bosupa go ya go kwa makgolong a mabedi le masome a mane le borataro ( selekanyo sa intshi tse masome a borobabobedi le botlhano go ya kwa masome a boreabobongwe le bosupa) le boleele jwa mogatla jwa masome a mane le bosupa go ya kwa masomeng a matlhano le borataro le sephatlho (boleele jwa di intshi tse lesome leborobabobedi le sephatlo go ya kwa masomeng a mabedi le bobedi le ntlha pedi). Tse di tona di bokete makgolo a mabedi le masome a mabedi go ya kwa makgolong a mararo le masome a mabedi le bobedi (bokete jwa ponto tse makgolo a mane le masome a borobabobedi le botlhano go ya kwa makgolong a supa le lesome) fa tse di namagadi di le bokete jwa dikgerama dile sekete di le lekgolo le masome a supa le botlhano go ya kwa makgolong mabedi le masome a matlhano (bokete jwa ponto tse makgolo a mararo le masome a borobabobedi le borataro go ya kwa makgolong a matlhano le masome a matlhano le bongwe).[13] Mofuta o o mo magareng ka bogolo fa gare ga pitse e kgolo ya Grévy le pitse e nnye ya dithaba. E na le mmele o o mokhutshwane o o bopaganeng o o nang le maoto a makhutshwane le legata le le nang le phatla e e konegileng kwa ntle le sebopego sa nko e konegileng mo teng. Molala o mokima mo go tse ditonanyana go na le mo go tse di namagadi. Ditsebe di tlhamaletse mme di na le dintlha tse di kgolokwe. Di dikhutshwane go feta tsa pitse ya naga ya dithaba mme di tshesane go feta tsa pitse ya naga ya Grévy. Jaaka ka dipitse tsotlhe tsa naga, pitse ya naga ya kwa mabaleng e na le moriri o o emeng mo molaleng le setlhopha sa moriri kwa bofelong jwa mogatla.[14][15][16]Moriri wa mmele wa pitse ya naga ke milimetara tse borobabongwe le ntlha e nngwe go oketsega kapa go fokotsega ka bone (bokete jwa diponto tse lefela le ntlha tse di masome a mararo le bosupa go oketsega kapa go fokotsega ka bokete jwa diponto tse lefela le ntlha e nngwe le borataro),[16] o mokhutshwane go feta wa diphologolo tse dingwe tsa Aforika tse di nang le dinala.[17]

Setshwantsho se se gaufi sa mofuta wa meradi wa pitse ya naga kwa Tanzania

Jaaka dipitse tsa naga tsotlhe, di na le meradi e e bopelokgale ka bontsho le bosweu mme ga go na dipitse tse pedi tse di lebegang di tshwana . Fa e bapisiwa le mefuta e mengwe, pitse ya naga ya kwa mabaleng e na le meradi e e sephara. Meradi e eme ka boleele mo karolong e e kwa pele ya mmele, mme e sekamela kwa go e e rapaletseng mo dikarolong tse di kwa morago. Dipalopalo tsa dipitse tsa naga tsa bokone di na le meradi e e mesesane le e e tlhalositsweng sentle; dipalopalo tsa borwa di na le meradi e e farologaneng fela e mennye mo dikarolong tse di kwa tlase, maoto le dikarolo tsa kwa morago. Dipalopalo tsa borwa le tsone di na le meradi e e tshetla ya "moriti" magareng ga mmala o montsho le o mosweu. Tse ga di yo kgotsa ga di tlhagisiwe sentle mo dipitseng tsa naga tsa bokone. Boboa jwa botsalo jwa namane bo bo setlha le bosweu mme bosetlha bo nna lefifi fa bo ntse bo gola.[14][13][18] Go begilwe diphetogo tse di sa tlwaelesegang tsa sekao mo dipitseng tsa naga tsa kwa mabaleng. Dipitse tsa naga tse di naleng mmala o montsho thata di na le meradi e mentsho e e mentsi mo mmeleng mme di na le meradi e e potlana mo maotong. Ditshedi tse di "nang le marontho" di supa dikgoreletsi mo dikao tse dintsho tsa meradi.[19] Go nnile le dipopego tse di nang le mabala a masweu mo lemoragong le lentsho.[20] Go sa tlwaelega ga go thapa go golagantswe le go tsadisana.[19]Dipitse tsa naga tsa albino di kwadilwe mo dikgweng tsa Thaba ya Kenya, ka methalo e mentsho e le e e bosetlha.[21] Quagga e ne e na le methalo e e borokwa le e mesweu mo tlhogong le mo molaleng, dikarolo tse di kwa godimo tse di borokwa le mpa e tshweu, mogatla le maoto.[22]

[fetola | Fetola Motswedi]

Khudu e e anameng le bonno jwa yone

[fetola | Fetola Motswedi]
Dipitse tsa naga tse di fudugang le dikgokong kwa Maasai Mara

Lefelo la dipitse tsa naga tsa kwa mabaleng le ema gaufi le Sahara go tswa kwa Sudan Borwa le kwa borwa jwa Ethiopia go ya kwa borwa go bapa le botlhaba jwa Afrika, go fitlha kwa Zambia, Mozambique le Malawi, pele ga go anama le kwa dinageng di le dintsi tsa borwa jwa Afrika. Di ka tswa ba ne ba nna kwa Algeria mo motlheng wa Neolithic. Dipitse tsa naga tsa kwa mabaleng ka kakaretso di nna mo mafelong a bojang a a senang ditlhare le mo dikgweng tsa savanna, fela di ka fitlhelwa mo mafelong a a farologaneng a bonno, mo mafelong a boboatsatsi le a a bothitho. Le fa go ntse jalo, ka kakaretso ga di yo mo dikakeng, mo dikgweng tse di kitlaneng tsa pula, le mo mafelong a a metsi a a nnelang ruri.[18] Ka kakaretso di rata dikgwa tsa Acacieae go na le Commiphora. Di ikaegile ka metsi mme di nna mo ditikologong tse di naleng bongola jo bo lekanetseng tse dintsi go feta ditshwano tsa pitse tse dingwe tsa Aforika. Ka sewelo di kgarakgatshega seelo sa dikilometara di le lesome go fitlha kwa lesomeng le bobedi (seele sa maele sa borataro le ntlha ya bobedi go fitlha ka bosupeng le ntlha ya botlhano) go tswa kwa motsweding wa metsi. Dipitse tsa naga gape di nna mo mafelong a tlogang ka bogodimo jwa lewatle go ya ka bogodimo jwa maoto a le dikete tse nne le makgolo a mararo ( dimetara tse sekete se le sengwe le makgolo a le mararo) mo thabeng ya Kenya.[8][14][16]

