Portal:Arts

From Wikipedia
Jump to navigation Jump to search

NGWAO[baakanya | edit source]

Ngwao ya setšhaba sengwe le sengwe; ditsamaiso tsa matshelo, dithulaganyo tsa merero, boaletso jwa isago le matshego a tshireletso le pabalelo ya setšhaba, ga mmogo le ditsasona, gotlhe mo go thaetswe mo thutong ya tlhago ya setšhaba seo. Thuto e e tswang le setšhaba kwa ga Lowe ke yona tshoboloko ya botlhale le tebelopele ya batlapele ba sona; go seta motlhala o dikokomana tsa sona di tshwanetseng go o sala morago; go o tlotla le go o ikanya, gore bosetšhaba jwa sona bo tswelele, bo tie, bo tote, bo gole; gore ka ntlha ya go itemoga le go itlhomamisa ga sona, le go ikitse se se leng sona le fa se leng teng, ditšhaba tse dingwe di se sisimoge, di se tlotle ka jaana di bona se itlotla, se ithata jaaka se ntse. E ke yona thuto ya mmakgonthe; e e thaetsweng go aga, go bopaganya, le go tsweletsa setšhaba pele.

Mo ngwaong ya Setswana bana ba ne ba fiwa thuto e go neng go sekasekilwe e bile go lemogilwe gore e ka ba betlela isago e e eletsegang, ya batho ba ba itekanetseng mo mebeleng, ba tshethile mo ditlhaloganyong. Thuto e e ne e ajwa ka thulaganyo ya thupiso, e bong ya bogwera le bojale.

BOGWERA[baakanya | edit source]

Ka bogwera go akarediwa thuto ya ngwao ya Setswana e e neng e newa bana ba basimane go ba dira banna ba ba nonofileng; ba itse molao, ba bile ba itse tiro ya bona mo morafeng. Thuto e ya ngwao e ne e dirwa ka go rupisa. Lefoko le le lebega le tswa mo go thupa, gonne leina /thupa/, fa le kgaoganngwa ka tlhogo le thito le nna:

/n/ tlhogo /rupa/ thito

Kakanyo e e dumalana le seane sa Setswana se se reng “molao go tsena wa thupa”. Mo metlheng ya Setswana sa maloba, makgowa a ise a tle mono, ka thuto ya Sekeresete, ‘monna’ e ne e le yo o rupileng. Fa monna a ne a sa rupa, o ne a bidiwa ‘mosimane’ go ya go ile. O ne a nyatsega, a bidiwa ka maina a tshotlo, e bile a sa letlelelwe go tsaya dikgang le banna ba ba rupileng, le fa e le go ja nabo. Pele pele le go nyala o ne a sa letlwe go nyala a ise a rupe. Motho yo o sa rupang o ne a sa tshwanela go itse sepe se se diragalang kwa bogwera, go fitlhelela a ya teng. Tsotlhe tse di diragalang koo e ne e le ‘khupamarama ke tla swa nayo’; phitlhela, kgomo ya serotswana. Magwane/Mapodi Legwane kgotsa lepodi ke motho yo o fa gare ga bosimane le bokau. Mo Setswaneng sa maloba ba ne ba tswala metseto, mme go gongwe ba tswale le meithatheletswane - letlalo le le gatlhwang mo lethekeng, mme le felela fa godimo ga mangole. Mo maitseboeng magwane a ne a tsamaya ka digopa, a tlhame dipina, a di opele. Go gongwe ba. ne ba tlhama dipina tse ka batho bangwe mo motseng; mme le fa ba ka go opela, o ne o sa ka ke wa ba sekisa. Fa ba ne ba ka tlhokela mongwe yo mogolo maitseo, bogolo ba ne ba ka kgwathisiwa; go diragatsa polelo e e reng “legwane ga le seke”, le seane se se reng “kgomo ya mosimane ke e nkgwe”. Le gale magwane a ne a leka go itshwara sentle, gonne go ne go itsiwe gore ba ba tshwenyang, kgotsa ba itshupa fa ba rata tshetsanyana, ba ne ba bewa leswabi, mme e re motlhang ba ya bogwera badisa ba bona ba fete ba ba ikatametse ka moretlwa go feta ba. bangwe, ba ba otlhaela boitshwaro jo ba neng ba ntse ba itshwara ka jona. Setlhaku Magwane a ne a a tle a phuthane, mme a tswele ka fa ntle ga motse. Ngwana wa kgosi, kgotsa fa a se yo, mongwe yo mogolwane ka matsalo, ke ene a neng a nna tlhogo ya mophato wa magwane. jalo ke ene a neng a laela gore go phuthegwe. Fa ba tsena koo ba ikgaoganya ditihopha di le pedi; go be go rengwa matlhaku, a bopelediwa go dira molelwane fa gare ga ditlhopha tse. Fa go tliwa setlhakung jaana, go a be go kgetlilwe ngata ya dithupa.

Fa go sena go dirwa setlhaku jaana, mongwe le mongwe o somola thupa, ba be ba lebagana, ba tsenwe ke setlhaku fa gare. Ba tla be ba simolola go itaana ka dithupa tse go fitlhelela ba bangwe ba tlhanola direthe. Mo setlhakung se ga go tshwaranwe ka mabogo, e bile ga go yo o dirisang letswele. Ba ba kgonang go itshokela manokonoko a thupa, fa ba bangwe ba le botsa phokojwe, ke bona ditshimega kgotsa bommampodi.

Morago ga moo ba phuthana gape, ba tswe letsholo. Ba dira tlhako-ya- pitse, mme e nne e boe go fitlhela e kopana e dira lesaka, Lesaka le le tla nna le ngotlega le be le kgotlhagana, gore diphologolo tse di tswaletsweng ka fa teng di tle di bonale. Ka go se na kwa di ka tshabelang teng, di bolaelwa teng ka fa, ka melamu le dithobane. Go tloga foo di a rwalwa di isiwa kgotleng ya kgosi. Gape go eta go tshotswe le ngata ya dithupa.

