Portia Boakye
Portia Boakye (yo o tshotsweng ka Moranang a le lesome le bosupa 1989) ke motshameki wa kgwele ya dinao wa boditšhabatšhaba wa Ghana yo o tshamekang kwa pele/kwa morago mo Hapoel Petah Tikva. O kile a tshamekela Djurgården kwa Sweden. O tsewa jaaka mongwe wa batshameki ba ba gaisang botlhe ba leoto la molema mo kontinenteng ya Aforika.[1]
Tiro ya setlhopha
[fetola | Fetola Motswedi]Östersunds DFF 2016
Ka Motsheganong 2016 o ne a saenela Östersunds DFF mme a dira lekgetlho la ntlha mo Östersunds DFF kgatlhanong le AIK a tsena jaaka moemedi mo motsotsong wa bo masome mane le borataro mme a nosa nno e le nngwe fela mo motshamekong oo mo motsotsong wa bo masome marataro le bosupa.[2]
Ka Phatwe 2016, Boakye o ne a nosa gape nno e le nosi mo tikologong ya bobedi ya motshameko wa Elitettan kgatlhanong le AIK kwa Stockholm.
O ne a tswelela gape ka form ya gagwe e e kgatlhang ya Östersunds DFF kgatlhanong le Sunnanå SK, a tsena e le moemedi mo motsotsong wa bo masome matlhano le botlhano fa Östersunds DFF e ne e le kwa tlase ka nno, o ne a lekalekanya nno ka motsotso wa bo masome marataro, mme gape a tswelela go nosa nno ya bobedi mo motshamekong mo motsotsong wa bo masome a supa e e neng ya thusa DFF go fenya motshameko ka tse tharo go e le nngwe kgatlhanong le Sunnana, morago ga motshameko o ne a newa sekgele sa Mosadi wa motshameko. O feditse setlha le Östersunds DFF a nosa dino di le supa tsa League mme gape a nosa dino di le pedi ka nako ya metshameko ya sejana.
Trabzon İdmanocağı
Ka 2017, o ne a saena tumalano ya paka le Trabzon İdmanocağı go tsaya karolo mo Liking ya Ntlha ya Kgwele ya Dinao ya Basadi ya Turkey.
Tiro ya boditšhabatšhaba
[fetola | Fetola Motswedi]Ghana
[fetola | Fetola Motswedi]Ka Seetebosigo 2010, Boakye o ne a nosa mo phenyong ya Ghana ya 3-0 kgatlhanong le Senegal kwa Lebaleng la Metshameko la Accra. Phenyo e ne ya dira gore Ghana e tsene mo makgaolakgannyeng a Dikgaisano tsa Basadi tsa Aforika tsa 2010.[5]
Boakye e ne e le karolo ya setlhopha sa bosetšhaba se se neng se gaisana mo ditlhophong tsa Bommampodi ba Basadi ba Aforika ba 2014 le mo Dikgaisanong tsa Basadi ba Aforika tsa 2014, a tshameka mo metshamekong yotlhe e le supa ya setlhopha.[6][7][8][9][10][11][12] O tshamekile mo motshamekong wa botsalano kgatlhanong le Aforika Borwa ka Motsheganong 2014 mme a nosa nno ya phenyo.[2] Gape o ne a nosa nno ya phenyo mo makgaolakgannyeng a Metshameko ya Aforika Yotlhe ya 2015, ka metsotso e le meraro go fitlha kwa bokhutlong jwa nako ya taolo ya metsotso e le 90, go fenya gauta ya ntlha ya Ghana mo kgaisanong.[13]
Ka Sedimonthole 2015 o ne a tlhophiwa go nna Motshameki wa Kgwele ya Dinao wa Basadi ba Aforika wa Ngwaga, a na le mosireletsi wa Paris Saint-Germain Ngozi Ebere, Gabrielle Onguene, Gaelle Enganamouit. O latlhegetswe ke awate eno ke Gaelle Enganamouit wa FC Rosengård.[14]
Ka Seetebosigo 2016, o ne a tlhophiwa ke Mokgatlho wa Bakwadi ba Metshameko wa Ghana jaaka motshameki wa kgwele ya dinao wa mosadi yo o gaisang wa ngwaga[15]
Dino tsa boditšhabatšhaba
[fetola | Fetola Motswedi]| No. | Date | Venue | Opponent | Score | Result | Competition |
|---|---|---|---|---|---|---|
| 1. | 12 April 2015 | Rufaro Stadium, Harare, Zimbabwe | Zimbabwe | 1–0 | 2–2 | 2015 African Games qualification |
| 2. | 23 May 2015 | Petro Sport Stadium, Cairo, Egypt | Egypt | 1–0 | 1–1 | 2015 CAF Women's Olympic Qualifying Tournament |
| 3. | 31 May 2015 | Accra Sports Stadium, Accra, Ghana | Egypt | 1–0 | 3–0 | |
| 4. | 1 August 2015 | Cameroon | 2–1 | 2–2 | ||
| 5. | 18 September 2015 | Stade Alphonse Massemba-Débat, Brazzaville, Congo | Cameroon | 1–0 | 1–0 | 2015 African Games |
| 6. | 12 April 2016 | Accra Sports Stadium, Accra, Ghana | Tunisia | 2–0 | 4–0 | 2016 Women's Africa Cup of Nations qualification |
| 7. | 20 November 2016 | Stade Municipal de Limbe, Limbe, Cameroon | Kenya | 3–1 | 3–1 | 2016 Women's Africa Cup of Nations |
| 8. | 16 February 2018 | Stade Robert Champroux, Abidjan, Ivory Coast | Niger | 1–0 | 9–0 | 2018 WAFU Zone B Women's Cup |
| 9. | 6–0 | |||||
| 10. | 18 February 2018 | Parc des sports de Treichville, Abidjan, Ivory Coast | Burkina Faso | 1–? | 4–1 | |
| 11. | 4–? | |||||
| 12. | 23 November 2018 | Accra Sports Stadium, Accra, Ghana | Cameroon | 1–0 | 1–1 | 2018 Women's Africa Cup of Nations |
Ditlotla
[fetola | Fetola Motswedi]International
- Ghana
- All African Games Gold Medal
- 2015
- Africa Women Cup of Nations Bronze Medal
- 2016
- WAFU Women's Cup Gold Medal and top scorer
- 2018
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Black Queens winger Portia Boakye joins Swedish Club Ostersunds DFF". ghanasportsonline.com. Archived from the original on 21 September 2016. Retrieved 30 Ngwanatsele 2025.
- ↑ "New chapter for women's football in Ghana". Archived from the original on 28 September 2015. Retrieved 30 Ngwanaatsele 2025.