Jump to content

Popego ya Botswana

Go tswa ko Wikipedia

Botswana ke lefatshe le le senang lotshitshi le le kwa borwa jwa Aforika, kwa bokone jwa Aforika Borwa. Lefatshe la Botswana le mo lefelong la dikhilomithara di le dikete di le makgolo a matlhano, masome a robabobedi le motso, makgolo a supa, le masome a mararo, dikhilomithara di le dikete di le makgolo a matlhano, masome a marataro le borataro, makgolo a supa le masome a mararo a lone ke lefatshe fela. Lefatshe la Botswana le na le melelwane ya lefatshe ya boleele jwa dikhilomithara di le dikete di le nne, makgolo a mararo, masome a mane le bosupa fa e kopantswe, melelwane e, e kopanetswe le lefatshe la Namibia, dikhilomithara di le sekete, makgolo a matlhano, masome a mane le bone; lefatshe la Aforika Borwa dikhilomithara di le sekete, makgolo a robabongwe, masome a marataro le borobabongwe; lefatshe la Zimbabwe, dikhilomithara di le makgolo a robabobedi, masome a mararo le bone le lefatshe la Zambia, dikhilomithara di le 0.15. Bontsi jwa palo ya batho ba Botswana ba kwa botlhaba jwa lefatshe.

Mogote wa letsatsi o nna o le kwa godimo ngwaga yotlhe, mme paka ya mariga ke yone e e letsatsi thata. Lefatshe ka bophara le diphefo ebile le lerole ka paka ya komelelo.[1]

Dipalo tsa lefelo

[fetola | Fetola Motswedi]

Lefelo

  • Palo yotlhe: dikete di le makgolo a matlhano, masome a robabbedi le motso, makgolo a supa le masome a mararo
    • maemo mo lefatsheng lotlhe: masome a mane le borobabobedi
  • Metsi: dikhilomithara di le dikete di le lesome le botlhano

Lefelo le tshwangtshanngwa le a mangwe

[fetola | Fetola Motswedi]
  • Tshwantshanyo le lefatshe la Australia: botlhano mo bosupeng jwa selekanyo sa New South Wales
  • Tshwantshanyo le lefatshe la Canada: le bonnye jwa bongwe mo lesomeng go gaisa Saskatchewan
  • Tshwantshanyo le lefatshe la United Kingdom: bobedi jo bo tletseng, le bobedi mo botlhanong jwa selekanyo sa United Kingdom
  • Tshwantshanyo le lefatshe la United States: le le botlana gabedi go gaisa Arizona
  • Tshwantshanyo le EU: le legolwane go se kae, go gaisa Metropolitan France.
Gweta, Botswana

Lefatshe le, le sephaphathi, mme gape le na le dipoa tsa makhubu, le ntswa go na le mafelo a a nang le dithaba, kwa meepo e leng teng. Sekaka sa Kalahari se kwa legareng le borwa-bophirima. Makgobokgobo a Okavango, a e leng lengwe la matsha a matona thata a a mo teng ga lefatshe, a kwa bokone-bophirima, Makgadikgadi Pans, a e leng letsha le letona la letswai le kwa bokone-legare. Lefelo la Makgadikgadi go supilwe fa e le lefelo le le saleng le nniwa ke batho go tswa bogologolong; makgobokgobo a matona a, a na le matsha a letswai a le mmalwa, le letona e le Ntwetwe Pan, Sua Pan le Nxai Pan.[2] Bo kwa tlase thata jwa lefatshe la Botswana ke kwa makopanelong a noka ya Shashe le Limpopo, kwa bo kwa godimong jwa dimithara di le makgolo, lesome le boraro. Lefelo le le kwa godimo thata ke kwa thabeng ya Monalanong, dimithara di le sekete, makgolo a mane, masome a robabongwe le botlhano.[3] Lefatshe le kgaogantswe ka dikgaolo tse nne tse di tshololang metsi, tse ka dinako se dingwe di sa nneng teng ka ntlha ya go omelela ga seemo sa bosa:

