Jump to content

Polao ya letso kwa Tulsa

Go tswa ko Wikipedia

Polao ya letso kwa Tulsa e ne e le polao ya malatsi a mabedi ya botlhogonkope ba basweu[1] e e neng ya diragala kwa Greenwood District kwa Tulsa, Oklahoma, fa gare ga Motsheganong a le masome mararo le motso le Seetebosigo a rogwa, 1921, fa digopa tsa baagi ba basweu, ba bangwe ba bone ba neng ba tlhomilwe go nna badiredibagolo ba puso[2] se ne sa tlhasela baagi ba bantsho le go senya matlo le dikgwebo. Tiragalo eno e tsewa e le nngwe ya ditiragalo tse di maswe go gaisa tsotlhe tsa tirisodikgoka ya semorafe mo ditsong tsa Amerika. Batlhasedi ba ne ba fisa le go senya lefatshe la sekgala se se fetang masome a mararo le botlhano tsa lefelo leo—ka nako eo, e ne e le nngwe ya merafe e e humileng thata ya batho bantsho kwa Amerika, e e neng e itsiwe ka puo ya tlwaelo jaaka "Black Wall Street."

Batho ba feta makgolo a robabobedi ba ne ba amogelwa kwa dikokelong, mme baagi ba bantsho ba ka nna dikete tse thataro ba Tulsa ba ne ba tsenngwa mo dikago tse dikgolo, bontsi jwa bone ba ne ba tsenngwa mo dikokelong malatsi a le mmalwa.[3] Lephata la Oklahoma la Dipalopalo tsa Botlhokwa e kwadile semmuso gore batho ba le masome a mararo le borataro ba ne ba tlhokafala. Tlhatlhobo ya ditiragalo tsa Tulsa Reparations Coalition ya 2001 e ne ya supa baswi ba le masome a mararo le boferabongwe, ba bantsho ba le masome mabedi le borataro le ba basweu ba le lesome le boraro, go ikaegilwe ka dipego tsa segompieno tsa tlhatlhobo ya setopo, ditankana tsa loso, le direkoto tse dingwe. Khuduthamaga e begile diphopholetso tse di simololang ka baswi ba le masome mararo le borataro go fitlha go ba ka nna makgolo a mararo.

Polao e simolotse ka mafelobeke a Letsatsi la Segopotso morago ga gore Dick Rowland wa dingwaga di le lesome le boferabongwe, mosutlhi wa ditlhako wa montsho, a latofadiwe ka go tlhasela Sarah Page, modirisi wa lifiti wa dingwaga di le masome a mabedi le motso yo mosweu mo Kagong e e gaufi ya Drexel. O ne a tshwarwa mme magatwe a gore o ne a tlile go bolawa ka go kaletswa a ne a anamisiwa mo toropong yotlhe, kwa monna mongwe wa mosweu yo o bidiwang Roy Belton a neng a kaletswa mo ngwageng o o fetileng. Fa ba utlwa dipego tsa gore segopa sa banna ba basweu ba le makgolokgolo se ne se kokoane go dikologa kgolegelo e Rowland a neng a tshwerwe mo go yone, setlhopha sa banna ba bantsho ba le masome a supa le botlhano, bangwe ba bone ba tshwere dibetsa, se ne sa goroga kwa kgolegelong go tla go sireletsa Rowland. Sheriff o ne a tlhotlheletsa setlhopha seno gore se tswe mo kgolegelong, a ba tlhomamisetsa gore o laola seemo.

[fetola | Fetola Motswedi]
Mmepe wa Tulsa ka 1920. Kgaolo ya Greenwood e ne e le kwa bokone jwa Tulsa

Ka 1921, Oklahoma go ne go na le moya o o sa siamang wa lotso, wa legae le wa dipolotiki. Kgaolo ya bokone jwa Oklahoma e ne e tlhomilwe go patelediwa go fudusediwa ga Maamerika a tlhago go tswa kwa borwabotlhaba, bangwe ba bone ba ne ba na le makgoba.[4] Makgoba a e ne e le banni ba ntlha ba bantsho ba Indian Territory, ka ba ne ba tlisitswe ke beng ba bona ba tlhago. Mafelo a mangwe a ne a amogetse baagi ba le bantsi go tswa kwa Borwa ba malapa a bone e neng e le makgoba pele ga Ntwa ya Selegae. Oklahoma e ne ya amogelwa jaaka kgaolo ka Ngwanatsele a le lesome le borataro, 1907. Lekgotla la semolao la kgaolo le le neng le sa tswang go tlhomiwa, le le neng le na le bontsi jo bogolo jwa batlhophi, le ne la fetisa melao ya go kgaoganya batho ka lotso, e e tlwaelegileng go bidiwa melao ya ga Jim Crow, e le thulaganyo ya lone ya ntlha ya tiro. Molaomotheo wa Oklahoma wa 1907 o ne o sa kope gore batho ba kgaoganngwe ka tsela e e gagametseng; baemedi ba ne ba tshaba gore Tautona wa Amerika e bong Theodore Roosevelt o ne a tla thibela mekwalo eo fa ba ka akaretsa dithibelo tse di ntseng jalo. Le fa go ntse jalo, molao wa ntlha o o neng wa fetisiwa ke lekgotla le lesha la semolao o ne o kgaoganya maeto otlhe a terena, mme melao ya go ikwadisa go tlhopha e ne ya amoga batho ba e seng basweu ditshwanelo tsa bone. Seno se ne se raya gore gape ba ne ba thibelwa go nna mo ditlhopheng tsa baatlhodi kgotsa go nna mo diofising tsa puso tsa lefelo leo. Melao eno e ne ya diragadiwa go fitlha e atlholwa gore ga e dumalane le molamotheo morago ga go fetisiwa ga Molao wa Ditshwanelo tsa go Tlhopha wa puso wa 1965. Ditoropo tse dikgolo di ne tsa fetisa melao e e neng e baya dithibelo tse dingwe.[5]

