Jump to content

Polao ya ga Segametsi Mogomotsi

Go tswa ko Wikipedia
Segametsi Mogomotsi
Tsalo1979/1980
LesoTempolete:Death date (aged 14)
Se se bakileng lesoritual murder
Body discoveredMochudi, Botswana
ThutoRadikolo Community Junior Secondary School

Segametsi Mogomotsi e ne e le mosetsana wa sekolo wa dingwaga tse di lesome le bone yo o neng a fitlhelwa a bolailwe ka kgwedi ya Ngwanatsele e tlhola malatsi a le marataro ka ngwaga wa 1994 kwa Mochudi, Botswana. O ne a timela nako nngwe ka Ngwanatsele a le gatlhano, mme setopo sa gagwe se ne sa fitlhelwa se sa apara sepe e bile se kgaotswe ditokololo mo lefelong le le bulegileng mo mosong o o latelang. Dipheko (polao ya bongaka) e ne ya tsosa ditshupegetso tsa baithuti kwa sekoleng se segolwane sa morafe sa Radikolo (RCJSS), sekolo se a neng a tsena kwa go sone, gammogo le mo baaging ba Mochudi. Ditshupegetso tseo di ne tsa baka dikhuduego kwa Gaborone e e mabapi, mme tsa dira gore puso ya Botswana e bitse ba Scotland Yard. Ga go ope yo o latofaditsweng semmuso ka polao, mme go ne ga dirwa pego ya semmuso ya mapodisi, mme go tloga ka Phatwe 2012, maduo ga a ise a gololwe.[1] Polao e ne ya tlhotlheletsa dikgang tse di mo pading ya ga Unity Dow ya Screaming of the Innocent, Deadly Harvest ya masaitsiweng ya ga Michael Stanley, le padi ya ga Alexander McCall Smith ya The No. 1 Ladies' Detective Agency.[2]

Kwa morago

[fetola | Fetola Motswedi]

Polao ya ditlhare ya motho yo o kgaolwang dikarolo tsa mmele go dira muti (moriana) e e dirisiwang mo meletlong go rotloetsa ditumalano tsa kgwebo kgotsa katlego e tlwaelesegile mo Botswana. Maborithane a ne a lebaganaa le dikgetse tsa polao ya dipheko fa lefatshe le ne le santse le le mo tshireletsong go tloga ka dingwaga tsa bo 1930,[3] mme ramaranyane wa loago Cyprian Fisiy o biditse boloi "tlhobaelo e kgolo ya bontsi jwa merafe ya Aforika".[4] Bana, bogolo jang baithuti ba ba rutegileng thata, ke bone ba ba tlhaselwang thata ke dipheko (dingwao) ka ntlha ya bokgoni jwa bone jo ba bo lemogiwang jwa go atlega.[5] Fa moithuta-loago Ørnulf Gulbrandsen a ne a botsolotsa Batswana ba le mmalwa, monna mongwe o ne a re, "ga re na tsela e nngwe ya go tlhalosa ka fa batho bangwe ba humang ka teng ka bonako fela".[6] Bontsi jwa batho ba ba latofadiwang mo dikgetseng tsa dipolao tsa dipheko ba bolela gore ba ne ba tsenwa ke dipolao kgotsa ba ne ba tshosediwa ke ditlhaselo tsa isago ka boloi (witchcraft) mme ka jalo ba ne ba patelesega go bolaya.[3]

Ka Ngwanatsele 1996, moithuta-loago Charlanne Burke o ne a botsolotsa moithuti mongwe yo o neng a sobokanya polao e jaana:

Segametsi o ne a rekisa dinamune go kgobokanya madi a mosepele wa sekolo. Banna bangwe ba ne ba tla kwa go ene ba reka dinamune tsa gagwe tsotlhe, mme ba re ga ba na chenchi ka jalo ba tla ya go e tsaya ba bo ba boa. Ka jalo Segametsi a leta foo letsatsi lotlhe le go fitlha maitseboa, go fitlhela go batlile go nna lefifi. Ke fa banna bangwe ba tla ba mo tshwara ba mo tsenya letseta ... mo molomong, ba mo tswala matlho, ba mo bofa diatla. Ba mo isa kwa ntlong nngwe mo sekgweng .... Mmolai yo o ne a kgaola Segametsi ditokitoki, a tsenya matsogo le maoto ka dithotobolo go ya ka dikopo tsa borakgwebo ba ba neng ba laetse polao.[4]

Dipatlisiso

[fetola | Fetola Motswedi]

Rraagwe Segametsi wa bobedi o ne a tshwarwa morago ga go ipolela gore ene le borakgwebo ba bangwe ba selegae ke bone ba ba bolaileng mosetsana yo, mme o ne a busetsa polelo ya gagwe morago, a re boipolelo joo tota e ne e le pego e e dirilweng ke batho ba bangwe.[7] Fa borakgwebo ba ba umakilweng ba ntse ba tshwarwa, ba ne ba gololwa, mme seo sa tsosa mokubukubu kwa Mochudi.[7] Ka ngwaga wa 2008, Sekobye Mokgalo, mongwe wa borakgwebo ba ba umakilweng, o ne a kopa pusetso ya puso ka ntlha ya go bonwa molato ka tsela e e sa siamang.[8] Ka 2009, o ile a bona 10000,000 Botswana pula e le ditshenyehelo go tswa kwa mmusong.

