Puisano ya modirisi:Abel Modukanele
Add topicKana tota puo ga e na bosekelo,ke raya yone ya Setswana.Lefa gone re ka tswa re kgaogantswe ke dikgotla le Magosi, gone mme re batho ba le bangwe fela. Mme fa puo yone e buiwa e tshwana le mamepe a dinotshi ka botshe, monate wa yone o bitsa Lobisa kwa thabeng. Dumelang Batswana betsho, lona ditlogolwana tsa kwa ga Lowe.
E rile ba tswa basadi ba Batswana betsho go kgatlhantsha bagale ba bone, mongwe wa bone a go goa ke lentswe le le molotsana me mme le utlwala sentle are: Borre, lona bagale ba rona amogelegang mo gae gape. Mme fokotsang bogale mme e boele mo metsing Kwena. Kwena e modiana tau E ereng fa e tlholela lefatshe go senyega, E tswe, E eme ka maroo khuting. Kwena, kwa Mmamotlhasesedi, E tlhasetse motse wa batho. E tlhasetse metse ya bo-ramphosokwane aa Matebele A di boele mo metsing Dikwena, Kagiso e na le rona a e nne modiga bagale ba rona.
Fa re wa fetsa... yo mongwe a ema, matlho a gagwe a rakane le batlhabani ba ba ka fa borwa, a re: Kgabo Mokgatla a je borekhu, A e namele setlhare a e je borekhu Mokwadi ele Abel Naledi Modukanele
Start a discussion with Abel Modukanele
Talk pages are where people discuss how to make content on Wikipedia the best that it can be. Start a new discussion to connect and collaborate with Abel Modukanele. What you say here will be public for others to see.