Porojekete ya Kagiso ya Zimbabwe
Porojekete ya Kagiso ya Zimbabwe e gape e bidiwang ZPP ke setlhopha se se tlhokomelang ditshwanelo tsa setho kwa Zimbabwe. ZPP e tlhomilwe ka ngwaga wa 2000 ke setlhopha sa baagi le maloko a kereke. E ganetsana le seemo sa ditshwanelo tsa setho kwa Zimbabwe, mme Mokaedi wa yone Jestina Mukoko o ne a thopiwa ke ba Sepodisi sa sephiri mme a gololwa fela morago ga ditaelo tsa Kgotlakgolo ya ditsheko ya Zimbabwe. Ke mokgatlho o o sa kwadisiwang mme o kopane le dikgoreletsi tse dintsi ka gonne puso e ne e belaela gore ba tsosa dikgoberego mo setshabeng. ZPP e latofaditse gore mmueledi wa ditshwanelo tsa setho Beatrice Mtetwa o thopilwe.[1] ZPP e ne e amega mo go kwaleng ka dikgatako tsa ditshwanelo tsa setho ga puso ya Zimbabwe.[2] Balweladitshwanelo ba bangwe le bone ba thopilwe ke Mapodisi a Sephiri. [ <span title="This claim needs references to reliable sources. (October 2024)">go tlhokega nopolo</span> ]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Cite error: Invalid
<ref>tag; no text was provided for refs named "NYT". - ↑ "The Zimbabwe Situation". www.zimbabwesituation.com. Retrieved 2019-06-13.