Jump to content

Rashid Bawa

Go tswa ko Wikipedia

Rashid Bawa (2 Moranang 1940- 14 Mopitlo 2024) e ne e le mopolotiki wa kwa Ghana, moemela ditshwanelo le leloko la New Patriotic Party of Ghana. O ne a le moemedi wa Ghana kwa Nigeria go fitlha a tlhokafala ka 14 Mopitlwe 2024.[ 2]

Bawa o ne a kile a direla jaaka moemedi wa Ghana kwa Saudi Arabia. E ne e le Leloko la Palamente la maloba.[ 4]

Bawa e ne e le leloko la palamente ya Akan Constituency ya Rephaboliki ya Ghana go tloga ka 7 Ferikgong 2001 go fitlha ka 6 Ferikgong 2005, jaaka motho yo o ikemetseng.

Go tlhophiwa jaaka moemedi

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka kgwedi ya Seetebosigo 2017, Tautona Nana Akuffo-Addo o ne a tlhopha Rashid Bawa go nna moemedi wa Ghana kwa Nigeria. O ne a le mo gare ga batho ba bangwe ba le robedi ba ba itsegeng ba Ghana ba ba neng ba tlhophilwe go etelela pele baemedi ba bodipolomate ba Ghana mo lefatsheng.[ 2]

Botshelo le loso

[fetola | Fetola Motswedi]

Rashid Bawa o belegwe ka di 2 Moranang 1940.[1] E ne e le mmueledi e bile e le magiseterata wa ntlha wa Pokuase kwa Greater Accra.

Bawa o tlhokafetse kwa Abuja, Nigeria ka 14 Mopitlwe 2024, a le dingwaga di le 83.[1] Setopo sa gagwe se ne sa isiwa kwa Kadjebi kwa Oti Region ya Ghana go fitlhwa. [8]

E ne e le Motlatsa Tona ya Thuto E ne e le Tona ya Naga ya Thuto Saense le Metshameko O tlogetse mosadi le bana ba le bararo [3]

[1] Star, Ghana. "Tag: Rashid Bawa". Ghanastar. Retrieved 16 July 2017.

[2] Nyabor, Jonas. "Ayikoi Otoo, Gina Blay, 5 others given ambassadorial roles". citifmonline. Retrieved 16 July 2017.

[3] Gyasiwaa, Adwoa. "Akufo-Addo is the best man for Ghana - Rashid Bawa". Myjoyonline. Retrieved 16 July 2017.

[4] Agency, GhanaWeb. "Rashid Bawa's presence in Parliament questioned". GhanaWeb. Retrieved 16 July 2017.

[5] "Akufo-Addo swears in first batch of 8 Ambassadors". Myjoyonline. Retrieved 16 July 2017.

[6] Rashid, Bawa Ghana MPs

[7] Rashid Bawa: NPP parliamentary candidate & Former High Commissioner to Nigeria dies

[8] GNA (14 March 2024). "Rashid Bawa, Ghana's High Commissioner to Nigeria dead". Ghana News Agency. Retrieved 15 March 2024.