Jump to content

Priscah Jeptoo

Go tswa ko Wikipedia

Priscah Jeptoo (o tshotswe ka kgwedi ya Seetebosigo e le masome a mabedi le borataro (26) ka ngwaga wa 1984) ke motabogi wa sekgala se seleele wa kwa Kenya yo o ithutetseng go taboga marathone. O fentse dikgaisano tsa marathone kwa New York, Paris, Turin, le kwa Lontone mme o na le nako e e kwa godimo ya 2:20:14 mo sekgaleng seo. O ne a nna mofenyi wa bobedi mo kgaisanong ya marathone kwa Metshamekong ya Lefatshe ya Mabelo ka ngwaga wa 2011 le kwa Metshamekong ya Diolimpiki ya ngwaga wa 2012 kwa Lontone. O eme mo maemong a boraro ka nako yotlhe mo sekgaleng sa halofo ya marathone ka nako ya gagwe e e gaisang ya metsotso e le 66 le metsotswana e le lesome le bongwe(11) (le metsotso e le 65:45 mo tseleng e e fologang ya Great North Run).

Jeptoo o simolotse go gaisana mo dikgaisanong tsa maemo a a kwa godimo ka ngwaga wa 2008 mme a nna mo gare ga basadi ba le lesome ba ba kwa godimo kwa Saint Silvester Road Race ka ngwaga oo.[1]Ka ngwaga wa 2009 o ne a simolola ka diphenyo tse pedi kwa Portugal, kwa Douro-Tal Half Marathon mme morago ga moo a fenya Corrida Festas Cidade do Porto 15K race. [2]Tsona di ne tsa tla pele ga go roba rekoto ya tsela kwa Porto Marathon ka kgwedi ya Ngwanatsele, fa a ne a rekota nako ya diura di le 2:30:40 mo maitekong a gagwe a ntlha. [3]Kwa tshimologong ya ngwaga o o latelang o ne a tsaya maemo a bobedi kwa Padua Marathon. [4]Jeptoo o bontshitse tokafalo e e bonalang kwa Turin Marathon ka kgwedi ya Ngwanatsele, koo a neng a feta Fate Tola go fenya lobelo ka nako e ntšha ya diura tse 2:27:02.[5]

O ne a boela kwa Kenya ka ngwaga wa 2011 mme a nna wa bobedi kwa Discovery Kenya Cross Country morago ga Priscah Jepleting. [6]O ne a fenya Goyang Joongang Half Marathon ka Mopitlwe, a tlhoma rekoto e ntšhwa ya gagwe ya diura di le 1:10:26 mo sekgaleng seo.[7]Jeptoo o ne a nna le phenyo e kgolo kwa Paris Marathon ya 2011: le fa a ne a sa solofela go fenya, o ne a fenya dikgwetlho tsa Agnes Kiprop le Koren Yal go nna mosadi wa ntlha go kgabaganya mola, a rekota nako ya diura tse 2:22:55. Se se ne sa dira gore a se ka a kgona go taboga ka lobelo lo lo fetang lwa metsotswana e le menè mme e ne e le lobelo lwa bobedi lo lo neng lo ise lo ke lo nne teng mo tseleng eno. [8]

O ne a gapa sekgele sa selefera kwa 2011 World Championships in Athletics kwa Daegu, a fetsa ka nako ya 2:29:00 mme a nna wa bobedi morago ga moagi wa naga ya gaabo Edna Kiplagat. Jeptoo e ne e le karolo ya mophato wa ba-Kenya ba ba neng ba gapa dimetale, mme Sharon Cherop o ne a gapa boronse, e leng lekgetlho la ntlha naga e tsaya dimetale tsotlhe mo metshamekong ya marathone ya Dikgaisano tsa Lefatshe. [9]O ne a retologela kwa cross country ka November 2011 mme a nna wa boraro kwa Cross de Atapuerca mme a fenya Cross de Soria. [10]O ne a dira rekoto e ntšhwa ya tsela mo Lebelong la Tsela la Saint Silvester la Maitseboa a Ngwaga o Mosha, a fenya Wude Ayalew go fenya tiragalo eo. [11]

Kwa tshimologong ya ngwaga wa 2012 o ne a fetsa a le mo maemong a bobedi morago ga Joyce Chepkirui kwa Discovery Kenya Cross Country. [12]O ne a taboga ka lobelo lwa 2:20:14 kwa London Marathon ya 2012, a tsaya maemo a boraro. Tiragatso eno e ne ya dira gore a bone sebaka mo setlhopheng sa Diolimpiki sa Kenya mme a ya go tsaya sekgele sa selefera mo marathong a Diolimpiki. Nako ya gagwe ya 2:23:12 e ne e le lebelo go feta rekoto ya pele ya Diolimpiki, mme e ne e le metsotso e le metlhano kwa morago ga mofenyi Tiki Gelana. [13]Morago ga metshameko ya Diolimpiki o ne a fenya Portugal Half Marathon le dipapadi tsa kwa bokhutlong jwa ngwaga tsa São Silvestre De Luanda.[14]