Ditlamorago

[fetola | Fetola Motswedi]

Dikgobalo

[fetola | Fetola Motswedi]
Aforika yo monnye o mo molelong. Dikhuduego tsa letso kwa Tulsa, Seetebosigo a rogwa, 1921 Go lebega e tserwe mo marulelong a Hotele Tulsa mo 3rd St. fa gare ga Boston Ave. le Cincinnati Ave. Mola wa ntlha wa dikago o bapile le 2nd St. Leru la mosi mo molemeng (Cincinnati Ave. le Frisco Tracks) go kaiwa mo senepeng se sengwe sa go tshwana le se mo Tulsa Tribune fa e le gone kwa molelo o simolotseng teng.
Ditlhogo tsa dipampiri tsa dikgang le ditlhogwana (The Boston Daily Globe, Boston, Massachusetts, U.S., Seetebosigo a le malatsi a mabedi, 1921) ba tlhalosa dikhuduego tsa letso tsa kwa Tulsa (Oklahoma) le dipolao tsa malatsi a a sa tswang go feta

Polao eno e ne ya begwa ke makwalodikgang a naga, mme palo e e begilweng ya dintsho e farologana thata. Ka Seetebosigo a rogwa,1921, Tulsa Tribune e ne ya bega gore batho ba basweu ba robabongwe le batho bantsho ba le masome a marataro le boferabobedi ba ne ba swa mo dikhuduegong tseno, mme ka bonako fela morago ga moo e ne ya fetola palo eo go nna palogotlhe ya baswi ba le lekgolo le masome a supa le borataro. Letsatsi le le latelang, yone pampiri eo e ne ya bega gore palo eo e ne e le batho ba basweu ba robabongwe le batho bantsho ba le masome mabedi le motso. Setlhogo sa Los Angeles Express se ne sa re "Ba le lekgolo le masome a supa le botlhano ba bolailwe, ba le bantsi ba gobetse". The New York Times e ne ya re go bolailwe batho ba le masome a supa le bosupa, go akaretsa le batho ba bantsho ba le masome a marataro le boferabobedi, mme moragonyana e ne ya fokotsa palogotlhe go nna masome a mararo le boraro. Richmond Times Dispatch ya kwa Virginia e ne ya bega gore go ne ga bolawa batho ba le masome a ferabobedi le botlhano (go akaretsa le batho ba basweu ba le masome mabedi le botlhano); gape e ne ya bega gore mookamedi wa mapodise o ne a begela Mmusi Robertson gore palogotlhe ke masome a supa le botlhano; le gore mogolwane wa mapodise o ne a baya palo eo kwa go lekgolo le masome a supa le botlhano.[6] Lephata la Dipalopalo tsa Botlhokwa la Oklahoma le beile palo ya dintsho mo go masome mararo le borataro(masome mabedi le borataro a bantsho le lesome la basweu). Batho ba le mmalwa fela, fa e le gore ba ne ba le teng, ba ne ba swa ka ntlha ya molelo ono ka tlhamalalo. Direkoto tsa semmuso tsa puso di bontsha dintsho di le tlhano tsa tuka mo kgaolong yotlhe ka 1921.[patlisiso ya ntlha?]

  1. "Tulsa race massacre at 100: an act of terrorism America tried to forget". The Guardian. May 31, 2021. ISSN 0261-3077. E nopotswe Seetebosigo a le lesome le boraro ka 2025.
  2. Brown, DeNeen L. (October 22, 2019). "HBO's 'Watchmen' depicts a deadly Tulsa race massacre that was all too real". The Washington Post. Retrieved July 3, 2020. "White city police officer "deputized" members of the lynch mob and "instructed them to get a gun and get a n-----", according to the Oklahoma Historical Society".
  3. Messer, Chris M.; Bell, Patricia A. (July 31, 2008). "Mass Media and Governmental Framing of Riots". Journal of Black Studies. 40 (5): 851–870. doi:10.1177/0021934708318607. JSTOR 40648610. S2CID 146678313. E nopotswe Seetebosigo a le lesome le boraro ka 2025.
  4. Smith, Ryan (2018). "How Native American Slaveholders Complicate the Trail of Tears Narrative". Smithsonian Magazine. Archived from the original on October 16, 2019. E nopotswe Seetebosigo a le lesome le boraro ka 2025
  5. Hirsch 2002, p. 36. E nopotswe Seetebosigo a le lesome le boraro ka 2025.
  6. "Richmond Times-Dispatch". Richmond, VA. June 2, 1921. Archived from the original on February 4, 2015. E nopotswe Seetebosigo a le lesome le boraro ka 2025 – via chroniclingamerica.loc.gov.