Jump to content

Priscilla Achapka

Go tswa ko Wikipedia
Priscilla Achapka
LetsoMonigeria
Tiromolwela-tikologo
Notable work
Lenaneo la Tikologo la Bomme (WEP)

Priscilla Mbarumun Achakpa[1] ke molweladitshwanelo tsa tikologo wa kwa Nigeria. Ke mothei le Tautona wa Lefatshe Lotlhe wa Lenaneo la Tikologo la Bomme (WEP) le le tlamelang bomme ka ditharabololo tse di tswelelang pele tsa mathata a letsatsi le letsatsi.[2][3] Pele fela ga moo, e ne e le motsamaisi wa WEP.[4][5]

Mo Lekgotleng la Tirisanommogo la Tlamelo ya Metsi le Kgeleloleswe, Achakpa o dira jaaka mogokaganyi wa bosetšhaba wa Nigeria.[6][7]Ke modulasetulo wa lekgotla ya Mokgatlho wa Abaagu wa go nonotsha banana. Mo Lenaneong la Tikologo la Ditšhabakopano, o ne a tlhophiwa go nna motsamaisi-mmogo.[8]

Botshelo jwa ntlha le thuto

[fetola | Fetola Motswedi]

Achakpa o ne a nyalwa a le dingwaga di le lesome le borataro, a nn[9]a mme wa bana ba le bararo, mme morago ga moo monna wa gagwe a tlhokafala, a mo tlogela e le motlholagadi yo mmotlana. Lelapa la monna wa gagwe le ne la mo amoga boswa mme a ikwadisa kwa sekolong a bona degree tsa Dithuto tsa Tlhabololo, Tsamaiso ya Kgwebo le Botsamaisi, mme morago ga moo a bona degree tsa morago ga kalogo tsa Botsamaisi le Tsamaiso ya Kgwebo, le tsa Dithuto tsa Tlhabololo.[10][4][11] O weditse Ph.D. go tswa kwa Mmadikolo wa Boenjenere jwa Kgwebo le Botsamaisi, Banja Luka le Setankana sa Porofešenale go tswa kwa Sekolong sa Kgwebo sa Mmadikolo wa Harvard.[12]

Go tloga ka 1989 go fitlha ka 2001, Achakpa o ne a bereka kwa Polokelong ya Savannah[12] mme a simolola go tsaya dithuto tsa dikgang tsa tikologo go ipaya mo tirong e telele mo tirong ya baagi jaaka molwela-tikologo.[11] Tsepamisomogopolo ya tiro ya gagwe e bua thata ka tlhokego ya go akaretsa merero e e amanang le bong mo thulaganyong le taolo ya metswedi ya metsi.[4] O dirile jaaka moemedi wa Nigeria wa Lekgotla la Bomme mmogo le la Kgaolotlhopho ya Bomme le Bong le Samiti ya phetogo ya seemo sa loapi ya UN.[13] O ne a tlhophiwa go nna motsamaisi-mmogo wa "Setlhopha se Segolo sa Bomme" sa Lenaneo la Tikologo la Ditšhabakopano.[8] Mo tirong eno, o ne a buisana le ba ba nang le dikamano tsa bosetšhaba tsa bomme ka ga molao le ditsamaiso le ditiragalo tsa tikologo tsa UN, mmogo le go dira jaaka mokgobokantshi wa madi a Setlhopha se Segolo sa Bomme.[8] Ke modulasetulo wa lekgotla la Abaagu Foundation la go thatafatsa banana le go kopanngwa gape mo setšhabeng.[14]

Ke Mothami le Tautona wa Lefatshe Lotlhe (yo e kileng ya bo e le Mokaedi Mogolo) wa Lenaneo la Tikologo la Basadi la NGO (WEP) le le amileng bomme ka go tlamela ka ditharabololo tse di tswelelang tsa mathata a letsatsi le letsatsi.[4][5][15][16][2]Tsepamisomogopolo e kgolo ya WEP ke phetogo ya seemo sa loapi.[17]Ba na le diofisi kwa Nigeria, kwa Burkina Faso, kwa Togo, kwa Amerika.[18] Ka 2012 o ne a tsaya karolo mo dipuisanong tsa Ditšhabakopano tsa Tlhabololo e e Tswelelang Pele (Rio+20); seabe sa gagwe se segolo e ne e le go oketsa bong jaaka karolo e e botlhokwa thata mo maikaelelong a tlhabololo e e tswelelang.[19] O buile kwa bokopanong jwa UN kwa Nairobi ka botlhokwa jwa ditshwanelo tsa setho tsa bomme mabapi le go lwela tikologo.[20]