Go ikaegile ka palo, metlhape ya dipitse tsa naga e ka nna e e sa direng sepe, e le e e kitlaneng thata ka ditlhopha tse dinnye, kgotsa e e fudugang, e le e e senang batho ba le bantsi ka ditlhopha tse di farologaneng, tse di atologileng tse di omileng le tse di metsi tsa magae.[14] Fa di fuduga, dipitse tsa naga di lebega di ikaegile ka kgakologelo nngwe ya mafelo a maemo a go batla dijo a neng a le botoka mme di ka bonela pele maemo dikgwedi pele ga go goroga ga tsone.[23]

Go latlhegelwa ke mabala a bojang a a bulegileng ka ntlha ya go tsenelela ga dimela tsa logong go oketsa kotsi ya go ja ditshedi tse dingwe mme ka jalo bonno jwa ditshedi.[2]

Dijo le go ja ditshedi tse dingwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Dipitse tsa naga tsa kwa mabaleng di ja thata bojang; mefuta e e ratwang e le Themeda triandra, Cynodon dactylon, Eragrostis superba le Cenchrus ciliaris. Dipitse tsa naga ka dinako tse dingwe di batlisisa mo ditlhareng tse dinnye le dimela tsa bojang, matlhare le dikala kgotsa di epa dikoromo le dirhizomo ka paka ya komelelo.[14][24]Di lebega di a tle di je Colophospermum mopane le Pterocarpus rotundifolius tse di fisitsweng, di ja matlhare le dikala ka bobedi.[16]

Dipitse tsa naga tsa kwa mabaleng di tlwaetse go fula mo dikutung tsa bojang tse ditelele, tse di thata le bojang jo bokhutshwane jo bo sa tswang go tlhoga (dikutu le dikgapetla).[24] Mo mafelong mangwe, ga se gantsi e fula ka fa tlase ga boleele jwa di milimetara tse lekgolo go fitlhela kwa lekgolong le masome a matlhano (boleele jwa di intshi tse tharo le ntlha e robangbongwe go fitlhela kwa botlhanong le ntlha e robangbongwe) go ya kwa maemong a fa fatshe. E aname go feta mefuta e mengwe e mentsi, le mo dikgweng, mme gantsi ke mofuta wa ntlha o o fulang go tlhagelela mo lefelong le le nang le dimela tse dintsi.[8][16] Molomo o o kwa godimo o o tenyetsegang o di letla go kgoromeletsa dilo tsa dimela fa gare ga meno a a segang go sega.[16] Dipitse tsa naga di na le thulaganyo ya tshilo ya dijo e e sa direng sentle go feta diphologolo tse di otlang mme go feta ga dijo go menagane gabedi.[14] Ka jalo, dipitse tsa naga ga di tlhophe thata fa di batla dijo, mme di fetsa nako e ntsi di ja. Pitse ya naga ke mofudi wa mmulatsela mme e baakanyetsa difudi tse di kgethegileng jaaka dikgokong tse di tala le ditshephe tsa Thomson.[8]

Ditau di ja pitse ya naga

Dibatana tse dikgolo tse di jang dipitse tsa naga tsa dithota ke ditau le diphiri tse di marontho. Ditau di atlega thata fa di lebile ditshedi di le nosi, gantsi e tonanyana e e godileng fa diphiri di lelekisa abo di kgaoganya ditshedi mo setlhopheng, gantsi e le namagadi kgotsa namane ya namane.[13] Dikwena tsa Nile le tsone di ja dipitse tsa naga fa di le gaufi le metsi.[25] Dibatana tse di sa tlwaelesegang thata tse di jang ditshedi tse dingwe di akaretsa di nkwe, mangau, dintša tsa naga tsa Aforika, tse bontsi jwa tsone di tsomang dinamane.[14] Fa di na le tau, dipitse tsa naga di nna di ntshitse matlho dinameng mme di ema ka sediko se se ka nnang dimetara dile lekgolo (boleele jwa maoto a le makgolo a mararo le masome a mararo) mme e seng kwa tlase ga boleele jwa masome a matlhano(boleele jwa maoto a le lekgolo le masome a marataro). Dipitse tse ditona ka dinako tse dingwe di leka go leleka ditau ka jaaka ekete di a di tlhasela. Go farologana, dipitse tsa naga di ka atamela mangau le dintša tsa naga mme phiri e le nngwe e letlelelwa go tla selekanyo sa dimitara di le mmalwa. Go tshaba dibatana tse di jang ditshedi tse dingwe, pitse ya naga e e godileng e ka taboga ka lebelo la masome a marataro go fitlhela masome a supa ka oura ( masome a mararo le bosupa go fihla masome a mane le boraro wa metara ka oura) .[13] Fa e tsomiwa ke diphiri kgotsa dintša tsa naga, setlhopa sa dipitse tsa naga tse di namagadi tse di okamweng ke e tona di nna di le gaufi le go dirisana mmogo go sireletsa maloko a a tshosediwang, segolobogolo bana. Setlhopa sa dipitse tsa naga tse di namagadi tse di okamweng ke e tona e tswelela ka go tlhasela dintša kgotsa diphiri.[8]

Boitsholo

[fetola | Fetola Motswedi]

