Rapulana Seiphemo
Rapulana Seiphemo(o tshotswe ka kgwedi ya Ngwanatsele a tlhola malatsi a le mane 1967) [1]ke modiragatsi le modiri wa difilimi wa Aforika borwa.O itsege thata ka seabe sa gagwe e le Tau Mogale mo filiming ya soap opera Generations e e sa bolong go nna teng le mo tswelelong ya yone,Generations The Legacy[2]
Botshelo jwa pele
[fetola | Fetola Motswedi]O tshotswe a bo a golela mo Meadowlands,Gauteng,Aforika Borwa.
Tiro
[fetola | Fetola Motswedi]Tiro ya gagwe e simologile ka ngwaga wa 1989.O ne gape ya nna motshameki mogolo mo How to steal 2 Million,Tsotsi le mo sports drama Themba.O ne a tswa mo Generations:The Legacy a ya ko Mzansi Magic's telenovela The Queen ka 2020.[3][4]Rapulana Seiphemo le yo a dirang le ene mo kgwebong ya gagwe yo o itsegeng e le, Kenneth Nkosi, ba tlhomile kompone ya ditshwantsho ya go tlhagisa e e bidiwang Stepping Stone Pictures ka 2003,e ba neng ba e tsamaisa go fitlha ka 2015.Ka fa tlase ga Stepping Stone Pictures, ba ne ba dira le go tshameka mo filiming e e bidiwang Paradise Stop. Ba dirile 13 part drama series wa SABC 1 o o bidiwang Task Force gammogo le di content tsa Mzansi Magic go akaretsa Laugh Out Loud (LOL) gape ba na le sekolo se se bidiwang Fumba Academy for Acting. O boela mo Generations: The Legacy le Connie Ferguson.
Difilimi tse a di Tshamekileng
[fetola | Fetola Motswedi]Thelebishene
[fetola | Fetola Motswedi]Lenaane leno ga le a felela; o ka thusa ka go oketsa dilo tse di tlhaelelang. (Seetebosigo 2020)
| Ngwaga | Filimi | Karolo | Dintlha |
|---|---|---|---|
| 1994–2020; 2023–jaanong | Generations: The Legacy | Tau Mogale | Moeteledipele |
| 1998–2001 | Isidingo | Godlieb Mofokeng | Moeteledipele |
| 2006 | Muvhango | Pheko Mokeona | Motshameki wa motshegetsi |
| 2020–2022 | The Queen | Hector Sebata | Moeteledipele |
Filimi
| Filimi | Karolo | Dintlha | |
|---|---|---|---|
| 1989 | My Children My Africa | Thami Mbikwana | Moeteledipele |
| 2000 | Hijack Stories | Zama | Moeteledipele |
| 2006 | Tsotsi | John | Motshegetsi |
| 2008 | Gangster's Paradise: Jerusalema | Lucky Kunene | Moeteledipele |
| 2011 | How to Steal 2 Million | Julius Twala Jnr | Moeteledipele |
| Tjovitjo | Bra Terror | ||
| Skeem | Ga a na maduo a a kwadilweng | Motshegetsi | |
| 2010 | Silent Witness | Anton Radebe | |
| White Wedding | Tumi | Moeteledipele | |
| 2012 | Room 9 | Damian | |
| 2013 | Boomba & TT | Stanley | |
| 2014 | Task Force | Joseph Ndlovu | |
| 2020 | Santan | Ferreira | Karolo ya konokon |
Dikgele le Go Tlhophiwa
[fetola | Fetola Motswedi]Lenaane leno ga le a felela; o ka thusa ka go oketsa dilo tse di tlhaelelang. (Seetebosigo 2020)
| Ngwaga | Moletlo wa Dikgele | Sekgele | Tiro e e Tlhophilweng | Maduo | Metswedi |
|---|---|---|---|---|---|
| 2002 | Duku Duku | Motshameki yo o Gaisang | Tau Mogale mo Generations | O fentse |
Botshelo jwa Gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Rapulana Seiphemo o nyetse Olga Ruberio go tloga ka 2003. Ka Tlhakole 2016 o ne a ameha mo kotsing ya koloi mme a isiwa kwa bookelong.[5]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Rapulana Seiphemo". IMDb.
- ↑ Kubheka, Thando. "Generations returns after hiatus". ewn.co.za. Retrieved 29 August 2020.
- ↑ "Rapulana Seiphemo joins The Queen Mzansi". Zalebs.com. Retrieved 22 May 2020.
- ↑ "Rapulana Seiphemo makes his debut on The Queen and fans are buzzing". Briefly.co.za. Archived from the original on 16 June 2020. Retrieved 22 May 2020.
- ↑ "Rapulana Seiphemo explains his accident". Citizen. 14 March 2016. Retrieved 11 June 2020.