Puo
Ponalo

Puo ke peo le thulaganyo e e rulagantsweng ya tlhaeletsano e e nang le thutapuo le peo yatlotlofoko. Ke yona tsela e eleng ya konokono e batho ba fetisang bokao le molaetsa ka yona, ka go bua le ka puo ya diatla, mme gape le ka go kwala.Puo ya batho e tlhomololwa ke go farologana ga yona ka ditso le hisitori, Le dipharologano tse di bonalang tse di lemogilweng fa gare ga ditso le go kgabaganya nako.[1] Dipuo tsa batho di na le dipharologantsho tsa go ntsha dikuno le go sutiswa mo lefelong le o le tlwaetseng, tse di kgontshang go tlhama dipolelo tse di sa feleng, le bokgoni jwa go kaya dilo, ditiragalo le dikakanyo tse di seng teng ka jaanong mo puong. Tiriso ya puo ya batho e ikaegile ka tumalano ya loago mme e bonwa ka go ithuta.