Dipitse tsa naga tsa dithota di tsamayatsamaya mme ga di nne mo kgaolong,bogolo jwa lefelo le le di dirisang go farologana go tswa ko dikilometareng tse khutlonne di le masome a mararo (khutlonne ya maele ele lesome le bobedi) go ya ko dikilometareng tse khutlonne di le makgolo a thataro (khutlonne ya maele ele makgolo a mabedi le masome a mararo), go tswa mo lefelong le gore a palo ya tsone e a fuduga. Di matlhagatlhaga thata motshegare mme bontsi jwa nako ya tsone di fula. Ditiro tse dingwe di akaretsa go tlhapa ka lerole, go itlotsa, go nwa le go ikhutsa ka dinako tse di rileng e leng nako e khutshwane thata. Bosigo, tiro ya pitse tsa naga e a kokobediwa ko ntleng fa e tshosediwa ke dibatana tse di jang ditshedi tse dingwe. Di ka nna tsa ikhutsa kgotsa tsa robala di rapame, fa e le nngwe e disitse.[8]

Popego ya loago

[fetola | Fetola Motswedi]
Setlhopha sa dipitse tsa naga tse dinamagadi se se etelelwang pele ke pitse ya naga e tona, mo gare ga mohlape

Pitse ya naga ya kwa mabaleng e na le botsalano jo bo kwa godimo mme gantsi e bopa ditlhopha tse dinnye tsa malapa tse di bidiwang di harem (setlhopha sa dipitse tsa naga tse dinamagadi se se etelelwang pele ke pitse ya naga e tona), tse di nang le pitse ya naga e godileng e le nngwe, dipitse tse di namagdi tse di godileng di le mmalwa le bana ba tsona ba bošeng. Boloko jwa bagolo jwa setlhopa sa dipitse tsa naga tse di namagadi tse eteletsweng pele ke pitse ya naga e tona ele nngwe bo tlhomame thata, ka tlwaelo bo nna mmogo dikgwedi go ya dingwageng. Ditlhopha tsa "bachelor"(dipitse tsa naga tse di tonanyana tse di iseng di nne le dinamagadi) tsa banna tsotlhe le tsone di teng. Ditlhopha tse ke tse di tlhomameng tsa banna ba ba ka fitlhang palong ya lesome le botlhano ka tatelano ya maemo e e ikaegileng ka dingwaga, e eteletswe pele ke tona e nnye. Ditonayana tse di nna mo ditlhopheng tsa tsone go fitlha di siametse go simolola setlhopa sa dipitse tsa naga tse di namagadi tse eteletsweng pele ke pitse ya naga e tona. Dipitse tse di iseng di nne le dinamagadi di ipaakanyetsa dikarolo tsa tsone tsa bagolo ka dintwa tsa go tshameka le dingwao tsa go dumedisa/go gwetlha, tse di tsayang bontsi jwa ditiro tsa tsone.[8]

Ditlhopha tse dintsi tsa dipitse tsa naga tse dinamagadi di etelelwang pele ke pitse ya naga e tona, le tsa dipitse tse di iseng di nne le dinamagadi di kopana go bopa metlhape e megolo ya makgolokgolo a diphologolo, segolobogolo ka nako ya go fuduga. Dipitse tsa naga tsa kwa mabaleng ga di a tlwaelesega mo mefuteng e e tsholang dipitse tsa naga tse dinamagadi di etelelwang pele ke pitse ya naga e tona mo go bopeng ditlhopha tse. Mo godimo ga moo, ditlhopa tse pedi tsa dipitse tsa naga tse dinamagadi di etelelwang pele ke pitse ya naga e tona di ka dira ditlhotshwana tse di tlhomameng ka nakwana mo teng ga motlhape, go letlelela e le nngwe go dirisana le ba ba kwa ntle ga setlhopha sa bone. Mo mefuteng e e okametseng dipitse tsa naga tse dinamagadi di etelelwang pele ke pitse ya naga e tona, se se lemogilwe fela mo diphologolong tsa bogologolo jaaka mofuta wa tshwene ya lefatshe la Ethiopia le tshwene ya hamadryas.[26] Ditlhopha tsa dipitse tse di tona tse di senang di namagadi di na le go nna mo matlhakoreng a metlhape mme fa motlhape o tsamaya, dipitse tse di tona tse di senang di namagadi ba sala morago.[16]

Dipitse tse ditona tsa naga tse di godileng di bopa le go atolosa dipitse tsa naga tse dinamagadi tse di etelelwang pele ke pitse ya naga e tona tsa tsona ka go gapa dipitse tse dinnye go tswa mo di-ditlhopeng tsa dinamagadi tse okametseng ke e tona tsa tsone tsa botsalo.[8] Fa pitse e nnye e namagadi e goroga mo bogolong jwa tlhakanelodikobo mme e nna le modikologo wa yone wa ntlha wa go amogela pitse e tona, e gogela tlhokomelo ya di pitse tsa naga tse di tona tse di godileng tse di gaufi, e leng dipitse tse di senag di namagadi le baeteledipele ba dipitse tsa naga tse dinamagadi tse di etelelwang pele ke pitse ya naga e tona. Pitse e tona ya lelapa la gagwe (e e leng gongwe rraagwe) e leleka kgotsa e lwantsha dipitse tse ditona tse di lekang go mo gapa ka dikgoka. Le morago ga gore pitse ya naga e godileng e kgaoganngwe le dipitse tsa naga tse dinamagadi tse di etelelwang pele ke pitse ya naga e tona ya yone ya botsalo, ntwa ka ga yone e tswelela go fitlhela modikologo wa yone wa go amogela pitse e tona o fela mme e simolola gape ka modikologo o o latelang wa go amogela pitse e tona. Ke ka sewelo gore motshwari wa tlholego wa pitse ya naga ye namagadi godileng e e beye nako e telele.[27] Fa kgabagare pitse e namagadi e godileng e ntsha lee, e tonanyana e e e imisitseng e e boloka go ya go ileng. Ka jalo, pitse ya namagadi e godileng e nna leloko la leruri la setlhopa sa dipitse tsa naga tse dinamagadi tse di etelelwang pele ke pitse ya naga e tonae ntšhwa.[27][28] Go amogela pitse e tona mo namagading go nna mo go sa bonaleng thata mo banneng ba ba kwa ntle fa e ntse e gola, ke ka moo kgaisano ya dinamagadi tse di godileng e seyo.[14]

Dipitse tsa naga tse pedi tse ditonanyana di lwa kwa lefelong la polokelo ya Ditlou ya Addo, mo Aforika Borwa