Fa magwane a a fitlha kwa kgotleng a feta a di baya fa pele ga banna ba ba phuthegileng foo, a be a kgwatha. Kgosi e tla be e bitsa mongwe wa banna ba ba nonofileng, gore a kgwathe. E tla be e somola thupa mo ngateng e magwane a tsileng ka yona, e ya mo go ene. Fa e mo lesa ene o ya mo basimaneng ba ba kgwathileng. Le ene fa a lapa o bitsa yo mongwe, a mo logetsa, mme yoo le ene a theogele mo basimaneng; go fitlhelela ba felela. Fa ba sena go kgwathisiwa botlhe, ba a tsoga, ba opele, ba bine. Se e a be e le sekao sa gore ba kopa bogwera.

Fa e ka re kgosi e buisanya le bagakolodi ba yona ya fitlhela go se na sekgoreletsi sepe, e rebola gore go siame, bogwera bo ka bolola. Go ne go rupisiwa basimane ba dingwaga tse di lesome le bosupa go ya go tse di masome a mabedi le bongwe. Bana ba ba amuleng letsele le le lengwe ba ne ba sa tshwanela go rupa mmogo, le fa e bile ba sa siane ka sebaka sepe se seleele. Go ne go twe fa go ka dirwa jalo yo mogolwane o ka lwala, a ba a swa. Fa a sa swe, go ne go dumelwa gore monnawe o tia mo nwa moro wa godimo - ke gore a mo tseela tlhaloganyo. Le gale bana ba monna a le mongwe, mme ba tshotswe ke basadi ba ba farologanyeng, bona ba ne ba ka rupa mmogo.

GO BOLOLA GA BOGWERA[baakanya | edit source]

Bogwera jo bosweu Malatsi a mabedi pele ga bogwera bo bolola basimane ba ne ba beolwa, gore ditlhogo tsa bone di nne borethe. Mo mosong wa letsatsi la go bololwa, magwane a ne a phuthegela mo dikgotleng tsa dikgoro tsa one; ba tswele metseto, ba bile ba tshotse melamu e ba e ipetletseng, kgotsa ba e betletswe ke borraabo. Fa ba sena go phuthega jaana ba a alašwa ka go tlhatlologana ga letsalo la bona - ba eteletswe pele ke morwa kgosana ya kgoro ya bona. Ba nna ba kgatshiwa ka seditse, ba be ba nathelwa tshitlho, ba e metsa. Tshitlho e e a be e tswa mo lonakeng lwa motse. Go dirwa jaana gore go se ka ga nna ba ba okamang ba bangwe fa ba tsena kwa mophatong kwa ba yang go rupela teng.

Dikgoro tse di farologanyeng di tla be di ya go kopanela kwa kgotleng e kgolo ya kgosi. Fa ba ya mošate jaana ba ya be ba dikaganyeditswe ke banna ba ba rupileng. Go eta go opelwa go ntse go twe:

“Ngwana wa mosadi a a sale Re ya marumong a kgomo Yo o salang a a sale Re ya marumong a kgomo”.

Fa ba opela jaana ba a be ba raya gore yo o se nang pelo ya senna a sale, fa bone ba ya go lebagana le diphatsa tsa bogwera.

Fa go sena go kgobokanwa mo kgotleng ya kgosi, basimane ba a bina, ba opela, mme morago ga sebakanyana ba tewe go twe ba kgwathe. Ba bewa mabele a kgomo fela, ba be ba tlogelwa. Le gale yo o itshikinyang ene o a okelediwa. Fa go na le mongwe wa bona yo o kileng a direla mongwe wa banna ba ba foo sengwe sa molemo, monna yoo o ka rola kuane ya gagwe, a e rwesa mosimane yoo a ntse a kgwathile jalo. Ka go rialo o raya gore ene a se ka a itewa, ka a na le tlotlo mo bathong ba batona. Go tloga fa ba a bolola, ba eta ba opela. Mophato Fa go sena go gorogwa kwa go yang go rupelwa teng, lefelo le mophato o tla agwang fa go lone le batlwa ke ngaka ka bola. Mophato o o agwa ke banna - ke go re ba bogwera jo bo alogileng la bofelo. Go apolwa naga, mme go agiwe logora lo lo kitlanyeng, ka matlhaku a a mebitlwa. Kgoro ya lona e leba kwa motseng. Go tlogelwa setlhare se segolo fa gare ga, logora lo, go dira moriti o banna ba bagolo ba tla nnang mo go one motshegare, fa magwera a ile letsomo. Go dirwa tsela, kgotsa mokgwatha, o tlhometswe dikota mo ditlhakoreng, mme o leba kwa setlhareng se segolo.

Mo logoreng, ka fa morago ga setlhare se segolo, go tlhongwa mokgoro, wa kgoro ya kgosing. Mo ditlhakoreng tsa one ke mekgoro ya dikgoro tse dingwe ka go latelana ga, tsone. Fa pele ga mokgoro mongwe le mongwe ke setlaagana se basimane ba kgoro ba robalang mo go sone. Ditlaagana tse tsona ga di rulelwe, mme basimane ba robala fela mo go tsona le fa pula e na. Godimo ga, moo go na le leiso le legolo la mophato otlhe, ka fa tlase ga setlhare se segolo. Ngaka ya bogwera e thaya maiso a, e be a thae le dintlha tse nne tsa logora lwa mophato go sireletsa bogwera mo diraing.

Molelo wa maiso a o ne o sa tshwanela go tima go fitlhelela bogwera bo aloga. Se e ne e le nngwe ya ditiro tsa makgajane kgotsa bagokane. Ba ke ba ba botlana mo banneng. Lefuti la molora wa maiso a le ne le bidiwa ‘phiri’. Go ne go etšwa mafuti a le mararo, mme a sekelediwe ka maboti/matlapa a maphaphathi. Leboti le le bewang la ntlha le ne le tshasiwa tshitlho. Dithotobolo tse di ne di tlogelwa fela, di sa phatlaladiwe, fa bogwera bo aloga: mme batho ba ne ba di sisimoga, ka ba. itse di alafilwe. Go ne go dumelwa gore yo o di kgomang di tlogetswe jalo o tla fetoga tshwene. Thulaganyo ya magwera Mo letsatsing la ntlha, fa banna ba bangwe ba aga logora, ba bangwe ba. rulaganya basimane ka go latelana ga dikgoro le dikgotla tsa bona. Ba ne ba tlhomaganngwa jalo mongwe le mongwe a itse gore botlhe ba ba fa pele ga gagwe ba bagolwane mo go ene ka matsalo. Se se ne se dirwa gore ba itse ka fa ba latelanang ka teng mo morafeng, le gore fa ba le kwa gae ba se ka ba ne ba gogagogana, go sa itsiwe yo mogolo le yo mmotlana ka seemo.