  • Noka ya Chobe mo molelwaneng le Caprivi Strip ya Namibia ga mmogo le lefelo le le nnye le le makgobokgobo, ke bontlha jwa kgampu ya Zambezi.
  • Bontlha jo bogolo jwa kgaolo e e kwa bokone le legare la lefatshe ke bontlha jwa kgampu ya Okavango.
  • Botlhaba jwa lefatshe bo wela mo kgampung ya Limpopo.
  • Dikgaolo tsa borwa le borwa-botlhaba, tse e leng tsone di omeletseng thata, di tshela mo nokeng ya Molopo mo molelwaneng wa Aforika Borwa le noka ya Nossob go ralala Kalahari Gemsbok National Park, ke bontlha jwa kgampu ya noka ya Orange. Ga go na epe ya dinoka tse e e elelang go fitlha kwa nokeng ya Orange le fa go ntse jalo. (Bokopano jwa bofelo jo bo gatisitsweng ke ka dingwaga tsa sekete, makgolo a robabobedi, amsome a robabobedi.)[4]

Kwa ntle ga dinoka tsa Chobe, Okavango, Boteti le Limpopo, bontsi jwa dinoka tsa Botswana di emisa go elela ka dipaka tsa komelelo le pele ga pula e na.

Dikgwa mo Botswana di apesa lefelo la 27% wa lefatshe lotlhe, palo e ,e lekana le diheketara di le didikadike di le dikete di le lesome le botlhano, makgolo a mabedi, masome a matlhano le bone le makgolo a supa a dikgwa ka ngwaga wa dikete pedi le masome a mabedi, ke phokotsego go tswa kwa diheketareng di le didikadike di le lesome le borobabobedi, makgolo a robabobedi le boraro, le makgolo a supa ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a robabongwe. Ka ngwaga wa dikete pedi le masome a mabedi, dikgwa tse di neng di anama ka tlholego tse di neng di apesitse diheketara di le didikadike di le lesome le botlhano, makgolo a mabedi, masome a matlhano le bone, le makgolo a supa, 0% wa tsone o ne a begiwa fa e le sekgwa se se nang le ditlhare tsa mo gae, go sena sepe se se rotloeditsweng ke batho, 11% wa lefelo la sekgwa o ne a fitlhelwa mo mafelong a a sireleditsweng. Mo ngwageng wa dikete pedi, lesome le botlhano, 24% wa lefelo la sekgwa o ne a begiwa fa e le wa batho botlhe fa 76% e le wa makgotla a a ikemetseng.[5]

Seemo sa loapi

[fetola | Fetola Motswedi]

Lefatshe la Botswana, ke lefatshe la seka-sekaka, ka ntlha ya paka e khutshwane ya pula. Le fa go ntse jalo, go nna kwa godimo ga lefatshe le seemo sa kgaolo e le mo go yone, di dira gore le nne bongola. Lefatshe le kgakala le go foka ga phefo e e nang le monyo mo bontsing jwa ngwaga. Paka ya komelelo e simolola ka Moranang go tsena Phalane kwa borwa, kwa bokone gone ke go tsena Ngwanatsele kwa dipula di leng kwa godingwana. Borwa jwa lefatshe bo itemogela diphefo tse di tsididi ka paka ya mariga (Motsheganong a simologa go tsena Phatwe a fela) fa bothitho mo ka nnang lesome le bone. Lefatshe lotlhe le itemogela selemo se se mogote ka bothitho jwa masome a mabedi le borataro. Letsatsi le mogote ngwaga otlhe le ntswa le le lentsi thata ka mariga. Lefatshe le diphefo ebile le lerole ka paka ya komelelo.[2]

Mmepe Koppen wa seemo sa loapi sa Botswana
Mmepe wa bogodimo jwa Botswana

Dikgoreletsi tsa tlholego

[fetola | Fetola Motswedi]

Lefatshe la Botswana le amiwa ke komelelo e e diragalang gangwe le gape, le diphefo tsa Phatwe di foka go tswa kwa bophirima, di na le motlhaba le lerole, lo lo ka kganelang batho go bona sentle.