Achakpa gape o na le maemo a Mogokaganyi wa Bosetšhaba wa Nigeria wa Lekgotla la Tirisanommogo la Tlamelo ya Metsi le Kgeleloleswe (WSSCC), e e leng karolo le ya Ditšhabakopano ya Ditirelo tsa Project (UNOPS).[6][7]

Ka 2015, makasine wa Vogue o ne wa mo tlhagisa mo setlhogong sa Khonferense ya Phetogo ya seemo sa loapi ya Ditšhabakopano ya 2015 e e neng ya mo supa jaaka mongwe wa "bomme ba ba nang le bokgoni ba ba eteletseng pele" ba le lesome le boraro.[21][22]

Diawate le ditlotla

[fetola | Fetola Motswedi]

Achakpa e ntse e le Modiri ka Ashoka fa e sale ka 2013.[9] O ne a bidiwa "Mogaka wa Tikologo" ke Deutsche Welle ya Jeremane le ke Thelebišene ya Ditšhanele ya Nigeria.[23][10] O ne a amogela awate ya boitshimololedi jwa tikologo go tswa kwa Deutsche Welle.[6] Achakpa o ne a tlisiwa mo leseding ke Letsholo la Bomme la Nobel jaaka molweladitshwanelo yo o tlhageletseng.[10]

Bona gape

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. "Priscilla Mbarumun Achakpa | Ashoka | Everyone a Changemaker". www.ashoka.org. Retrieved 2025-03-11
  2. 2.0 2.1 "Women Environmental Programme Board Members". WEP. Retrieved 2025-03-11
  3. "Priscilla Achakpa". Sustainable Futures in Africa. Retrieved 2025-03-11.
  4. 4.0 4.1 4.2 4.3 Lebada, Ana Maria (March 27, 2018). "unga-launches-ten-year-action-plan-on-water-for-sustainable-development". International Institute for Sustainable Development. Retrieved 2025-03-11
  5. 5.0 5.1 "Sadhguru to speak at UN on World Water Day". The Siasat Daily, Hyderabad. March 20, 2019. Retrieved 2025-03-11
  6. 6.0 6.1 6.2 "National Coordinator Priscilla Achakpa receives environmental innovation award". Water Supply and Sanitation Collaborative Council. June 2016. Retrieved 2025-03-11
  7. 7.0 7.1 "Council Seeks Safe Disposal Of Menstrual Waste". Montage Africa. October 27, 2017. Retrieved 2025-03-11
  8. 8.0 8.1 8.2 "Nigeria Pricilla Achakpa elected as co-facilitator of Women's Major Group to UNEP". EcoGreen News. Retrieved 2025-03-11
  9. 9.0 9.1 "Priscilla Mbarumun Achakpa". Ashoka. Retrieved 2025-03-11
  10. 10.0 10.1 10.2 "Meet Priscilla Achakpa, Nigeria". 2018-11-28. Retrieved 2025-03-11
  11. 11.0 11.1 "Meet Priscilla Achakpa, Nigeria". Nobel Women's Initiative. 2018-11-28. Retrieved 2025-03-11.
  12. 12.0 12.1 "United Nations: Our Team in Nigeria". United Nations. Retrieved 2025-03-11
  13. Kaptoyo, Edna; Achakpa, Priscilla (December 4, 2015). "African Women, Hit Hardest by Climate Change, Forge New Solutions Across the Continent". Democracy Now. Retrieved2025-03-11
  14. "Board of Trustees". Charles & Doorsurgh Abaagu Foundation. Retrieved 2025-03-11
  15. "Meet the Eco Heroes - Nigeria-Environmental activism in times of economic crisis". DW.COM. Deutsche Welle. 7 June 2016. Retrieved 2025-03-11
  16. Schoon, Caroline (24 January 2018). "Priscilla Achakpa". Women2030. Retrieved 2025-03-11
  17. "Interview: Eco-activist Priscilla Achakpa". Deutsche Welle. Retrieved 2025-03-11
  18. "Priscilla Mbarumun Achakpa". The Official Website of the European Union. European Union: Capacity4dev. Retrieved 2025-03-11
  19. Alqali, Adam. "Interview: "Gender mainstreaming critical for the success of SDGs in Africa" – Priscilla Achakpa". African News Page. Retrieved 2025-03-11
  20. David, Rohit (December 5, 2017). "Women who have been tortured for the environment". The Economic Times. Retrieved 2025-03-11
  21. Russell, Cameron (30 November 2015). "Climate Warriors". Vogue. Retrieved 2025-03-11
  22. "Vogue Features Women Climate Warriors". WEDO. 2015-12-03. Retrieved 2025-03-11.
  23. "Dr. Priscilla Achakpa – WEP". Retrieved 2025-03-11