Dipitse tsa namagadi tse di godileng di teng ka tatelano, ka namane e namagadi ye eteletseng pele mo setlhopeng e le ya ntlha go amana le pitse ye tona ye etellang pele tse di namagadi mme e le yone e e eteletseng setlhopha pele. Fa go tsenngwa dipitse tse di namagadi tse godileng tse dišwa mo setlhopheng, di kopana le bobaba ke dipitse tse di namagadi tse dingwe. Ka jalo, pitse ya naga e tona e e okametseng setlhopa sa dipitse tsa naga tse di namagadi e tshwanetse go sireletsa dipitse tse dinamagadi tse dišwa go fitlhela bogale bo kokobela.[8][28]Dinamagadi tse di sa tswang go okediwa di mo maemong a a kwa tlase. Dinamagadi tse di nnang di sa tshwanelege kgotsa di nna bokoa di ka nna tsa wela tlase mo maemong a tsone, le fa go ntse jalo. Boloko jwa basadi jwa setlhopa sa dipitse tse di namagadi tse di eteletsweng pele ke pitse e tona bo nna bo ntse jalo, le fa pitse e ntšhwa e ka tsaya marapo. Ka nako ya dikokoano tsa motlhape, dipitse tse di tona tse di godileng tsa lelwapa di ka nna le botsalano mo go tse dingwe, fa dipitse tse dinamagadi tse di godileng di sa itshokele thata.[14]

Pitse ya naga e tona e sireletsa setlhapa sa dinamagadi se e di etellang pele ya yone mo go tse dingwe tse ditonanyana. Fa e gwetlhiwa, pitse e tona e ntsha tlhagiso mo motlhaseding ka go itlotsa nko kgotsa legetla le ene. Fa tlhagiso e sa tsewe tsia, go tsoga ntwa. Gantsi dintwa tsa dipitse tsa naga di nna tse di bogale thata, diphologolo di lomana mo melaleng, mo ditlhogong kgotsa mo maotong, di itaana go fitlhela fa fatshe mme nako le nako di raga. Ka dinako tse dingwe, pitse ya naga ya namane e rapama fa fatshe jaaka e kete e a ineela, mme fa e tonanyana e nngwe e sena go ineela, e a itaya mme e tswelele ka ntwa. Bontsi jwa dintwa bo diragala mo godimo ga dipitse tse dinnye mo nakong ya go go amogela pitse e tona mme fa fela pitse ye tona ye etellang pele tse di namagadi mme e le yone e e eteletseng setlhopha pele e itekanetse, gantsi ga e gwetlhege. Ke fela dipitse tsa naga tse di tona tse di sa itekanelang di tseelwang setlhopa sa dinamagadi se e di etellang pele tsa tsona mme le fa go ntse jalo, pitse e tona e ntšhwa e tsaya ka iketlo, e kgoromeletsa ye kgologolo kwa ntle ntle le ntwa.[8]

Tlhaeletsano

[fetola | Fetola Motswedi]
Dipitse tsa naga di a tlhokomelana

Bonnye dipitso di le thataro tse di farologaneng di kwadilwe tsa pitse ya naga ya kwa mabaleng. E nngwe ke pitso ya yona e e tlhaolang, e e kwa godimo, e e dirisiwang go ikgolaganya (e gantsi e bidiwang "go bogola") e e utlwiwang jaaka "a-ha, a-ha, a-ha" kgotsa "kwa-ha, kaw-ha, ha, ha"[14] e gape e kwalolotsweng jaaka "kwahaah",[29] kgotsa "oug-ga".[30] Leina la mofuta wa quagga le tswa mo lefokong la batho ba selegae ba kwa borwa jwa Aforika le le kayang "pitse ya naga" mme ke le dirilwe go tshwana le dirilwe go tshwana le modumo wa yone.[31] Fa go bonwa sebatana se se jang ditshedi tse dingwe, pitse ya naga e dira pitso ya tlhagiso ya dinoko dile pedi. Go dirwa modumo wa go rora go go kwa godimo fa go tsamaya go bipilwe kotsi e e ka nnang teng. Fa e kgotsofetse, pitse ya naga e dira modumo o o gogetsweng kwa ntle thata. Ditonyana di dira selelo se sekhutshwane, se se kwa godimo fa di utlwile botlhoko, mme pitsana e nnye di ntsha selelo se se gogilweng fa di le mo tlalelong.[14]

Dipopego tse pedi tse dikgolo tsa sefatlhego di dirwa ke dipitse tsa naga; tumediso le matshosetsi. Mo maemong a ka bobedi, dipounama di gogelwa kwa morago mme go dirwe ditshutiso tsa go tlhafuna. Go dumedisa go akaretsa ditsebe di kgomaretse kwa godimo le go lebisa kwa pele; fa matshosetsi a akaretsa ditsebe tse di kwa tlase.[14] Dipitse tsa naga di nonotsha dikamano tsa tsona tsa loago ka go itlhokomela. Maloko a setlhopa sa dipitse tsa namagadi tse di eteletsweng pele k pitse ya naga e tona a loma le go tlhotlhora mo molaleng, mo ditlhaeng le mo mokwatleng ka meno le dipounama tsa one. Bomme le dinamane ke tsone tse di itlhokomelang gantsi, mme di latelwa ke bana ba mmabone. Go ipaakanya go supa maemo a loago le go fokotsa maitsholo a a bogale.[8]

Go tsala le go nna motsadi

[fetola | Fetola Motswedi]
Pitse ya naga e e tsalang e amusa namane ya yone

Pitse ya naga e tona e amana le dipitse tsa naga tse di namagadi tsotlhe tsa yone. Tse ditona ba bontsha tsibogo ya tsholetsa molomo o o tsholeditswang go sekaseka menko tsa kamogelo ya basadi, e e akaretsang go sokologa ga molomo o o kwa godimo go boela morago go nkga moroto (ka serwe sa vomeronasal). E namagadi e supa gore e siametse go tlhakanela dikobo ka go tshwara maoto a yona le go tsholetsa mogatla wa yona. Paka ya boimana e tsaya mo e ka nnang ngwaga, mme go tlhagisiwa ngwana a le mongwe. Dipitse tse di namagadi di ka tsala namane e le nngwe dikgwedi dingwe le dingwe di le lesome le bobedi. Setlhoa sa tsalo ke ka paka ya dipula. Pitse e tsala mo tikologong ya setlhopha sa yone e robetse ka letlhakore la yona. Namane e e sa tswang go tsalwa e bokete jwa dikilogereme tse masome a mararo go ya kwa masomeng a mararo le botlhano (bokete jwa dipontotse masome a marataro le borataro go fitlha gwa masomeng a supa le bosupa )mme morago ga tsalo ga e jewe ka sewelo.[16][13][14]

Motswako wa dipitse tsa naga tsa Grévy le tsa kwa mabaleng, e bapile le dipitse tsa naga tsa kwa mabaleng.

