Pitso Mosimane
Pitso John Hamilton Mosimane (o tshotswe ka la bo 26 Phukwi 1964) ke motshameki wa pele wa kgwele ya dinao wa seporofešenale wa Aforika Borwa mme ga jaana ke mokatisi.
Playing career
[fetola | Fetola Motswedi]Mosimane o simolotse tiro ya gagwe ya maemo a kwa godimo kwa Jomo Cosmos,morago ga moo,a tshamekela setlhopha sa Orlando Pirates le Mamelodi Sundowns,pele a ka ikopnya le setlhopha sa Greece,sa (Lonikos)go tshameka ka fa tlase ga mokatisi Nikos Alefantos.
Mosimane e ne e le mothusa mokatisi wa batshameki ba ba ka fa tlase ga dingwaga di le somenngwe ka nako ya fa a ne a le mo setlhopheng sa Belgium sa KFC Rita Berlaar,morago ga moo o ne a boela kwa Aforika Borwa go ya go katisa batshameki ba Mamelodi Sundowns.[1] Moswi Ted Dumitru o ne a mo tlhotlheletsa go nna mokatisi.[2]
Mosimane o tsenetse Supersport United jaaka mothusa mokatisi wa ga Bruce Grobbelaar, morago ga moo o ne a nna mokatisi yo mogolo go tloga ka 2001 go fitlha ka 2007, kwa a neng a fetsa mo maemong a bobedi ka ngwaga wa 2001–02 le 2002–03 mo Liking ya Kgwele ya Dinao ya Bogodimo ya (PSL).
Mosimane o dirile jaaka mokatisi wa motlhokomedi wa setlhopha sa bosetšhaba sa Aforika Borwa,se se bidiwang Bafana Bafana, mo metshamekong e le supa ka ngwaga wa 2007,\\pele ga go tlhomiwa ga ga Carlos Alberto Parreira jaaka mokatisi yo mogolo wa setlhopha sa bosetšhaba, yo Mosimane a neng a dira jaaka mothusa mokatisi ka fa tlase ga gagwe ka nako ya Sejana sa Lefatshe sa FIFA sa 2010. Gape o ne a dira jaaka mothusi wa ga Joel Santana ka nako ya Sejana sa Dikopano tsa FIFA sa 2009, motlhatlhami wa ga Parreira mme moragonyana a tla pele ga gagwe.
Ka di 15 Phukwi 2010, Mosimane o ne a bidiwa jaaka mokatisi yo mošwa wa Aforika Borwa mme a newa konteraka ya dingwaga di le nne.[1] O fentse motshameko wa gagwe wa ntlha a laola mo phenyong ya 1-0 mo go setlhopheng sa ga Ghana e e neng e le kwa kotareng ya makgaolakgang ya Sejana sa Lefatshe. Aforika Borwa e paletswe ke go tshwanelegela Sejana sa Ditšhaba sa Aforika sa 2012 morago ga gore Mosimane a tshameke ka phoso go lekana mo motshamekong wa bofelo wa go tlhopha kgatlhanong le Sierra Leone, fa tota go ne go tlhokega phenyo.[2]
.Ka ngwaga wa 2012, Mosimane o ne a nna mookamedi wa setlhopha sa Mamelodi Sundowns. O fentse Liki ya Ditshimega ya CAF ya 2016 le Mamelodi Sundowns morago ga go fenya Zamalek ya Egepeto ka 3-1 ka palogare,[1] mme seno sa dira gore e nne setlhopha sa bobedi sa Aforikaborwa go e fenya morago ga Orlando Pirates ka 1995.
Ka Sedimonthole 2016, Mosimane o ne a bewa mo maemong a bo lesome a mokatisi yo o gaisang mo lefatsheng ka 2016, go ya ka Mokgatlho wa Boditšhabatšhaba wa Hisitori ya Kgwele ya Dinao le Dipalopalo [1] (IFFHS).
