Jump to content

Puku

Go tswa ko Wikipedia

Go bona tiriso e nngwe, bona Puku (tlhaloso).

Puku (Kobus vardonii) ke phologolo ya losika lwa diphala ya bogolo jo bo magareng e e fitlhelwang mo nageng e e nang le bojang jo bo bongola kwa borwa jwa Democratic Republic of Congo, Namibia, Tanzania, Zambia le go feta mo Noka e e phatlallang ya Okavango kwa lefatsheng la Botswana. [1]Mo e ka nnang nngwe tharong ya puku yotlhe e fitlhelwa mo mafelong a a sireleditsweng, lefelo la diphologolo le lefelo le le sereleditsweng ke puso go baballa diphologolo tsa bosetšhaba ka ntlha ya go fokotsega ga lefelo la bone la bonno.[2][3]

Puku e ka nna boleele jwa disentimetara di le masome a robabobedi (boeele jwa di inch di le masome a mararo le bongwe)(31 in) mo legetleng e bile e bokete jwa dikilogerama di le masome a supa go ya ko masome a robabobedi (bokete jwa diponto di le lekgolo le masome a matlhano go ya kwa lekgolong le masome a borobabobedi)(150 to 180 lb). Puku e na le mmala o o borokwa jo bo motlhaba, mme ka fa tlase ga yone e le borokwa jo bo phatsimang. Moriri wa yone o mokima go feta wa phuduhudu ya borwa, lechwe kgotsa wa phala kgotsa wa phuduhudu-kgamane e nnye. Tse di tona di na le dinaka tse di bopegileng jaaka mekgokolosa, di le boleele jwa di centimeter di le masome a matlhano (boleele jwa di inch di le masome a mabedi ), le sebopego sa lyre.[4]

Dikarolwana tsa mefuta ya ditshedi

[fetola | Fetola Motswedi]

Go na le mefuta e le mebedi ya tsone, e leng Senga Puku (Kobus vardonii senganus) le puku ya borwa (Kobus vardonii vardonii).

Dipuku di fitlhelwa thata mo mafelong a a nang le bojang jo bo metsi le mo mafelong a a bongola a a phophomang metsi kwa di jang bojang. Dijo tsa puku di fetoga go ya ka mofuta wa bojang jo bo jewang. [3]Go na le kgaisano e nnye ya dijo le losika lwa diphologolo tse ditlhakwana tse di kgaoganeng ka bogare tse dingwe. [5]Mofuta o o tsamaya bosigo, o tlhaga mo mosong thata le motshegare thata. Fa puku e tshogile, e letsa molodi o o kwa godimo thata. Tse di namagadi di kopana ka ditlhopha tse di ka fitlhang go masome a mabedi .Ka paka ya dipula, ditlhopa tse di kopana mmogo gore di nne le pabalesego e e oketsegileng, gantsi e nna le tse di namagadi di ka nna masome a matlhano . Tse ditonanyana di laola mafelo a di leng mo go one mme di leka go tlhotlheletsa ditlhopa tsa dinamagadi gore di nne mo mafelong a tsone ka lobaka lo loleele ka fa go ka kgonegang ka teng. Ka paka ya pula, ka ntlha ya merwalela e megolo mo lefelong la tsone la bonno di fudugela kwa bogodimong jo bo kwa godimo mme ka paka ya komelelo di nna gaufi le metsi.[6]

Sekhutlhwana sa ditshanwatsho

[fetola | Fetola Motswedi]
K. v e namagadi kgatlhanong le senganus le fawn, kwa Borwa jwa Luangwa NP, kwa lefatsheng la Zambia
Namane e namagadi ya Kobus vardonii e e amusang, Lefelo la diphologolo la Bosetšhaba ya Kafue, Zambia
Namagadi ya K. v. vardonii, kwa Lefelong la diphologlo la Bosetšhaba ya Chobe, Botswana
puku ya namagadi le e tonanyana



Namagadi ya K. v. vardonii, kwa Lefelong la diphologolo la Bosetšhaba ya Chobe, Botswana
K. v. vardonii fawn, kwa Lefelong la diphologlo la Bosetšhaba la Chobe, Botswana





  1. IUCN SSC Antelope Specialist Group (2016). "Kobus vardonii". IUCN Red List of Threatened Species. 2016 e.T11037A50189881. doi:10.2305/IUCN.UK.2016-3.RLTS.T11037A50189881.en. Retrieved 13 November 2021.
  2. Jenkins, Richard K.B; Maliti, Honori T.; Corti, Graham R. (April 2003). "Conservation of the puku antelope in the Kilombero Valley, Tanzania". Journal of Biodiversity and Conservation. 12 (4): 787–797. doi:10.1023/A:1022426026881. ISSN 0960-3115. S2CID 22493056.
  3. 1 2 Rodgers, W. A. (1984). "Status of puku (Kobus vardoni Livingstone) in Tanzania". African Journal of Ecology. 22 (2): 117–125. Bibcode:1984AfJEc..22..117R. doi:10.1111/j.1365-2028.1984.tb00685.x. ISSN 0141-6707.
  4. Skinner, J. D.; Chimimba, Christian T. (2005). The Mammals of the Southern African Sub-region. Cambridge University Press. pp. 685–. ISBN 978-0-521-84418-5.
  5. Rduch, Vera (2016). "Diet of the Puku Antelope (Kobus Vardonii) and Dietary Overlap with Selected Other Bovids in Kasanka National Park, Zambia". Mammal Research. 61 (3): 289–297. doi:10.1007/s13364-016-0268-y. S2CID 15475378
  6. Macdonald, David Whyte (2006). The Princeton Encyclopedia of Mammals. Princeton University Press. ISBN 978-0-691-14069-8.