Lesea le le sa tswang go tsholwa le kgona go ema ka yone nako eo mme le simolola go ja bojang mo lobakeng lwa beke. Go sa le gale, pitse ya naga e e tsalang e dira gore pitse ya naga epe e nngwe e nne kgakala le namane ya yone, go akaretsa le pitse ya naga e tona, dipitse tse dingwe tse di namagadi, tota le bana ba yone ba pele. Le fa go ntse jalo, moragonyana botlhe ba a bopagana. Mo gare ga setlhopha, namane e na le maemo a a tshwanang le a ga mmaayone.[14][13][32][16] Pitse ya naga e tona ka kakaretso ga e itshokele dinamane tse e seng tsa gagwe, mme dipitse tsa naga di ka nna tsa bolaya lesea le le tshotsweng le go bolaya lesea le le mo popelong.[33]

Dintsho tsa dinamane di kwa godimo mo ngwageng wa tsone wa ntlha wa botshelo mme gantsi di bakwa ke go jewa ke diphologolo tse dingwe. Le fa go ntse jalo, bana ba dipitse tsa naga ba fiwa tshireletso e ntsi go feta ya mefuta e e tshwanang le dikgokong tsa naga le kgama. Namane gantsi e kgwesiwa lebele mo dikgweding di ka nna lesome le bongwe, fela e ka anya nako e telele. Dinamagadi di fitlha mo dingwageng tsa tshimologo ya go gola ga mmele pele ga dingwaga di le tharo, mme tse ditonanyana morago ga dingwaga di le tlhano kgotsa thataro. Dipitse tsa naga tse dinnye tse ditonanyana di feleletsa di tlogetse ditlhopha tsa malapa a tsone jaaka fa kamano le bommaatsone e nyelela morago ga go tsholwa ga ngwana kwa gae. Go tswa foo pitse ya naga e nnye e batla dipitse tse dingwe tse dinnye gore e nne le tsone. Dinamagadi tse dinnye di ka nna mo ntlong ya basadi go fitlhela di gapiwa ke pitse ya naga e tona e nngwe.[13][8][32][16]Dipitse tsa naga tsa kwa mabaleng di na le palogare ya botshelo jwa dingwaga di le masome a mabedi le botlhano kwa nageng.[34]

Ditirisano tsa batho

[fetola | Fetola Motswedi]
Pitse ya quagga kwa Serapeng sa Diphologolo sa London, 1870

Ka ngwaga wa 2016, pitse ya naga ya kwa mabaleng e ne ya bewa mo setlhopheng sa tse di gaufi le go tshosediwa ke IUCN. Go tloga ka ngwaga oo, palogotlhe ya diruiwa tse ka bongwe e akanyediwa go nna diruiwa di ka nna dikete tse makgolo a matlhano. Mofuta o wa diphologolo o sa ntse o tlwaelegile mo lefelong lotlhe la one mme o itemogetse go phokotsego ya palo ya diruiwa mo dinageng di le lesome mo mahatsheng a lesome le bosupa tse di tlholegang kwa go tsone. Di tlhomame kwa mafatsheng a Ethiopia, Malawi, le Aforika Borwa mme gongwe le kwa Angola; e tlhomame kgotsa e oketsega kwa mafatsheng a Mozambique, Namibia le Eswatini; le go fokotsega kwa mafatsheng a Botswana, DR Congo, Kenya, Rwanda, Somalia, Borwa jwa Sudan, Tanzania, Uganda, Zambia, le Zimbabwe. Di nyeletse kwa mafatsheng a Burundi, Lesotho mme gongwe le kwa Somalia.[1]

Dipitse tsa naga di tshosediwa ke go tsomiwa ga letlalo le nama ya tsona, le phetogo ya bonno go tswa mo temothuong. Gape di gaisana le leruo go bona dijo,[35][36][18] mme gape le terata e thibela ditsela tsa go fuduga.[1] Dintwa tsa selegae mo mahatseng a mangwe le tsone di bakile go fokotsega ga palo ya dipitse tsa naga.[18] Pitse ya naga e ka fitlhelwa mo mafelong a le mantsi a a sireleditsweng go ralala lefelo la yone, go akaretsa le Serapa ya Bosetšhaba jwa diphologolo ya Serengeti kwa lefatsheng la Tanzania, Tsavo le Masai Mara kwa lefatsheng la Kenya, Serapa sa Bosetšhaba sa Hwange kwa Zimbabwe, Serapa ya Bosetšhaba ya Etosha kwa Namibia, le Serapa sa Bosetšhaba jwa diphologolo sa Kruger kwa lefatsheng la Aforika Borwa. Dipalopalo dingwe tse di tlhomameng di nna mo mafelong a a sa sirelediwang.[1]

