Polao ya Kgailo ya morafe mo ditsong (go tswa ngwaga wa 1490 go ya ko go wa 1914)
Polao ya morafe ke go nyelediwa ka boomo ga batho ka botlalo kana bontlhabonngwe jwa bone. Polelwana e e ne ya tlhamiwa ka 1944 ke Raphael Lemkin. Go tlhalosiwa mo Setlhogong sa bobedi sa Tumalano ya Thibelo le Kotlhao ya Bosenyi jwa Polao ya Setshaba (CPPCG) ya 1948 jaaka "ditiro tse di latelang tse di dirilweng ka maikaelelo a go nyeletsa, ka botlalo kgotsa ka karolo, setlhopha sa bosetshaba, morafe, merafe, kgotsa bodumedi, jaaka se: go bolaya maloko a setlhopha; go baka kgobalo e e masisi ya mmele kgotsa ya tlhaloganyo mo malokong a setlhopha; go dira ka bomo mo maemong a botshelo a setlhopha, go rulaganyeditswe go tlisa tshenyo ya mmele wa sone ka botlalo kgotsa ka karolo; go tlhoma dikgato tse di ikaeletseng go thibela go belega ga bana mo setlhopheng; le go fetisetsa bana ba setlhopha ka dikgoka kwa setlhopheng se sengwe.
[fetola | Fetola Motswedi]Kitsiso ya CPPCG e bolela gore "go bolaya batho ka bontsi ke tlolomolao go ya ka molao wa boditshabatshaba, e e kgatlhanong le mowa le maikaelelo a lekgotla la boditshaba e bile e kgalwa ke mafaatshe a a tlhabologileng", mme gape e bolela gore "mo dinakong tsotlhe tsa ditso go bolaya batho ka bontsi go bakile tatlhegelo e kgolo mo bathong". Polao ya morafe e tsewa e le sekai sa bosula jwa setho, mme e bidiwa "bosenyi jwa bosenyi". The Political Instability Task Force e fopholeditse gore go ne ga nna le dipolao tsa morafe di le masome a mane le boraro (43)magareng ga 1956 le 2016, tse di feleletseng ka dintsho tsa di dikadike tse masome a matlhano (50).[ UNHCR e fopholetsa gore didikadike tse dingwe tse masome a matlhano (50) di ne di fudusitswe ke ditiragalo tse di ntseng jalo tsa tirisodikgoka.
Ditlhaloso tsa polao ya morafe
[fetola | Fetola Motswedi]Setlhogo sa konokono: Ditlhaloso tsa polao ya morafe
Kganetsano e tswelela pele maleba le gore molao o tlhalosa gore go bolawa ga batho ka bontsi go kaya eng. Tlhaloso e nngwe ke kgotlhang epe fela e Kgotlatshekelo ya Boditshabatshaba ya Dikebekwa e e tlhalosang ka tsela eo. Mohammed Hassan Kakar a re tlhaloso e tshwanetse go akaretsa ditlhopha tsa sepolotiki kgotsa setlhopha sengwe le sengwe se se tlhalositsweng ke mosenyi. O rata tlhaloso ya Frank Chalk le Kurt Jonassohn, e e tlhalosang gore polao ya morafe ke "mofuta wa polao ya batho ba le bantsi e e dirwang ke puso kgotsa bolaodi jo bongwe bo ikaeletse go nyeletsa setlhopha se se tlhalosiwang ke mosenyi".Mo dibukeng, bakanoki bangwe ba gateletse seabe se Soviet Union e neng ya se tshameka mo go se ntsheng ditlhopha tsa sepolotiki go tswa mo tlhalosong ya boditšhabatšhaba ya polao ya morafe, e e fitlhelwang mo Tumalanong ya Polao ya Morafe ya 1948, mme segolo bogolo ba kwadile gore Joseph Stalin a ka tswa a ne a tshaba tshekatsheko e kgolo ya boditshabatshaba ya dipolao tsa sepolotiki tse di diragetseng mo nageng, jaaka Great Purge ,le fa go le jalo, polelo e ga e tshegediwe ke bosupi. Pono ya Soviet e ne ya abelwa le go tshegediwa ke dinaga tse dintsi tse di farologaneng, mme gape di ne di tsamaelana le kgopolo ya kwa tshimologong ya ga Raphael Lemkin, mme e ne ya rotloediwa kwa tshimologong ke World Jewish Congress.
