Puso ya phetogo ya Democratic Republic of the Congo
| Agency overview | |
|---|---|
| Jurisdiction | Democratic Republic of the Congo |
Puso ya phetogo ya Democratic Republic of the Congo e ne e filwe thomo ya go tswa mo pusong e e kgaogantsweng ke ntwa ya bobedi ya Congo (go tswa ka 1998 go tsena 2003) go nna puso e e ikaegileng ka molaomotheo o o dumalanweng ka bongwefela jwa pelo. Ka ngwaga wa 2001, tautona Laurent Kabila o ne a bolawa, ngwana wa gagwe wa mosimane Joseph Kabila a nna ene tlhogo ya lefatshe.
Tse di diragetseng pele
[fetola | Fetola Motswedi]Ka kgwedi ya Phukwi ngwaga wa 2002, tumalano ya Pretoria e ne ya bewa monwana ka go busiwa ga masole a mafatshe a sele. Ka Phalane ngwaga wa 2002, Joseph Kabila o ne a buisana ka go busiwa ga masole a Rwanda a a kwa botlhaba jwa Congo. Morago ga dikgwedi tse pedi, tumalano ya mafatshe e e akaretsang ya 'Global and All-Inclusive Agreement' e ne ya bewa monwana ke batsaya karolo botlhe go fedisa ntwa le go tlhama puso e e kopaneng ya lefatshe.[1]
Prunier o kwadile jaana: dikgwedi di le mmalwa morago ga go bewa monwana ga tumalano ya Sun City, dilo di ne di ritibetse ka batsaya karolo ba puisano ya batho ba Congo ba ne ba ngangisana kwa Pretoria ka gore ba ka fetola jang pampitshana e ba e beileng monwana go nna selo sa nnete. Ka Moranang a rogwa, ngwaga wa 2003, ba ne ba amogela molaomotheo wa kakanyetso o ba neng ba o neetswe ka Mopitlo a le malatsi a marataro, ba bo ba dumalana ka moalo wa puso ya phetogo.[2]
Ditso
[fetola | Fetola Motswedi]Ka kgwedi ya Moranang e le malatsi a supa ngwaga wa 2003, Joseph Kabila o ne a tlhomamisiwa e le tautona wa phetogo.[3] Letsatsi le le latelang, mothusa tautona o a neng a dumalanwe mo go ba le bane ba ba neng ba setse o ne a buiwa ka leina, Azarias Ruberwa wa RCD-G. O ne a kopana le Abdoulaye Yerodia Ndombasi wa puso ya ga Kabila; Jean Pierre Bemba wa MCL; le Arthur Z'ahidi Ngoma wa kganetso.[4]
Mapalamente a ntlha a ne a bolelwa ka Phukwi a rogwa.[3]
Ka Phukwi a le lesome le bosupa ngwaga wa 2003, bathusa tautona ba bane ba puso ya phetogo ya dingwaga tse pedi ya DRC ba ne ba ikana kwa Kinshasa, mme morago ga letsatsi la Phukwi a le lesome le borobabobedi, matona a puso ya phetogo a a neng a tlhomilwe ke RCD-Goma le MLC ba ne ba gana go ikana ka go ne go akaretsa go ikana boikanyego mo go tautona Joseph Kabila.[4]
Ka kgwedi ya Lwetse, MONUC e ne ya oketsa masole a yone mme ya stenya mo tirisong kgwebo ya Bunia: lefelo le le senang dibetsa" go ntsha dibetsa mo kgaolong. Ba ne ba atlega bontlha bongwe, le ntwa dikgotlhang di tsweleltse ka go tsenelela mo kgaolong.
Ka Seetebosigo a le lesome le motso ngwaga wa 2004, puso ya phetogo e ne ya itemogela maiteko a thankgolo ke lekgamu la tshireletso ya ga tautona le eteletswe pele ke Major Eric Lenge.[5]
Nako ya phetogo e ne ya fela fa ditlhopho tsa lefatshe tsa 2006 di fela le go tlhomamisiwa ga ga Kabila e le tautona ka Morule a le malatsi a marataro ngwaga wa 2006.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Global and Inclusive Agreement on Transition in the Democratic Republic of the Congo, signed in Pretoria, South Africa on 16 December 2002
- ↑ Gerard Prunier, From Genocide to Continental War: The "Congolese" Conflict and the Crisis of Contemporary Africa, C. Hurst & Co, 2009, ISBN 978-1-85065-523-7, 301.
- 1 2 Prunier, 301.
- 1 2 "DRC: 2003 chronology of events - Democratic Republic of the Congo | ReliefWeb". reliefweb.int. 5 January 2004.
- ↑ "DR Congo 'foils' coup bid". Al Jazeera. Retrieved 24 July 2025