Dipitse tsa naga tsa quagga di ne di tsongwa ke baagi ba ntlha ba Dutch mme moragonyana ke Ma-Afrikaners go itlamela ka nama kgotsa go dira matlalo a tsona. Matlalo a ne a rekisiwa kgotsa a dirisiwa mo lefelong la gaetsho. Quagga e ka tswa e ne e le mo kotsing ya go nyelela ka ntlha ya go anamisiwa ga yona mo go lekanyeditsweng, mme e ka tswa e ne e gaisana le leruo la selegae go bona tlhaga. Quagga ya bofelo e e itsiweng ya naga e tlhokafetse ka ngwaga wa 1878.[37]Quagga ya bofelo e e neng e tshwerwe, e e namagadi kwa serapeng sa diphologolo tsa Natura Artis Magistra kwa Amsterdam, e ne ya nna koo go tloga ka la bo kgwedi ya Motsheganong e tlhola malatsi a le borobabongwe ka ngwaga wa 1867 go fitlhela e tlhokafala ka kgwedi ya Phatwe e tlhola malatsi a le lesome le bobedi ka ngwaga wa 1883, mme tshimologo ya yone le se se bakileng loso lwa yona ga di tlhaloganyesege.[38] Ka ngwaga wa 1984, quagga e nnile phologolo ya ntlha e e nyeletseng e e kileng ya sekasekwa karolwana e e rweleng tshedimosetso ya boswa jwa ditshedi tsa yone, mme lenaneo la Quagga le leka go tlhama sešwa diponagalo tse di bonalang tsa ditshedi tsa thulaganyo ya meradi ya kobo ya moriri le dipharologantsho tse di amanang le yona ka go tlhopha go tsala dipitse tsa naga tsa Burchell.[39]

Mo setsong se se tlwaelesegileng

[fetola | Fetola Motswedi]
Dipitse tsa naga mo sekanong sa naga ya Botswana

Dipitse tsa naga di ntse di bontshiwa mo botaking jwa Aforika le mo setsong sa Aforika ka dingwaga di le sekete. Di tshwantshitswe mo botaking jwa matlapa kwa Borwa jwa Aforika (Botswana ya segompieno, Namibia le Aforika Borwa) go tloga ka dingwaga di le dikete tse masome a mabedi go fitlhela dikete dile masome a mabedi le boferabobedi tse di fetileng, le fa di sa tlwaelega jaaka mefuta ya makanyane jaaka phofu. Tsela e pitse ya naga e nnileng le meradi ya yone ka teng e ntse e le setlhogo sa mainane a setso, tse dingwe tsa tsone di akaretsa go fisiwa ke molelo. Batho ba letso la Sesarwa ba ne ba amanya meradi ya dipitse tsa naga le metsi, pula le lesedi ka ntlha ya mokgwa wa yona o o phatsimang.[40]

Meradi e mentsho le e mesweu mo folageng ya Botswana e emela methalo ya pitse ya naga.

Pitse ya naga ya kwa mabaleng ke phologolo ya setshaba ya Lefatshe la Botswana mme meradi ya yone e tshwantshitswe mo folageng ya naga. Meradi ya folaga gape e emela kutlwano ya merafe mo lefatsheng.[41] Pitse ya naga le yona e ntse e amanngwa le bontle mme basadi ba merafe e e farologaneng ba ne ba tla penta bontsi jwa mebele ya bona ka meradi. Mo bathong ba ma Shona ba lefatshe la Zimbabwe, pitse ya naga ke phologolo ye binwang, mmogo le phofu, nare, tau le tshwene. Pitse ya naga e akgolwa mo lebokong jaaka "sebopiwa se se phatsimang le se se tsabakelang". Meradi ya yone e ile ya tshwantshetsa go kopana ga monna le mosadi mme kwa Zimbabwe yo mogolo, meradi ya dipitse tsa naga e kgabisa se go dumelwa gore ke domba, sekolo sa pele ga lenyalo se se neng se diretswe go simolola basadi go nna bagolo. Ka puo ya Seshona, leina "madhuve" le kaya "mosadi/basadi ba phologolo e binwang ya pitse ya naga" mme ke leina le le filweng basetsana kwa Zimbabwe.[40]

Dipitse tsa naga le tsone di ile tsa emelwa mo setsong sa Bophirima. Di ne di tsewa yaaka mofuta o mongwe o o sa tlwaelesegang thata se se ka emelang pitse ; moanelwa wa dibuka tsa metlae Sheena, Kgosigadi ya Sekgwa o tshwantshitswe a palame pitse ya naga. Filimi ya Racing Stripes e bontsha pitse ya naga e e tshwerweng e e kgaphetsweng kwa thoko mo dipitseng mme e feleletsa e palangwa ke mosetsana wa motsuolodi.[40] Mo filiming ya Fantasia, dibopiwa tsa ditlhamane tse di na leng mmele wa motho le pitse tse pedi di bontshiwa e le sephatlo sa motho le sephatlo sa pitse ya naga, mo boemong jwa sephatlo se se tlwaelesegileng sa motho le sephatlo sa pitse.[42] Dipitse tsa naga di bontshitswe jaaka badiragatsi mo difiliming tse dingwe tsa dipopae jaaka Dumbo, Khumba, Kgosi ya Tau le difilimi tsa Madagascar.[40]

Batho ba California ba ba tlhagisitsweng

[fetola | Fetola Motswedi]

Pitse ya naga ya kwa mabaleng mo bo gompienong e na le palo e e tlhaga kwa San Simeon, kwa California. Palo e ya batho ba le lekgolo le masome a mabedi le borobabongwe, go tloga ka ngwaga wa 2019, e ne e tswa kwa Kago ya Phemelo ya Hearst, e e neng e le ya ga William Randolph Hearst. Hearst e ne e le mogatisi wa makwalodikgang a Amerika mme o ne a na le kago ya phemelo ya Hearst fa gare ga ngwaga ya 1919 le ya 1951 e le thoto ya gagwe. Mo lefelong leo go ne go na le serapa sa diphologolo se e leng sa gagwe , se se neng sa bidiwa semmuso gotwe ‘Kago ya phemelo ya Hearst ya Thuto ya Diphologolo e e Bapisiwang’,[43] mme e kile ya bo e le serapa sa diphologolo se segolo tsa sephiri mo lefatsheng. Go ne go akarediwa mo serapeng se sa diphologolo tse e ne e le mafelo a mo go one diphologolo dingwe di neng di kgona go tsamayatsamaya ka kgololesego mo dikarolong tse di tlhomilweng, mme se se ne se akaretsa bagologolwane ba palo ya ga jaanong ya dipitse tsa naga tse di sa gagamalang. Ka ngwaga wa 1937, Heart o ne a kopana le mathata a madi mme a tshwanelwa ke go tlhatlhamolola serape se sa diphologolo. Le fa diphologolo dingwe di ne tsa fudusediwa kwa dirapeng tse dingwe le kwa bakgobokantshi ba sephiri, diphologolo di le mmalwa di ne di santse di tlogetswe mo dikarolong tsa setsha, le fa setsha se sena go neelwa Puso ya California ka ngwaga wa 1958. Dipitse tsa naga tse di neng di tlogetswe di ne tsa kgona go gola ka palo ya tsone ka iketlo mme jaanong di tsamayatsamaya ka kgololesego mo San Simeon ntlele dikago tsa go tswalela diphologolo.[44][45]Palo e jaanong e emela motlhape o mogolo wa dipitse tsa naga kwa ntle ga Aforika.[46] Gompieno palo e e dira jaaka lefelo le le ngokang bajanala ka metlhape e e bonalang go bapa le letlhakore la botlhaba la California State Route 1, e nna go tswa kwa polasi e kgolo ya Hearst kwa borwa go ya kwa Tseleng ya San Simeon Creek. Dipitse tsa naga di kgona go bonwa di nna go bapa le dikgomo tsa dipolase.[44]