O ne a tlhatlogela mo maemong a boraro mo lenaaneng la marathone a halofo ka nako ya metsotso e le 66:11 kwa RAK Half Marathon ka kgwedi ya Tlhakole ka ngwaga wa 2013, le fa gone lebelo le le potlakileng thata le ne la dira gore a fetse mo maemong a bobedi morago ga Lucy Kabuu. [15]O ne a fenya London Marathon ya ngwaga wa 2013 ka nako ya 2:20:15, a fenya mmampodi wa Diolimpiki Tiki Gelana, yo o neng a wa fa gare ga lobelo.[16]Ka kgwedi ka kgwedi ya Phukwi o ne a fenya Bogotá Half Marathon ka pharologano ya metsotso e le mebedi.[17]Ka kgwedi ya Ngwanatsele ka ngwaga wa 2013, o ne a fenya New York City Marathon ka nako ya 2:25:07.[18]

Morago ga go tswa mo kgaisanong ya ngwaga wa 2014 London Marathon ka ntlha ya kgobalo ya leoto, Priscah Jeptoo o ne a supa go boa ga gagwe morago ga kgobalo ka nako e e bofefo thata mo kgaisanong ya sekgala sa dikilometara di le 15 ya Seven Hills Run kwa Nijmegen, Netherlands. Nako ya gagwe ya 46:59 e dira gore e nne ya bone e e bofefo go gaisa tsotlhe.[19]

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Jeptoo o ne a kopana le Abel Kirui kwa kampeng ya thapiso mme a mo laletsa gore a etele Kereke ya Seventh-day Adventist e ene e neng e le leloko la yone. [20]Jeptoo o ne a ya kerekeng ka metlha mme a kolobediwa mo Kerekeng ya Seventh-day Adventist mme a nyala leloko le lengwe. Jeptoo mmogo le Ba-Seventh-day Adventist Abel Kirui le Amos Tirop Matui ba tlhomile Better Living Marathon.[21]

  1. Biscayart, Eduard (1 January 2009). "Kwambai and Yimer win São Silvestre road race in Sao Paulo". IAAF. Retrieved 1 May 2016
  2. "Evento: 10ª EDP GÁS - Corrida Festas Cidade do Porto" (PDF). Run Porto. 28 June 2009. Archived from the original (PDF) on August 4, 2010. Retrieved 16 April 2011
  3. 8 NOVEMBER 2009: PORTO MARATHON, PORTUGAL Archived 4 March 2016 at the Wayback Machine. AIMS. Retrieved 16 April 2011
  4. Jeptoo Prisca. Marathon Info. Retrieved 16 April 2011
  5. Sampaolo, Diego (14 November 2010). "Pertile surprises in rainy Turin, Jeptoo takes women's crown". IAAF. Retrieved 1 May 2016
  6. Macharia, David (24 January 2011). "Jepleting and Kipsang take Discovery Kenya XC titles in Eldoret". IAAF. Retrieved 1 May 2016
  7. Jeptoo, Priscah. IAAF. Retrieved 16 April 2011.
  8. Vazel, Pierre-Jean (10 April 2011). "Fast Kenyan sweep by Kiptoo and Jeptoo at Paris Marathon". IAAF. Retrieved 1 May 2016.
  9. Johnson, Len (27 August 2011). "Women's Marathon - Kiplagat leads historical sweep for Kenya". IAAF. Archived from the original on 3 May 2012. Retrieved 27 August 2011.
  10. Valiente, Emeterio (13 November 2011). "Merga and Masai confirm supremacy in Atapuerca as IAAF Cross Country Permit season kicks off". IAAF. Archived from the original on 14 November 2011. Retrieved 15 November 2011
  11. Biscayart, Eduardo (1 January 2012). "T. Bekele and Jeptoo beat the Sao Paulo New Year's Eve rain". IAAF. Retrieved 1 May 2016.
  12. Macharia, David (22 January 2012). "W. Kiprop takes down G. Mutai in Eldoret XC". IAAF. Retrieved 1 May 2016.
  13. Turner, Chris (5 May 2012). "London 2012 - Event Report - Women's Marathon". IAAF. Retrieved 27 January 2013
  14. Fernandes, António Manuel (30 September 2012). "Lel and Jeptoo beat the heat in Lisbon - REPORT". IAAF. Retrieved 27 January 2013
  15. Williamson, Norrie (15 February 2013). "Kabuu and Kipsang triumph in high-quality races at Ras al-Khaimah Half". IAAF. Retrieved 2 March 2013.
  16. "London Marathon 2013: Priscah Jeptoo and Tsegaye Kebede win". BBC Online. 21 April 2013. Retrieved 21 April 2013.
  17. Biscayart, Eduardo (28 July 2013). "Kipsang and Jeptoo win in Bogota". IAAF. Retrieved 29 July 2013.
  18. "5 Things to know about the New York City Maraton". NPR. 3 November 2013. Retrieved 3 November 2013
  19. "Jeptoo back in form in Nijmegen". Archived from the original on 5 December 2014. Retrieved 18 November 2014
  20. "Adventist from Kenya wins NYC marathon". Adventist Record. Retrieved 2019-04-25.
  21. "Adventist church launches Better Living Marathon". Kenya Current. September 2016. Retrieved 2019-04-26.