Ditshupegetso

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka Firikgong 1995, baithuti ba Sekolo se Segolwane sa Baagi sa Radikolo ba ne ba rulaganya mogwanto kwa ofising ya ga Molaodi wa Kgaolo kwa Mochudi go tsibogela "go lemoga [...] tirisanommogo ya puso mo tirong ya boloi".[9] Mogwanto o ne wa gola go nna dikhuduego mme baipelaetsi ba ne ba fisa ntlo tsa babelaelwa.[10] Dikhuduego di ne tsa tswelela kwa Gaborone go simolola ka Tlhakole a tlhola malatsi a le lesome le borataro ka ngwaga wa 1995.[11] Setlhopha sa nakwana, Lekgotla la Ntwa ya Phetogo, se ne sa gatelela gore go nne le tshiamiso "ntle le go tshereganya ga [puso]."[10] Setlhopha sa Ditirelo tse di Kgethegileng, e leng mapodise a a thibelang dikhuduego a Sesole sa Tshireletso sa Botswana, se ne sa dirisa gase e e putsaputsisang dikeledi mo baipelaetsing mo kgaolong ya kgwebo e e fa gare fa baithuti kwa Yunibesithing ya Botswana ba ne ba tlhasela kopano e e neng e tsweletse ya Kokoano Bosetšhaba ya Botswana.[10] Tautona Quett Masire o ntshitse pego fa a tsibogela ditshupegetso tseo:

Ga re na go itshokela go tlhoka molao, go senngwa ga dithoto tsa setšhaba le tsa beng mmogo le maitsholo a a sa laolesegeng...Puso e tsere dikgato tse di gagametseng go fedisa ditiragalo tse di sa amogelesegeng tse, ka jalo ke laetse mapodisi le sesole go busetsa molao le tolamo. Ba ba tswelelang ka boitshwaro jo bo ntseng jalo ba tla ikotlhaa.[12]

Bobedi ba ba neng ba dira dikhuduego le mapodisi ba ne ba gobala: baipelaetsi ba ba fetang lesome le botlhano ba ne ba alafelwa dintho tsa marumo a raba kwa Kokelong ya Deborah Relief Memorial,[12] mosimane yo monnye o ne a bolawa mme motho yo o neng a lebile o ne a swa ditokololo; bobedi e le marumo a raba a mapodisi.[13] Monna mongwe o ne a bolawa moragonyana ke mapodisi ka ntlha ya ditshupegetso tseo.[14] Lekgotla la Banana la Botswana National Front le ne la kgala tsibogo ya puso mo dikhuduegong tseo, ya re sesole se ne se "sa tsamaisane le mokgwa wa puso ya batho ka batho mme se ka supa go tlhagelela ga puso ya sepodisi/sesole".[12]

Tshedimosetso tse dingwe

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. Pitse 2011.
  2. Wheretowhento.com 2012.
  3. 1 2 Burke 2000, p. 204.
  4. 1 2 Gewald 2002, p. 40.
  5. Burke 2000, p. 213.
  6. Gulbrandsen 2012, p. 287.
  7. 1 2 Gewald 2002, p. 41.
  8. Pitse 2008.
  9. Gewald 2002, p. 41–42.
  10. 1 2 3 Gewald 2002, p. 42.
  11. Gulbrandsen 2012, p. 288.
  12. 1 2 3 Molomo 2001, p. 46.
  13. Burke 2000, p. 210.
  14. Titlestad 1996.
  • Burke, Charlanne (October 2000). "They Cut Segametsi into Parts: Ritual Murder, Youth, and the Politics of Knowledge in Botswana". Anthropological Quarterly. Youth and the Social Imagination in Africa, Part 2. 73 (4). The George Washington University Institute for Ethnographic Research: 204–214. doi:10.1353/anq.2000.0009. S2CID 144659328.
  • Gewald, Jan-Bart (2002). Mazonde, Isaac (ed.). "EI Negro, el Niño, witchcraft and the absence of rain" (PDF). Pula: Botswana Journal of African Studies. El Negro and the Hottentot Venus: Issues of Repatriation. 13 (1). Gaborone: Research and Development Unit, University of Botswana: 37–51. Archived (PDF) from the original on 11 May 2022. Retrieved 7 August 2012.