Ka la bo 5 Ferikgong 2017, Mosimane o ne a gapa sekgele sa Mokatisi wa Ngwaga kwa dikabong tsa Glo-CAF tsa 2016 kwa Abuja, Nigeria morago ga go kaela setlhopha sa Mamelodi Sundowns go ya kwa kgalalelong ya liki ka 2015–16 le go tsaya sekgele sa Telkom Knockout se se neng se raya gore Mosimane o ne a ema a le esi go nna mokatisi yotlhe wa liki Motlha wa PSL.[1]
Ka la bo 5 Ferikgong 2017, Mosimane o ne a gapa sekgele sa Mokatisi wa Ngwaga kwa dikabong tsa Glo-CAF tsa 2016 kwa Abuja, Nigeria morago ga go kaela Mamelodi Sundowns go ya kwa kgalalelong ya liki ka 2015–16 le go tsaya sekgele sa Telkom Knockout se se neng se raya gore Mosimane o ne a ema a le esi go nna mokatisi yotlhe wa liki Motlha wa PSL.[1]
Mosimane ka kakaretso o tsewa jaaka motsamaisi yo o atlegileng go gaisa mo hisitoring ya kgwele ya dinao ya Aforika Borwa, a fentse dikgele di le tlhano tsa ABSA Premiership le Mamelodi Sundowns.[1] Mo bokhutlong jwa kgwedi ya Lwetse 2020, Mosimane o ne a tlogela tiro ya gagwe ya go nna mokatisi wa Mamelodi Sundowns ..[2]
Ka di 30 Lwetse 2020, Mosimane o ne a itsisiwe gore ke mokatisi yo mogolo wa Al Ahly.[11] E ne e le Moaforika wa ntlha yo e seng wa Egepeto go laola tlelapo eno.[12]
Ka di 27 Ngwanaitseele 2020, Mosimane o ne a etelela Al Ahly pele go ya kwa sekgeleng sa bone sa bo 9 sa liki ya Ditshimega tsa CAF, morago ga go fenya makgaolakgang a 2020 kgatlhanong le bagaisani ba bone ba Zamalek, [3] le go tshwanelegela Sejana sa Lefatshe sa Ditlhopha sa FIFA sa 2020, [4] kwa ba neng ba feleletsa ba le mo maemong a boraro ka penalty ya Palmira . [5] Ka di 6 Sedimonthole 2020, o ne a etelela pele Al Ahly go fenya Sejana sa Egepeto . Ka Motsheganong 2021, o ne a kaela setlhopha sa kgwele ya dinao go fenya Sejana sa Super sa Aforika kgatlhanong le RS Berkane kwa Doha, kwa Qatar. [6]
Ka di 17 Phukwi 2021, Al Ahly e ne ya fenya sekgele sa yone sa bobedi sa liki ya Bommampodi ba CAF ka fa tlase ga Mosimane mme sa bo 10 ka kakaretso morago ga go fenya Kaizer Chiefs ka 3-0 mo makgaolakgannyeng . [7] Rory Smith o ne a nganga gore nako eno ya dikgwedi di le robedi, e mo go yone Al Ahly e neng ya gapa dikgele di le tharo, e dirile gore Mosimane e nne mongwe wa batsamaisi ba ba gaisang mo kgweleng ya dinao ya lefatshe mo ngwageng. [8] Ka Sedimonthole 2021, o ne a fenya Sejana se sengwe sa Aforika kwa Qatar kgatlhanong le Raja Casablanca . [9] Ka di 13 Seetebosigo 2022, Al Ahly e ne ya amogela kopo ya ga Mosimane ya go tlogela tiro ya go nna motsamaisi wa bone. [10]
Ka di 25 Lwetse 2022, Mosimane o ne a tlhomiwa go nna motsamaisi wa tlelapo ya Al-Ahli Jeddah ya Saudi Arabia . [11] O ne a tsamaya ka Seetebosigo 2023 morago ga go ba kaela go tlhatlhosiwa maemo, mme o ne a boletse fa ene le badiri ba gagwe ba setegeniki ba sa duelwa fa e sale ka Ferikgong. [12] [13]
Ka la 18 Seetebosigo 2023, ka bonako fela morago ga go tswa kwa Al Ahli Jeddah, Mosimane o ne a tsenela setlhopha sa Abu Dhabi sa Al Wahda mmogo le badiri ba gagwe ba setegeniki. [14] [15] Moragonyana mo ngwageng oo, ka Ngwanaitseele a le 10, Al-Wahda e ne ya itsise go fedisiwa ga konteraka le Mosimane ka tumalano ya bobedi. [16]
Ka la bo 26 Ferikgong 2024, Mosimane o ne a tsenela setlhopha sa Saudi Arabia sa Abha ka konteraka ya dikgwedi di le nne e e neng e tla mo isa kwa bokhutlong jwa setlha. [17]
Ka di 18 Diphalane 2024, Mosimane o ne a tlhomiwa go nna mokatisi wa setlhopha sa Iran sa Esteghlal mo Liking ya Pro ya Kgogometso ya Peresia . [18] O fedisitse konteraka ya gagwe ka la bo 28 Ferikgong 2025 le Esteghlal ka ntlha ya mathata a madi. Dipholo tsa gagwe ka nako ya fa a ne a le kwa Esteghlal di ne di le bokoa thata.