Go ne go tlwaelesegile gore basimane ba metse e mengwe ba tle go tsena bogwera mo motseng o o tla beng o rupisa ngwaga oo. Kgosi e e rupisang e ne e itsise dikgosi tsa metse eo, mme di romele bana ba metse ya tsona le badisa ba bona.

Ka ngwao ya Sekgatla, go ne go rupisiwa basimane ba Bahurutshe le ba gaMosetlha, fa ba le teng, pele ga go rupisiwa ba Bakgatla. Go ne go dirwa jaana ka go ne go twe Bahurutshwe le ba ga Mosetlha ba bagolwane mo Bakgatleng ka ditso le ngwao ya Setswana. Morago ga moo go ne go rupisiwa ba Bakgatla, ka go latelana ga matsalo a bona, go tloga ka ba bogosing. Thupiso Letsatsi la bobedi bogwera bo sena go bolola, basimane ba ne ba rupisiwa. Tiro e e ne e dirwa ke ngaka ya mophato le rrathipana kgotsa motsholathipa. Rrathipana o tshwanetse go nna motho yo o diatla dintle, jaaka a tla be a bonetswe mo dikgomong - ditshikela tsa gagwe di se ke di bolawa ke letshwagolo.

Basimane ba tlhomagana ka thulagano e e setseng e boletswe fa godimo. Ngaka e sala rrathipana morago, e ete e tshasa tshitlho fa a segileng teng. Matlalonyana a a kgaolwang a neelwa ngaka, yo e reng morago ga tiro yotlhe a a phuthe, a a tshube, mme a tlhakanye molora wa one le mafura go dira tshitlho. Tshitlho e e ne e tsenngwa mo lonakeng, mme lo ye go neelwa kgosi, ka e le yona rramagwera. Letsatsi le le latelang, tshitlho e e tshasiwa mo metheong ya dithotobolo tsa molora wa mophato. Gape go ne go alafiwa bogwera jo bo latelang jo ka yona, pele ga bo rupisiwa.

Fa mongwe wa basimane a ne a ka swa a rupisiwa jaana, o ne a fitlhwa lona letsatsi leo, gaufi le leiso la setlaagana sa kgoro ya ga gabo. Loso lo e ne e nna sephiri, mo le rraagwe tota a neng a sa tshwanela go rothisa mmutla madi mo go mmamosimane. Dijo tsa gagwe di ne di amogelwa fela, mme di fete di kgaoganngwe ba kgoro ya ga gabo. Tsamaiso Basimane ba ne ba nna kwa botlhaolelong koo dikgwedi di le tharo. Mo sebakeng se ba tlhokomelwa ke makgajane kgotsa bagokane - badisa ba dikgoro tsa bone. Makgajane a a ne a sa tshwanela go robala kwa gae, kgotsa go kopana le basadi. Motho o ne a ka kgwathisiwa kgotsa a atlholwa kgomo fa a ne a ka lemogwa a itlhokomolositse moila o.

Kgoro nngwe le nngwe e ne e na le monnamogolo, yo o bidiwang molobe - ka Sekgatla. O ne a tlhotšhwa ka go bonwa a na le kitso e e kgotsofatsang ya molao le ngwao ya Setswana. Molobe wa kgoro ya kgosing e ne e le ene ‘mogokgo’ wa balobe ba dikgoro tse dingwe; ke go re o ne a ba okametse; e le ene a fang ditaelo tsa se se dirwang letsatsi le letsatsi. E ne e le ene a tlhokometseng go tlhaba le go aba dinama. Kgosi le borrabasimane ba ne ba ka etela mophato, mme ba ne ba sa tshwanela go nnela ruri teng. Dijo tsa magwera Basimane ba ne ba a ja bogobe jo bo tswang kwa magabone. Borrabasimane kgotsa bomalomaabasimane ba ba tswang kwa metseng e e kgakala ba ne ba romela dikgetsi tsa mabele kwa kgosing ya motse o o rupisang, mme go bonwe ba ba ka ba apeelang. Ba motse bone ba ne ba apeelwa ke bommaabo, ka dipitsa tse di kgethegileng, le maiso a a lebaganyeng bone fela. Fa go ne go rupa leitibolo, batsadi ba gagwe ba ne ba sa tshwanela go ja bogobe jo a bo apeetsweng, go twe ba ka mo tshereanya.

Fa bogobe jwa gagwe bo budule, bo, tsholelwa mo mogopong o a tlholang a jela ka one fa a le mo gae. Bo tshwanetse go tsholwa le go isiwa bo sa le bolelo. Go ne go isiwa dijo gabedi ka letsatsi mo mosong, fa dikgomo di bolola; le mo maitseboeng, fa di goroga.

Basadi ba kgoro e le nngwe ba ne ba tsamaya mmogo, mme ba fete ba eme fa setlhareng se ba tla beng ba laetswe go letela fa go sona. Magobe a a feta a tsewa ke bagokane/makgajane, ba ye go a ntsha, mme ba buse megopo e. Basadi ba fa ba tsena kwa gae ba tlhatswa megopo e, mme ba e beele kwa thoko. E ne e le moila gore bana ba e kgome, kgotsa ba e dirise.

Basadi ba ne ba ka nna ba tsisa bojalwa, fa bo le teng, mme bo ne bo nowa ke banna ba bagolo fela, e seng magwera kgotsa badisa ba bona. Legwetla fa le le teng le lona le ne le amogelesega, mme e le la banna fela.