  1. 1 2 3 4 King, S.R.B.; Moehlman, P.D. (2016). "Equus quagga". IUCN Red List of Threatened Species. 2016 e.T41013A45172424. doi:10.2305/IUCN.UK.2016-2.RLTS.T41013A45172424.en. Retrieved 19 November 2021.
  2. 1 2 Chen, Anping; Reperant, Leslie; Fischhoff, Ilya R.; Rubenstein, Daniel I. (2021-07-01). "Increased vigilance of plains zebras (Equus quagga) in response to more bush coverage in a Kenyan savanna". Climate Change Ecology. 1 100001. Bibcode:2021CCEco...100001C. doi:10.1016/j.ecochg.2021.100001. ISSN 2666-9005.
  3. IUCN (2016-06-20). Equus quagga: King, S.R.B. & Moehlman, P.D.: The IUCN Red List of Threatened Species 2016: e.T41013A45172424 (Report). International Union for Conservation of Nature. doi:10.2305/iucn.uk.2016-2.rlts.t41013a45172424.en.
  4. Heywood, P. (2015). "The Micro-politics of Macromolecules in the Taxonomy and Restoration of Quaggas". Kronos. 41 (1): 314–337.
  5. Prothero D.R; Schoch R. M (2003). Horns, Tusks, and Flippers: The Evolution of Hoofed Mammals'. Johns Hopkins University Press. pp. 216–18. ISBN 978-0-801-87135-1.
  6. 1 2 Vilstrup, Julia T.; et al. (2013). "Mitochondrial Phylogenomics of Modern and Ancient Equids". PLOS ONE. 8 (2) e55950. Bibcode:2013PLoSO...855950V. doi:10.1371/journal.pone.0055950. PMC 3577844. PMID 23437078.
  7. 1 2 Groves, C. P.; Bell, C. H. (2004). "New investigations on the taxonomy of the zebras genus Equus, subgenus Hippotigris". Mammalian Biology. 69 (3): 182–196. Bibcode:2004MamBi..69..182G. doi:10.1078/1616-5047-00133.
  8. 1 2 3 4 5 6 7 8 9 10 11 12 Estes, R. (1991). The Behavior Guide to African Mammals, Including Hoofed Mammals, Carnivores, Primates. University of California Press. pp. 242–246. ISBN 978-0-520-08085-0.
  9. J. E. Cordingley, S. R. Sundaresan, I. R. Fischhoff, B. Shapiro, J. Ruskey, D. I. Rubenstein (2009). "Is the endangered Grevy's zebra threatened by hybridization?". Animal Conservation. 12 (6): 505–513. Bibcode:2009AnCon..12..505C. doi:10.1111/j.1469-1795.2009.00294.x. S2CID 18388598.
  10. Beolens, B.; Watkins, M.; Grayson, M. (2009). The Eponym Dictionary of Mammals. Johns Hopkins University Press. p. 167. ISBN 978-0-8018-9304-9.
  11. 1 2 Hofreiter, M.; Caccone, A.; Fleischer, R. C.; Glaberman, S.; Rohland, N.; Leonard, J. A. (2005). "A rapid loss of stripes: The evolutionary history of the extinct quagga". Biology Letters. 1 (3): 291–295. doi:10.1098/rsbl.2005.0323. PMC 1617154. PMID 17148190.
  12. Pedersen, Casper-Emil T.; Albrechtsen, Anders; Etter, Paul D.; Johnson, Eric A.; Orlando, Ludovic; Chikhi, Lounes; Siegismund, Hans R.; Heller, Rasmus (2018). "A southern African origin and cryptic structure in the highly mobile plains zebra". Nature Ecology & Evolution. 2 (3): 491–498. Bibcode:2018NatEE...2..491P. doi:10.1038/s41559-017-0453-7. ISSN 2397-334X. PMID 29358610. S2CID 3333849.
  13. 1 2 3 4 5 6 7 Kingdon, J. (1988). East African Mammals: An Atlas of Evolution in Africa, Volume 3, Part B: Large Mammals. University of Chicago Press. pp. 165–179. ISBN 978-0-226-43722-4.
  14. 1 2 3 4 5 6 7 8 9 10 11 12 13 14 Grubb, P. (1981). "Equus burchellii". Mammalian Species (157): 1–9. doi:10.2307/3503962. JSTOR 3503962.
  15. Rubenstein, D. I. (2001). "Horse, Zebras and Asses". In MacDonald, D. W. (ed.). The Encyclopedia of Mammals (2nd ed.). Oxford University Press. p. 468. ISBN 978-0-7607-1969-5.
  16. 1 2 3 4 5 6 7 8 9 10 Skinner, J. D.; Chimimba, C. T. (2006). The Mammals of the Southern African Sub-region. Cambridge University Press. pp. 243–246. ISBN 978-0-521-84418-5.
  17. Caro, T.; Izzo, A.; Reiner, R. C.; Walker, H.; Stankowich, T (2014). "The function of zebra stripes". Nature Communications. 5 3535. Bibcode:2014NatCo...5.3535C. doi:10.1038/ncomms4535. PMID 24691390.
  18. 1 2 3 4 Hack, Mace A.; East, Rod; Rubenstein, Dan J. (2002). "Status and Action Plan for the Plains Zebra (Equus burchelli)". In Moehlman, P. D. (ed.). Equids. Zebras, Asses and Horses. Status Survey and Conservation Action Plan. IUCN/SSC Equid Specialist Group. IUCN. pp. 43–57. ISBN 978-2-8317-0647-4.
  19. 1 2 Larison, Brenda; Kaelin, Christopher B.; Harrigan, Ryan; et al. (2020). "Population structure, inbreeding and stripe pattern abnormalities in plains zebras". Molecular Ecology. 30 (2): 379–390. doi:10.1111/mec.15728. PMID 33174253. S2CID 226305574.