| Setlhopha sa bosetšhaba | Ngwaga | Ditiriso | Dino |
|---|---|---|---|
| Aforika Borwa | 1993 | 2 | 1 |
| 1994 | 2 | 0 | |
| Palogotlhe | 4 | 1 | |
- ↑ Koza, Neo. "Better than Wenger: Pitso Mosimane makes world coaching top 10". http://ewn.co.za/2016/12/29/pitso-mosimane-makes-top-10-ranking-for-best-coach.
- ↑ "EXCLUSIVE: Pitso Mosimane resigns as Sundowns coach, set to join Al Ahly". 30 September 2020. https://www.timeslive.co.za/sport/soccer/2020-09-30-exclusive-pitso-mosimane-resigns-as-sundowns-coach-set-to-join-al-ahly/.
- ↑ "Pitso: South Africa has lot of respect for Al Ahly, half of Sundowns fans support the Reds". kingfut.com. 28 November 2020.
- ↑ "Club World Cup: Al Ahly's 'Chosen One' coach draws strength from Nelson Mandela". CNN. 3 February 2021.
- ↑ "Al Ahly beat Palmira's to clinch third place at Club World Cup". BBC Sport. 11 February 2021.
- ↑ "Al Ahly v RSB Berkane Match Report, 5/28/21, CAF Super Cup | Goal.com". www.goal.com. Retrieved 9 June 2021.
- ↑ "Egypt's Al Ahly beat Kaizer Chiefs 3-0 to win record tenth African crown". BBC Sport. 18 July 2021.
- ↑ Smith, Rory (16 January 2022). "When Two Champions Leagues Titles in Eight Months Don't Count". The New York Times. Retrieved 18 January 2022.
- ↑ "Late drama as Al Ahly lift CAF Super Cup for eighth time in history". kingfut.com. 22 December 2021.
- ↑ "Al Ahly and Mosimane Agree to Part Ways". Al Ahly. 13 June 2022.
- ↑ "OFFICIAL: Pitso Mosimane announced as Al Ahli Jeddah's head coach". kingfut.com. 25 September 2022.
- ↑ "Pitso Mosimane leaves Al Ahli". SABC News (in American English). 13 June 2023. Retrieved 14 June 2023.
- ↑ "Will Pitso Mosimane end up at Kaizer Chiefs? Ex-Bafana coach leaves Al Ahli". MSN (in Sekgoa). Retrieved 14 June 2023.
- ↑ "Bye Saudi, hello UAE! Pitso Mosimane lands head coach role with Al Wahda". news24. Retrieved 18 June 2023.
- ↑ "Pitso Mosimane joins UAE side Al Wahda". https://www.timeslive.co.za/sport/soccer/2023-06-18-pitso-mosimane-joins-uae-side-al-wahda/.
- ↑ "Mosimane parts ways with Al-Wahda after four months". TimesLIVE. 10 November 2023.
- ↑ "Pitso Mosimane takes on new challenge in Saudi Arabia". FARPost. 26 January 2024. Retrieved 30 January 2024.
- ↑ "پیتسو موسیمانه سرمربی استقلال شد؛ پایان روزهای بلاتکلیفی". فوتبال ۳۶۰. Archived from the original on 12 November 2024. Retrieved 18 October 2024.