Rramosimane kgotsa malomaagwe o ne a ka ntsha kgomo kgotsa podi, gore e tlhabelwe magwera. Fa e sena go begwa kwa go ‘mogokgo’ e neelwa bagokane go e tlhaba, mme e jewe ke ba kgoro ya yo o tlhabisitsweng. Kgosi le yona e ne e a tle e ntshe dikgomo kgoro nngwe le nngwe e bona kgomo. Kgomo nngwe le nngwe fa e sena go ralwa e tshwarwatshwarwa ke ngaka; e dire moswang wa yona, e be e kgatshe nama yotlhe ka metswako ya yona. Se se ne se direlwa gore fa e ka re bosigo mongwe a re o tla go tlopola moswang o, di ye nae.

Pele ga basimane ba a ja ba ne ba tlhapa diatla, mme ba je ka go tlhakanela. Fa ba fiwa nama ba ne ba ema ka go tlhomagana, mme e re mongwe le mongwe a ntse a abelwa jaana, a ete a logediwa ka thupa. Thulaganyo ya letsatsi le letsatsi Morago ga thupiso basimane ba ne ba fetsa malatsi a le mane ba nna fela mo ditlaaganeng, ba ikoka. Go tloga ka letsatsi la botlhano ba simolola go ne ba tswa ba tsamayatsamaya kwa ntle. Ba ne ba fiwa molemonyana o o boupi gore ba o phaphathele mo dinthong tsa bona. Le fa o baba, ba ne ba tshwanela go o itshokela. Yo ntho ya gagwe e leng botlhoko thata mo a palelwang ke go tsamaya, o ne a tshwanetse go tswa le ba bangwe mo setlaaganeng, mme e re sekgalanyana go tswa fa go sona a nne fatshe, fa ba bangwe ba tsamaela kgakajana. Go ne go twe fa a ka sala mo setlaaganeng ntho e tla etegela.

Mo malatsing a a ntlha, basimane ba ne ba rutwa dipina. Dingwe tsa tsona e ne e le tse ba ikgothatsang ka tsona, gore le fa ba le mo ditlhabing jalo, fela botlhoko bo tloga bo fela, dintho tsa bona di fola. Nngwe ya dipina tse ba neng ba itiisa ka tsona ke e e reng:

“Majwe ke ale A ntshitse ditlhogo, Re a a atamela”.’

Bommabasimane ba ne ba ba romelela sedibelo, se tsentse mafura, mme a fete a tlhakanngwe le molora. Mo bosigong, pele ga ba ya go robala ba ne ba itlotsa ka motswako o. Fa mafura a fela a ne a tsisiwa gape go tswa kwa gae.

Basimane ba ne ba tsosiwa phakela, mme ba ya kwa nokeng go tlhapa. Fa ba bowa koo ba tla ka metsi le dikgong tsa molelo wa mophato ke go re wa leiso le legolo. Go tloga foo bagokane ba ya go tsaya dijo. Fa ba sa ile koo, basimane ba kgobokana ka fa tlase ga setlhare se segolo, go rutwa molao ke mogokgo wa mophato. Fa ba sena go rutwa jaana, ba a bediwa, mme ba boele kwa melelong ya ditlaagana tsa bona. Ba feta ba itlotsa ka mafura a bona, ba be ba a ja.

Morago ga. dijo basimane ba tswela kwa nageng le badisa ba bona. Ba tsamaya ka digongwana tsa dikgoro tsa bona. Mosimane wa bofelo go tswa mo setlaaganeng sengwe le sengwe o tshwanetse go tswa ka logong lo lo tukang. Logong lo lo tshwanetse go ya lo be lo bowe lo ntse lo tuka. Se ke sekao sa botshelo jo bo nonofileng jwa basimane.

Kwa nageng koo ba dira matsholo, mme ba bolae diphologolo tse di tshwanang le mebutla, diphudufudu, diphoti, jalo jalo. Gape ba eta ba rutwa dikoma ba be ba ikgakolole le melao e ba e rutilweng, ka go e boelela. Ba opelela kwa godimo gore batho ba se ka ba ba wela ba sa ba bone. Le gale fa go ne go itsiwe gore bogwera bo bolotse, batho ba ne ba tila matsamaelo a jona.

Matsholo a a bowa mo tshokologong, mme se ba tlang ba se bolaile se begelwe mogokgo wa balobe; dinama tseo di tloge di neelwe banna go di apaya ba be ba di ja. Basimane bone ba ne ba sa itatswe sepe sa nama e. Morago ga moo bagokane ba ya go tsaya dijo. Fa ba sa ile koo, basimane ba kgobokanngwa ka fa tlase ga setlhare se segolo, ba rutwe molao, ba be ba logediwe ka thupa gore molao o o tsene. Go tloga foo ba a ja; ba be ba opela, ba bina, pele ga ba robala. Thuto Basimane ba ne ba rutwa melao, dikoma le meepelwane. Dikoma ke dipina tsa. ntwa; mme meepelwane yona ke tsa phenyo. Go gongwe molao o ne o rutwa ka dipina kgotsa ka diane. Bokao jwa yone bo ne bo itsiwe ke one magwera le badisa ba bona fela, e seng batho ba ba sa rupang. Mogokgo o ne a ka bua molao, le tlhaloso ya ona; a be a nna a o boelela go fitlhelela botlhe ba re ba o tshwere e bile ba a o tlhaloganya; ba re ba tla o gakologelwa. Go tswa foo ba a kgwathisiwa, gore molao o tsenngwe mo go bona ka thupa. Morago ga moo ba ya go o ikgakolola kwa ditlaaganeng tsa bona, moso le maitseboa, ba tlhokometswe ke molobe wa kgoro ya bona le bagokane ba bona.