Maru a pula kwa Serowe ka Firkgong ngwaga wa dikete pedi, lesome le borobabongwe

Mathata a gompieno a tsa tikologo mo Botswana ke go fudisa mo go feteletseng, go nna sekaka ga mafelo a a kileng a bo a nonne le go nna teng ga metswedi e se kae fela ya metsi a a phepa.

Dipatlisiso tsa baitseanape di supile fa tlwaelesego ya go rua dikgomo tse dintsi go emelela komelelo go dira gore tikologo e seka ya nna mo maemong a a siameng. Tshekatsheko ya kgaolo e akanyetsa fa ka ngwaga wa dikete pedi, masome a matlhano, tsamao ya komelelo e e seng kalo e tlaa khutswafala go nna dikgwedi di le lesome le borobabobedi eseng dingwaga tse pedi ka ntlha ya phetogo ya seemo sa loapi.[6]

Go nna teng ga ditlhare

[fetola | Fetola Motswedi]

Global Forest Watch e gatisa dikakanyetso tsa ngwaga le ngwaga tsa go nna teng ga ditlhare. [7][8][9][10]

Ditumalano tsa mafatshefatshe

[fetola | Fetola Motswedi]

Lefatshe la Botswana le mo ditumalanong tse di latelang: mefuta ya ditshedi, phetogo ya seemo sa loapi, go nna sekaka, diphologolo tse di gomagomediwang ke go nyelela, matlakala a a borai, molao wa lewatle, go sireletsa boalo jwa ozone le makgobokgobo.

Mafelo a a kgakala thata

[fetola | Fetola Motswedi]

A ke mafelo a a kgakala thata a Botswana, mafelo a ke a bofelo kwa bokone, borwa, botlhaba le bophirima go fetisa mafelo ape fela mo Botswana.

  • Kwa bokone - molelwane le lefatshe la Zambia mo nokeng ya Zambezi kwa kgaolong ya Chobe
  • Kwa Botlhaba - bokopano jwa mafatshe a mararo a Aforika Borwa, Zimbabwe le kgaolo ya legare ya Botswana
  • Borwa - Bokspits, kgaolo ya Kgalagadi
  • Bophirima - ntlha ya molelwane le Namibia
    • ntlha: lefatshe la Botswana ga le na ntlha e e kwa bophirima ka ntlha e o e tlhamiwa ke mola wa meridian of longitude kwa botlhaba jwa Greenwich.
  1. General Survey of Climatology, Landsberg (ed.), Elsevier, 2001.
  2. 1 2 C. Michael Hogan (2008) Makgadikgadi, Megalithic Portal, ed. A.Burnham
  3. "Botswana", The World Factbook, Central Intelligence Agency, 1 October 2025, archived from the original on 6 October 2025, retrieved 10 July 2026
  4. Times Comprehensive Atlas, (2007), Times Books, London
  5. Terms and Definitions FRA 2025 Forest Resources Assessment, Working Paper 194. Food and Agriculture Organization of the United Nations. 2023.
  6. Sub-Saharan Africa news in brief: 10–22 April 2008 – SciDev.Net
  7. "Botswana Deforestation Rates & Statistics". Global Forest Watch.
  8. Hansen, Matthew C.; Potapov, Peter V.; Moore, Rebecca; et al. (2013). "High-Resolution Global Maps of 21st-Century Forest Cover Change". Science. 342 (6160): 850–853. doi:10.1126/science.1244693.
  9. "Tree cover loss". Global Forest Watch Open Data Portal.
  10. "Tree cover (2000)". Global Forest Watch Open Data Portal.