Afrika
[fetola | Fetola Motswedi]Kgwebo ya Makgoba ya Atlantic
Kgwebo ya makgoba e e neng e ralala Atlantic e ne ya felela ka go go tlhokafale makgoba a le mantsi a Baafrika mo mafatsheng a a Amerika le kwa ntle ga one. Ditekanyetso tse di farologaneng go tswa go di dikadike di le pedi go ya go dikadike di le masome a marataro.Patrick Manning o fopholetsa gore makgoba a ka nna dikadike di le lesome le bobedi a ne a tsena mo kgwebong ya makgoba ya Atlantic fa gare ga lekgolo la bo lesome le borataro le la bo lesome le borababongwe la dingwaga, mme mo e ka nnang dikadike di le bongwe le sephatlo di ne tsa swela mo dikepeng. Makgoba a ka nna dikadike di lesome le se patlho ne a goroga kwa mafatsheng a Amerika. Kwantle ga makgoba a a neng a tlhokafalela kwa Middle Passage, go ne ga nna le dikgongalo ya gore go ne ga tlhokafala Maafrika a mangwe a le mantsi ka nako ya fa makgoba a ne a tlhasela le go lwa mo Afrika le fa a ne a patelediwa go gwantela kwa maemakepeng. Manning o fopholetsa gore batho ba le didikadike di le nne ba ne ba swela mo Afrika fa ba sena go tshwarwa, mme ba bangwe ba bantsi ba ne ba swa ba sa le basha. Tshekatsheko ya ga Manning e akaretsa dikadike di le lesome le bobedi tse di neng di rometswe kwa Atlantic, mmogo le dikadike di le borataro di neng di rometswe kwa mebarakeng ya makgoba ya Arabia le didikadike di le borabobedi tse di neng di rometswe kwa mebarakeng ya Afrika. Mo makgobeng a a neng a romelwa kwa Amerika, bontsi jwa one a ne a romelwa kwa Brazil le kwa Caribbean.
MoCanada mongwe e bong Adam Jones o ne a tlhalosa gore go swa ga dikadike tsa Baafrika ka nako ya kgwebo ya makgoba ya Atlantic e ne e le polao ya morafe ka ntlha ya gore e ne e le "nngwe ya dipolao tsa kgailo tse di maswe go gaisa tsotlhe mo ditsong tsa batho" ka gonne go fopholediwa gore go ne ga swa batho ba le dikadikedi le lesome le botlhano go ya go di le masome a mabedi , mme o ganetsa mabaka a a jaaka a a reng "go ne go le mo dikgatlhegong tsa beng ba makgoba go boloka makgoba a tshela, e seng go a nyeletsa" ka go bolela gore "bontsi jwa one ke boferefere" ka go bolela jaana: "go bolawa le go senngwa ga bone go ne go dirwa ka bomo, go sa kgathalesege gore ba ne ba tlhotlhelediwa ke eng go boloka bafalodi ba ba neng ba tshela ka nako ya go kgabaganya Atlantic gore ba dirwe makgoba. Go boela mo kgannyeng ya maikaelelo e e setseng e umakilwe: Fa setheo se tlhokometswe le go atolosiwa ka boomo ke badiragatsi ba ba bonalang, le fa botlhe ba itse ka dintsho tse di boitshegang tse se di dirang mo setlhopheng sa batho ba ba ka tlhalosiwang, ke ka ntlha yang fa seno se sa tshwanela go tsewa e le polao ya morafe?"[1]
- ↑ Jones 2006https://en.wikipedia.org/wiki/Genocides_in_history_(1490_to_1914)#CITEREFJones2006