Ba ba sa tshwareng ka pela, kgotsa ba palelwa ke go o tlhalosa sentle, ba a itewa, go fitlhelela ba o tshwara. Morago ga malatsi a mane o ntse o boelelwa, ba rutwa o mongwe. Fa go ya kwa bofelong, morwa-kgosi o ne a bidiwa a le esi, go twe a boelele melao yotlhe e ba e rutilweng. Morago ga moo o a kgwathisiwa, gore a e tshegeletse ruri. Kgosi le yona e a ne e tla go laya basimane, e ba ruta ka fa ba tshwanetseng go itshwara ka teng fa ba le banna. Thuto ya bona e ne e akaretsa dintlha tse:

 (a) Go tlotla bagolo, bogolo jang batsadi ba bona.
 (b) Go disa le go tlhokomela dikgomo tsa ga bona sentle.
 (c) Go tlotla le go ikobela bomogoloabona.
 (d) Go sa tlogele dikgotla tsa borraabo, le ditshika tsa bona, ba ya go aga go sele.
 (e) Go tsoga phakela, fa ba le kwa gae, le go gotsa molelo kwa kgotleng.
 (f) Go tila go tsamaya le bana ba ba se nang maitseo, ba ba lonyatso mo bagolong, gonne
     ba ka ba senya.
 (g) Tirisanyo e e tshwanetseng le basadi. Ba ne ba laiwa gore ba se ka ba kopana le mosadi
       a le mo setswalong; a ithwadisitswe ke monna o sele, kgotsa a sa tswa go senyegelwa.
       Gape ba ne ba laiwa gore ba se ka ba ratana le basadi ba batona mo go bona.

Kaloso Morago ga diterna tsotlhe tse di kailweng fa godimo, jaanong go ipaakanyediwa gore bogwera bo tle bo aloge. Go sugwa matlalo a dihutshane tse di neng di ntse di tlhajwa, le a diphologolo tse dineng di ntse di bolawa mo letsomong, go direla basimane merepo le megaswana dikojwana tse ba tla di aparang fa ba aloga. Mo sebakeng se bommaabo ba romela mafura le letsoku le basimane ba le itlotsang fa ba ya go robala. Mo malatsing a a bofelo ga ba tlhole ba bediwa, go tewa gore e re ba aloga mebele ya bona e be e le borethe.

Mo sebakeng se mosimane mongwe le mongwe o rutwa go itlhamela leboko, le go le boka. O nna a itlhokotsa fa ba le kwa letsomong. Bagokane ba ba thusa fale le fale, mme tlhamo e tshwanetse go nna ya mosimane ka sebele.

Mo mosong wa letsatsi la bafelo ‘ basimane ba ne ba laelwa go itlotsa letsoku, le go apara diaparo tse ba di roketsweng. Ba tlhomaganngwa ka thulagano ya bona fa leisong la mophato, mme ba tshasiwe tshitlho ka go tlhatlologana ga bona. Dithotobolo kgotsa diphiri, ga mmogo le maiso, di tshwarwa ke ngaka ka melemo ya teng; go simololwa ka leiso le legolo la mophato. Go tswa foo basimane ba rulaganngwa ka fa ntle ga logora lwa mophato. Molobe yo mogolo mogokgo o ba bolelela gore jaanong ke banna, bosimane jwa bona bo sala mo mophatong. O goa a re:

     “Bosimane bo setse,
     Bo sala bo dikadikwa kwa mophatong!” 

Kgosi le bagolwane ba motse ba a ba laya, kgosi e be e bolela leina la mophato wa bona. Bana ba malata a kgosing ba bolelelwa tiro ya bona go tlhogo ya mophato o o alogang o. Yo o mo tsholelang metsi fa go iwa letsholo o neelwa modutwana o o dirilweng ka letlalo. Yo o mo tsholelang dikobo le ene o neelwa dikobo di se kae.

Mo tshokologong ya lona letsatsi le go a bothologwa. Basimane le banna ba bagolwane ba tloga pele, ba eta ba opela dikoma. Basimane ba ne ba laelwa gore ba se ka ba be ba gadima. Bagokane bona ba ne ba sala kwa morago, go sala ba tshuba logora le mokgoro, gore go se ka ga sala sepe, fa e se molora fela. Segopa se se tlogileng pele sele se feta se emela bagokane ka fa ntle ga motse. Fa bagokane ba sena go goroga, motlhape otlhe o tsena ka motse, o opela. Banna ba bangwe ba tswa kwa motseng go tla go kgatlhantsha le go opela nabo.

Fa mosimane mongwe a swetse kwa bogwera, rraagwe kgotsa mongwe wa losika lo lo gaufi o tla a rwele sedibelo se go neng go rometswe mafura ka sona, a feta a se tšhwetlela fa kgorong ya ga gabo mosimane yo o suleng, a be a boela kwa kgotleng ka setu. Ka go rialo mmaagwe o tla be a itse gore go diragetse eng. Morago ga selelo sa ntlha sa khutsafalo, o a didimala. Letsatsi le le latelang ke gona ene le ba losika ba ka simololang go hutsafalela ngwana wa bona ka mokgwa o o tlwaelesegileng.

Jaaka magwera a feta a raletse motse, basadi ba a be ba gomile tsela ya one, ba opela, ba duduetsa. Basetsana ba makgarebe ba a be ba tlhapile, ba kgabile, ba bile ba itloditse ka mafura gore ba phatsime. Mophato o o leba kwa mošate, kwa o fitlhelang kgosi le bagolwane ba motse ba o letile. Fa ba tsena ka kgotla badisa ba magwera ba opela ba re:

“Bana ba lona ke bao, A ga lo a re re ba jele, Ba tseyeng, ke bao, A ga lo a re re ba jele, Ke bao, ke bao, A ga lo a re re ba jele”.

Fa ba sena go opela jaana ba nna fatshe ga mmogo le magwera; ba apesitswe ke meduduetso e e boitshegang. Kgosi e tla be e ema e dumedisa magwera, e ba gatelelela gore ga ba tlhole ba le “basimane”, jaanong ke “banna”. O bitsa mongwe wa bagakolodi ba gagwe go begelela kokoano e e foo leina la mophato o mošwa o. Ba bolelelwa gore ga se banna ka go bo ba le dingwaga tse di rileng. Ga se banna ka go bo ba tswa go bolawa ke serame le dipula kwa lebololong. Ga se banna ka go bo ba ntse ba tshelela mo thupeng. Nnyaya!