  20. Caro, Tim (2016). Zebra Stripes. University of Chicago Press. p. 20. ISBN 978-0-226-41101-9.
  21. "Extremely Rare 'Blonde' Zebra Photographed". National Geographic. 29 March 2019. Archived from the original on March 29, 2019. Retrieved 25 May 2020.
  22. Nowak, R. M. (1999). Walker's Mammals of the World. Vol. 1. Johns Hopkins University Press. pp. 1024–1025. ISBN 978-0-8018-5789-8.
  23. Bracis, C.; Mueller, T. (2017). "Memory, not just perception, plays an important role in terrestrial mammalian migration". Proceedings of the Royal Society B: Biological Sciences. 284 (1855) 20170449. doi:10.1098/rspb.2017.0449. PMC 5454266. PMID 28539516.
  24. 1 2 "Equus burchellii (Burchell's zebra)". Animal Diversity Web.
  25. Kennedy, A. S., & Kennedy, V. (2013). Animals of the Masai Mara. Princeton University Press. p. 130. ISBN 978-0-691-15601-9.
  26. Rubenstein, D. I.; Hack, M. (2004). "Natural and sexual selection and the evolution of multi-level societies: insights from zebras with comparisons to primates". In Kappeler, P.; van Schaik, C. P. (ed.). Sexual Selection in Primates: New and Comparative Perspectives. Cambridge University Press. pp. 266–279. ISBN 978-0-521-53738-4.
  27. 1 2 Klingel, H. (1969). "Reproduction in the plains zebra Equus burchelli boehmi: behaviour and ecological factors". J. Reprod. Fertil. Suppl. 6: 339–345.
  28. 1 2 Alden, P. C., Estes, R. D., Schlitter, D., McBride, B. (1995). National Audubon Society Field Guide to African Wildlife. Chanticleer Press, Inc. p. 151. ISBN 978-0-679-43234-0.
  29. Max, D. T. (1 January 2006). "Can You Revive an Extinct Animal?". The New York Times. Retrieved 2014-03-03.
  30. Wikisource Chisholm, Hugh, ed. (1911). "Quagga". Encyclopædia Britannica (11th ed.). Cambridge University Press.
  31. Skinner, J. D.; Chimimba, C. T. (2005). "Equidae". The Mammals of the Southern African Subregion (3rd ed.). Cambridge University Press. pp. 537–546. ISBN 978-0-521-84418-5.
  32. 1 2 Nunez, C. M. V.; Rubenstein, D. I.; Asa, C. S. (2011). "Zebra Reproduction". In McKinnon, A. O.; Squires, E. L.; Vaala, E. L.; Varner, D. D. (ed.). Equine Reproduction. Wiley-Blackwell. pp. 2851–2865. ISBN 978-0-8138-1971-6.
  33. "Further evidence for male infanticide and feticide in captive plains zebras" (PDF). Archived from the original (PDF) on 2012-02-22. Retrieved 2012-07-03.
  34. "Plains Zebra | National Geographic". Animals. 2010-09-10. Archived from the original on February 25, 2021. Retrieved 2022-12-15.
  35. Young, T. P.; T. M. Palmer; M. E. Gadd (2005). "Competition and compensation among cattle, zebras, and elephants in a semi-arid savanna in Laikipia, Kenya". Biological Conservation. 121 (2): 351–359. Bibcode:2005BCons.122..351Y. doi:10.1016/j.biocon.2004.08.007.
  36. Odadi, W. O.; T. P. Young; J. B. Okeyo-Owour (2009). "The effects of wild herbivores on cattle intake and movement rates in Laikipia rangeland, Kenya". Applied Animal Behaviour Science. 116 (2–4): 120–125. doi:10.1016/j.applanim.2008.08.010.
  37. Weddell, B. J. (2002). Conserving Living Natural Resources: In the Context of a Changing World. Cambridge University Press. p. 46. ISBN 978-0-521-78812-0.
  38. Van Bruggen, A.C. (1959). "Illustrated notes on some extinct South African ungulates". South African Journal of Science. 55: 197–200.
  39. Harley, E.H.; Knight, M.H.; Lardner, C.; Wooding, B.; Gregor, M. (2009). "The Quagga Project: Progress over 20 years of selective breeding" (PDF). South African Journal of Wildlife Research. 39 (2): 155. CiteSeerX 10.1.1.653.4113. doi:10.3957/056.039.0206. S2CID 31506168.
  40. 1 2 3 4 Plumb, C.; Shaw, S. (2018). Zebra. Reaktion Books. pp. 37–46, 192–201. ISBN 978-1-78023-935-4.
  41. "Introducing the flag of Botswana". Lonely Planet. 19 August 2020. Archived from the original on 9 August 2021. Retrieved 9 August 2021.
  42. Dirks, Tim (n.d.). "Fantasia (1940)". Filmsite.org. Archived from the original on 2014-08-23.
  43. "The Zoo at Hearst Castle - Hearst Castle". 2012-09-10. Retrieved 2025-11-17.
  44. 1 2 "Hearst Castle Zebras of San Simeon - Visit San Simeon". Visit San Simeon CA. Retrieved 2025-11-17.
  45. "Hearst Castle Zebras". Highway 1 Road Trip. Retrieved 2025-11-17.
  46. Brinkhof, Tim (2022-07-31). "Why California has wild zebras". Big Think. Retrieved 2025-11-17.