Jump to content

Poloka ya Dipuo tsa Aforika Borwa

Go tswa ko Wikipedia
Flaga ya Aforika Borwa

Poloka ya Dipuo tsa Aforika Borwa

[fetola | Fetola Motswedi]

Diporofense tsotlhe tsa Aforika Borwa di leka ka maatla go boloka dipuo tsa bona ka go ruta bana le go di kwala mo dibukeng gore tshedimosetso e oketsege le gore baswa ba bangwe ba ba tlang ba kgone go fitlhela tshedimosetse eo. Kwa KwaZulu-Natal, go buiwa puo ya seZulu ebile e kwalwa le kwa dikolong. Dipuo tsotlhe e ka nna Setswana, Sesotho, Sepedi,Xitsonga kgotsa e ka tswa e le efe tsotlhe di nale mafelo ao di buiwang kwa teng ebile batho ba puo ba tletse ele thata le kwa sekolong dirutwa dingwe di rutwa ka puo eo. Lefelo jaaka Gauteng puo tse di koo di tlhakatlhakane ka gonne go dula batho ba ba farologane ba go bua dipuo tse di farologaneng go tswa kwa diporofenseng tsa bone.[1]

Dikgato tsa di Diporofense

[fetola | Fetola Motswedi]

Go ralala Kapa Botlhaba, KwaZulu-Natal, Limpopo, le diporofense tse dingwe tsa magae, basadi ba ne ba bula magae a bone, dikereke, kgotsa dikago tse di latlhilweng go nna dikolo tsa nakwana. Bangwe ba ne ba dirisa dikamore tsa go ithuta tse di dirilweng ka tshipi kgotsa tse di nang le ditlhare tse di nang le moriti. E re ka ba ne ba se na madi a puso kgotsa ba sa amogelwe semolao, ba ne ba itirela mananeo a bone a go ithuta, ba dirisa thutego ya bone e e lekanyeditsweng, dingwao tsa bone tse di sa kwalwang le kitso ya bone ya setso. Basadi bano ba ne ba sa katisiwa ka metlha go nna barutabana, mme ba ne ba ineetse thata mo go tokafatseng setšhaba.

Dipuo tsa Aforika Borwa

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka bokhutshwane fela, Aforika Borwa ke nngwe ya dinaga tse di humileng thata go nna le batho ba bantsi jaana ba ba buang dipuo di le 11 tse di farologaneng mo go yone. Ele ruri ke morafe wa motshe wa godimo ka gore le batho ba ba tswang kwa ntle ba kgona go nna mo nageng eo le go tswakanya le yone ba dirisa dipuo go buisana le ba bangwe le go tshela ka kutlwano.

  1. Trump's Afrikaners Are South African Opportunists, Not Refugees - What's Behind the U.S. Move [analysis]