Ke banna gonne ba tla ba rutegile. Ba tla ba itse molao le tsamaiso ya segabone. Ba rutilwe go tlotla ngwao ya bone; ditlwaelo, melao, meila le ditlamego tsa bona mo morafeng, ga mmogo le ditshwanelo tsa bona le tsa ba bangwe. Godimo ga tsotlhe tse, ba tia ba gamogile ditlhaloganyo; ba tlhometse marumo go lebagana le botshelo. Ba rutilwe go itshokela mathata, le go itse gore “sa mosima se bonwa ke yo o thata”, le gore “phokojwe go tshela yo o dithetsenyana”. Ba tla ba rutilwe gore “sa monna ga se tshabelwe, ga twe ke mono wa koto”, le gore “kgobakgoba e a ikgobokanyetsa, phatlaphatla e a iphatlalaletsa”.

Moragonyana ga go laiwa jalo go a phatlalalwa. Badisa ba tsaya magwera, a bone go ya dikgotleng tsa dikgoro tsa bona. Koo ba fitlhela ba baakanyeditswe dijo; mme pele ga ba a ja, mongwe le mongwe o boka leboko le gagwe, le a le itlhametseng kwa bogwera. Se se ne se itumedisa thata se kgatlha banna-bagolo le batho ka kakaretso.

Go boela gae mo go ne go bidiwa gore bogwera bo a aloga. Go tloga fa basimane ba ba bidiwa dialogane, makolwanyane, kgotsa batsokwane; go tewa go re “ba ba sa tswang go rupa”. Malatsinyana a a latelang ba tla be ba robala mo mekgorong ya dikgotla tsa bone; ba sa ntse ba itlotsa letsoku. Mo mosong ba ya go ja kwa magabone, ba be ba bolotsa dikgomo. Tshokologo fa ba sena go gorosa ba ka etela ditsala, mme ba itisatisa natso.

Morago ga tshipi ba busediwa kwa merakeng. Ka nako e, ba ba neng ba tswa mo metseng e sele ba a be ba neetswe banna go ba busetsa magabone. Taolo e e tswa mo kgosing. Bogwera jo bontsho Bogwera jwa ntlha jo go sa tswang go buiwa ka ga jona bo bodiwa bogwerajo bosweu. Leina le le tswa mo takeng e tshweu e basimane ba ntseng ba e itshasa kwa mophatong. Kgato ya bobedi ke ya bogwera jo bontsho, kgotsa setsho/sentsho; diphirwa, kgotsa bophirwa. Kgato e yone e ne e tla dikgwedi tse thataro morago ga bogwera bo aloga. Yone e ne e tsaya malatsinyana fela.

Jaaka kgosi e tla be e laotse, basimane ba ntshiwa kwa merakeng, ba busediwa mo gae. Ka letsatsi le le beilweng, e tla re ka maphakela a magolo badisa ba bona ba tlhabe mokgosi: “ba ba bolawang!” kgotsa ba re “swela ntle!” Ka go utlwa jalo basimane ba kubugela kwa mošate, kwa ba tshwanetseng go be ba le teng ka makuku. Go tswa fa kgotleng ba tsewa ke makgajane le banna ba bangwe, go tswela kwa nageng, ba eta ba opela. Fa ba tsena koo ba feta ba laelwa go boelela melao e ba e rutilweng kwa bogwereng jo bosweu. Tshokologo, ba boela gae, ba tla ba opela dikoma. Ba ya go robala kwa dikgotleng tsa dikgoro tsa bona.

Moso o o latelang ba tsogela gape kwa nageng. Ba feta ba batla setlhare sengwe ba se reme, ba be ba se fotlha dikala, ba se kwatabolotsa le makwati. Gantsi go ne go rengwa setlhare sa mosu. Go tloga foo ba nna ba gatlha kota eo ka makwati a setlhare sa mooka, ba tlogela dipaka fa gare ga megatlho eo. Dipaka tse di tlogetsweng tseo, di tla be di babolwa ka bojang gore di nne dintsho. Kwa bofelong ba bofolola makwati ao, jalo kota e sale e le mmala wa pitse ya naga.

Mo bosigong jwa letsatsi le le latelang, magwera a rwalela kota e kwa lesakeng le le fa kgotleng ya kgosi. Lesaka le le a be le kgwasitswe, gore basadi ba se ka ba bona se se diragalang ka fa teng. Kota e fa e sena go tshasiwa tshitlho ke ngaka, e tlhongwa mo gare ga lesaka. Magwera a tla lala a e opelela go fitlhelela bosigogare, ba be ba ya go robala.

Ka moso fa go tsogwa go fitlhelwa kota e eme mosopa mo gare ga lesaka. Fa batho ba gakgamala gore e tswa kae, banna ba ba raya ba re “e nnyetswe ke kgorno”. Ka go nna jalo kota e e ne e bidiwa monnyelakgomo, kgotsa mannyelwa ke kgomo. Morago ga monnyelakgomo, kgosi e ne e laela dialogane tse go ya letsomo. Se e ne e le yona tiro ya bona ya ntlha ya semphato. E ne e bidiwa go i1a, kgotsa moilo. Morago ga letsomo le kgosi e bitsa lebatla, mme e laole gore “a diphokwana di neelwe”. Go rialo e rebola gore ka jaana basimane ba jaanong e le banna, ba lokologile go ka nyala. Fela go ne go tlamega gore go nyale moeteledipele wa mophato pele. BOJALE Bojale go tewa thupiso ya basetsana. Yone e ne e direlwa mo motseng, mo malwapeng a a kgethegileng, a bile a sireleditswe thata gore bafeti-ka-tsela ba se ka ba bona se se diragalang ka fa teng. Thupiso ya basetsana yona e ne e simololwa ka go ba netla go ba tshwaya fa pele, ka fa seropeng sa leoto la moja; kwa kutung ya sona. Fa dintho tsa bona di sena go fola, ba ne ba nna nako e ntsi ya bona kwa nageng, ka fa ntle ga motse. Kwa ba tlholang teng koo ba rutwa ke badisa ba bona, e bong masoko. Thuto ya bona e ne e akaretsa dintlha tse:

(a) Thuto ka ga bosadi (b) Ditiro tsa lelwapa le tsa kwa masimo (c) Tirisanyo ya monna le mosadi (d) Boitshwaro jo bo siameng mo banneng (e) Maitseo a a siameng a setho

Mo maitseboeng ba ne ba bina, ba opela. Ba ne ba itshasa taka e tshweu mo mmeleng le mo difatlhegong, mme ba. apere mesese ya letheka, e e logilweng ka lotlhaka. Gape ba ne ba ithatheletsa lothaka lo mo dimpeng. Gantsi go ne go dirisiwa lotlhaka lwa mabele. Mo maotong le mo mabogong ba na ba rwala matlhao. Fa ba ntse jaana ba ne ba bidiwa borramapololo.

Jaaka basimane, basetsana ba le bona ba ne ba ikatamediwa ka thupa, gape ba rutwa go itshokela mathata a botshelo, le go sa tlole meila ya Setswana. Banna ba ne ba sa tshwanela go atamela fa mophatong. Fa ba ka raelesega, ba ne ba itewa ka dithupa tsa mokgalo, ke borradikgaratlhana. Ba ke basadi ba ba disang bojale, ba ba aparang ka tsela e e dirang gore ba se ka ba lemotshega gore ke bomang. Ke bona ba ba tsamayang ba disitse borramapololo fa ba ya nokeng, le mo mesepeleng e mengwe.

Fela jaaka go diragala kwa bogwera, dilo tsotlhe tse di dirwang mo bojale ke phitlhela, kgomo ya serotswana. Di itsiwe ke bona fela ba ba mo mophatong.

Kaloso Fa bojale bo aloga, basetsana ba ba bolelelwa gore jaanong ke basadi. Ba ne ba tiisediwa gore ba bidiwa “basadi” gonne ba tla ba. rutilwe molao le ngwao ya segabone. Ba tswa go rutwa gore botshelo ga se mašwi le dinotshi; bo dingalo, mme bo batla motho a ikemiseditse go emelana najo le go bo itshokela. Ba tswa go rutwa gore bosadi jwa bone bo tla bonwa ka mokgwa o ba itsholang ka one, le bopelokgale jo ba kgonang go itshokela mathata a botshelo ka jona.

Leina la mophato wa dialogane tse, le lengwe fela le le le tla beng le reilwe dialogane tsa bogwera jwa one ngwaga oo. Ka go nna jalo, bojale jo ke mophato o le mongwe le bogwera jwa ngwaga oo ke dithaka. KGALO YA THUPISO Bakgadi ba thuto ya tlhago ya Setswana ba atisa go remelela mo ntlheng e le nngwe fela, ya go re barupi ba kgaolwa dikarolo dingwe tsa mmele, le mororo go se na bongaka jo bo tlhomameng go ba tlhokomela go tloga foo. Go ya ka bakgadi ba, se ke sone maikaelelo a magolo a bogwera, kgotsa go rupisa ka kakaretso. Ba re bana ba a sotlwa, e bile ga ba fiwe dijo tse di nonotshang mmele. Go bisa go itse go a latlha.

Ga go tle mo bakgading ba, go botsa ba ba itseng, gore tota batlapele ba ne ba bonyeng mo thupisong, se ba neng ba durnela gore se ka thusa mo kagong ya setšhaba sa ka moso. Ga ba botse gore maikaelelo a magolo a go rupisa e ne e le eng. Ba tsewa fela ke ‘ga e a lala...’, gore bogwera kgotsa bojale ke dilo tse di kwa morago, tse di supang go tlhoka tlhabologo. Fa o ka botsa gore ‘tlhabologo’ e go buiwang ka ga yone e e raya eng, o tla bona dikarabo di le kana ka thapo tsa loselo. Batho ba sia le dingwao le mekgwa ya ditšhaba di sele, ba itlhoma ba le mo tseleng ya kgatelo pele. Ba gopola gore fa ba latlha segabone, ba inyatsa, ba inaakanya le ngwao le ditsamaiso tsa seeng, ke gone fa ba ‘tlhabologa’.

Tatlhego ya thuto ya tlhago Go phuaganngwa ga thuto ya Setswana ya tlhago, boemong jwa go tokafadiwa le go tlhabololwa gore e tshwanele e be e amogelesege mo botshelong jwa segompieno, go latlhetse Batswana moko wa boleng jwa bona, le isago ya bana ba bona le segabona. Ka go latlha thuto e gotlhelele, re latlhile motlhala o re neng re o neetswe ke batlapele, go kaela bana ba rona tsela ya botshelo, go ba ruta go tlotla segabona le go itlotla. Maswabi a magolo ke gore ga re a e emisetsa ka sepe; jalo re tlogetse bana ba rona ba paputla mo setaataeng. Re nnetse go ngomoga pelo fela, re ntse re re ‘bana ba gompieno ba a re ... ; ga ba re ...' jaaka ba maloba.

Re tlhoka go itse gore ka thuto ya maloba, bana ba ne ba segelwa melelwane; go fatlhoga le go aloga ga bona go tshwaetswe ka dipaakane tse di bonalang, tse di tlhaloganyegang, tse di popota. Go ne go na le nako e ngwana wa mosimane a neng a tewa go twe: “go tloga gompieno o monna, jaanong o ka re ... ; le gone o ka se ka wa re ... !” Fela jalo le ka wa mosetsana. Ngwana o ne a itse gore mogolo mongwe le mongwe ke motsadi wa gagwe; o ka mo otlhaya ka phuthologo fa a dira phoso.

