Jump to content

Ramsey D. Molefe

Go tswa ko Wikipedia
Molefe ka 1966

Ramsey Diane Molefe (Morule a le lesome le borataro 1914 go tsena ngwaga wa 2010) e ne e le mmoki le mopolotiki wa Botswana. O berekile e le mokwaledi wa palamente mo lephateng la temo thuo, e le mopalamente o o itlhophetsweng.

Botshelo le pereko

[fetola | Fetola Motswedi]

Ramsey Diane Molefe o tshotswe ka Morule a le lesome le borataro ngwaga wa 1914 kwa Mochudi, Bechuanaland Protectorate (Botswana wa gompieno). O tsene sekolo kwa Tiger Kloof Educational Institute kwa a amogetseng setlankana sa go rutela borutabana ka ngwaga wa 1936. O ne a ya go tsweledisa dithuto kwa University of South Africa kwa a amogetseng dithuto tsa Bachelor's Degree in International Politics, puo ya Setswana le ditso ka ngwaga wa 1942.[1]

O berekile e le morutabana, a tsaya maeto gareng ga Botswana, Aforika Borwa le Zambia. O ne a kwala buka ya gagwe ya ntlha ya maboko e bidiwa Mesomo fa a le kwa Zambia. E kwadilwe ka Setswana, o ne a dumela fa a tlisetsa lefatshe la gagwe mpho fa a boela gae.[2] O berekile gape e le mmega dikgang, a kwalela dipampiri tsa dikgang tsa Aforika Borwa tsa The Bantu World le Naledi Ya Batswana, le pampiri ya dikgang ya Botswana Democratic party ya Therisanyo.[1]

Molefe o tseneletse dipolotiki a nna leloko la palamente le le itlhophetsweng ke tautona. O berekile e le mokwaledi wa palamente mo lephateng la temothuo.[3] Molefe e ne e le mogokgo wa sekolo se segolwane sa Mahalapye.[1] Molefe o fentse kgaisano ya bokwadi ka ngwaga wa 1964 le kgaisano ya poko. O fentse ka maemo a bobedi mo kgaisanong e nngwe ya poko ka ngwaga wa 1980.[4]

Molefe o tlhokafetse ka ngwaga wa 2010.[5]

Molefe o ne a dumela fa go kwala ka puo ya gagwe ya Setswana go thusa go rotloetsa go nna motlotlo ka puo fa go tshwantshanngwa le go itebaganya lego bua ka sekgoa[6] mo go neng go tlwaelesegile. O ne a kwalela batho ba magae, a dumela fa ba ba sa rutegang le ba ba sa bueng Sekgoa ba ka tswelwa mosola ke molaetsa wa gagwe.[7] O ne a dumela fa bakwadi e le batlhokomedi setšhaba.[8]

O ne a bona go le botlhokwa mo makgarejwaneng go simolola go kwala, a re ga gona basadi ba baboki mo Botswana.[9] Dikwalo tse a di kwadileng di akaretsa:

  • Mesomo [Dijo tsa bagolo] (1965) - buka ya maboko ya Setswana[10]
  • Maipelo A Puo - buka ya maboko ya Setswana[11]
  • This is Botswana - buka e e sa gatisiwang ya Sekgoa ya ditiragalo tse di itlhametsweng.[11]
  1. 1 2 3 Nichols, Lee (1984). African Writers at the Microphone (First ed.). Three Continents Press. ISBN 978-0-89410-164-9.
  2. Nichols 1984, p. 110.
  3. "First Parliament of Botswana". Parliament of Botswana. Retrieved 25 September 2025[permanent dead link]
  4. Nichols 1984, pp. 237–238
  5. "154 Builders of the Nation Before the Republic". The Botswana Society on Facebook. 2 October 2020. Retrieved 25 September 2025.
  6. Nichols 1984, p. 111.
  7. Nichols 1984, p. 129
  8. Ojo-Ade, Femi (1991). "Of Culture, Commitment, and Construction: Reflections on African Literature". Transition (53): 9. doi:10.2307/2935168. ISSN 0041-1191.
  9. Nichols 1984, p. 202
  10. Nichols 1984, pp. 205n3, 238
  11. 1 2 Nichols 1984, p. 238