Ka go rialo bana ba ne ba itshwara ka maitseo a a amogelesegang mo morafeng otlhe, le mo setšhabeng ka kakaretso. Ba ne ba aga ba ikgabeditse mo boitshwarong jwa bona. Ba ne ba itse gore ‘nxa’ ya mogolo ofe kapa ofe ke phutso dineelelo. jalo ba ne ba tila phutso e ka go itshwara sentle. Gape boitshwaro jo be ne bo bopaganya batho, bo ba dira boorrammogo. Ke ka moo go tweng’motho ke motho ka ba bangwe’, go be go twe‘moroto wa esi ga o ele’,go be go nne go twe ‘kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa’. Bana ba ne ba itse gore ‘ngwana yo o sa utlweng molao wa batsadi o tla utlwa wa manong’;ba itse gore ‘ngwana o sa utlweng o thanya lomapo lo le tsebeng’,le gore ‘phudufudu ga e tlhatlhelwe, mme lemipi la yona le fetwa, ke la podi’. Bana ba ne ba rutwa go emelana le botshelo ka bopelotelele le bopelokgale, ba ikgapha mo dikotsing.

Mo thutong ya segompieno, e go tweng ke ya tlhabologo, re na le eng se se re thusang go raya ngwana re re “go tloga gompieno o monna, kgotsa o mosadi... ?” Re na le motlhala ofe o re kaelang bana ka one gore ‘go a twe jaana, ga go twe jaana ... ?” A thuto ya rona ya gompieno e dira sengwe ka go betla botho jwa ngwana, go mo dira motho yo o botho; yo o ipelang ka se a leng sona? A e mo ruta gore a ithate jaaka a ntse; a itlotle; a tlotle segagabo, se se mo dirileng gore a tlholege a le jaaka a ntse? Kampo e mo dirile gore a inyatse; a itshwabele; a iphutse go be a le montsho, a bua puo e a e buang?

Re tshwanetse go ipotsa gore fa bana ba rona ba ikgatlha thata fa ba bua Sekgowa, le ba le bosi tota, kgotsa ba kwalelana; gore fa ba tsaya gore go itse Sekgowa go go dira ‘motho yo o botoka’; gore fa ba itshasa ditlôlô tse di feletsang di ba kgobotse matlalo, ba ntse diphisetso; gore fa ba a tle ba reke ‘meriri’ ya maitirelo, ba e rwale mo ditlhogong; fa ba a nwa majalwa, ba goga metsokwe ba sa ntse ba buduletse; bana ba tshola ba bangwe; bana ba sa tlhole ba tlotla bagolo re - le kwa ga Mmapereko, kwa Boswaapeba tota matsapa di a tsaya kae. Re tshwanetse ra ipotsa gore ke eng bana ba babotlana ba itshwaetsa ka dikgole, bangwe ba je mere e e bolayang. A jaana ruri re se ne re di tlhaolela di bekerwe, fa ga jaana re tlogetse lesomo go itsamaisa; mo pakeng e e diphatsa ya kopakopano ya dingwao le ditso? Mang ba ba nang le matlho ga ba di tshware teu, gore ba nne ba re ‘ga se koo, tsela ke e! Kgang-kgolo ke gore re tla tsoga re botsa mang, gore ‘tsela re e tlogetse fa kae’, fa go sa ipotse rona gompieno! Rona. Gone gompieno jaana!

Lekgotla la Tshekatsheko ya thuto mo Botswana, le le setseng le umakilwe fa godimo, le gakolola gore ‘thutego go tewa fa motho a ipaakanyeditse go emelana le botshelo, a itshepa, a na le tumelo ya gore o ka kgona; e bile a itse pharologanyo fa gare ga molemo le bosula!

Kgomotso le tsholofelo ya rona di tswa mo tshikhinyong ya Lekgotla le, gore ngwana fa a aloga mo sekolong sa magare, a be a huparetse kitso le kgatlhegelo ya ngwao, puo, dipina tsa Setswana le maungo a ngwao ya Setswana; jaaka dilwana tse di betlwang le tse di logwang.

Ga go twe thuto ya maloba e busediwe jaaka e ne.e ntse; ka bogwera le bojale. Ga go twe bana ba tswale ditshega le makgabe. Ga go twe go boelwe go bopelwe ka mmu le boloko, go dilwe malwapa jaaka maloba. Nnyaya! Dipaka di fetogile, mme ga go yo o ka emang diphetogo pele; a etsa motho a leka go busetsa metsi a noka kwa leitlhong la yona. Mo e tla be e le go ithala ka thipa mpeng.

Potso ya botlhokwa ke gore a re tlhomamisa gore mo thutong ya maloba ya Setswana go ne go se na sepe se se ka beng se re tswa thuso gompieno mo kgodisong ya bana ba rona? A go ne go se na jaaka e ka tlhabololwa. go dira. gore e tsamaelane le matshelo le ditsamaiso tsa segompieno tsa pudulogo le tswelelopele? A go ne go se na sepe mo go yone se re ka beng re setse ka sone go nonotsha thuto ya segompieno? A go re humisitse mewa le dipelo go e tsaya, re e furunyetsa kwa mananeng? A ka go e latlha re be re e nyonya, re amogetse sengwe se se botoka tebang le kago le kgodiso e e lolameng ya botho jwa bana ba. rona? A thuto ya gompieno e oketsa botho jwa bana ba rona kgotsa e a bo nyeletsa? A mo dingwageng tse di masome a mane,kgotsa a matlhano tse di tlang bana ba rona ba tla be ba ipela ka Botswana jwa bona; BoAferika jwa bona; kgotsa e tla be e le Makgowa a mantshonyana, mo lefatsheng la Botswana, le la Aferika?

Kgangkgolo fa ke gore a thuto e nne e e bopang botho jwa ngwana boene jotlhe, e seng e e lebileng fela gore e mmetlele go nna motlhanka, go nna modiredi; jaaka o ka re thuto ga e kgone go betla motho go ikemela ka nosi - a ipela a ba a ikgantsha ka boene. Motho yo o rutegileng e nne yo o sobegileng, yo o rekegelang ba bangwe le ditsabone, a ba tlotla go bo e le batho, e seng ka go bo e le bosemangmang. O tshwanetse go tlhaloganya gore kwa ntle ga maitseo a a laolwang ke ngwao ya Setswana, matsapa a thuto ya gagwe ke lefela la mafela.